Kgaolo 13

1 Gape batho ba Iseraele ba dira se se bosula mo ponong ya Modimo Yahweh, mme a ba neela mo seatleng sa Bafilisitia dingwaga di le 40. 2 Go ne go na le monna mongwe go tswa Sora, wa lesika la Batene, yo leina la gagwe e neng e le Manoa. Mosadi wa gagwe o ne a sa kgone go ima mme o ne a ise a ko a tshole. 3 Moengele wa Modimo Yahweh a mo iponagaletsa a mo raya a re, ''Bona jaanong, o ntse o sa kgone go ima, e bile o ntse o ise o ko o tshole, mme o tsile go ima o bo o tshola morwa. 4 Jaanong ela tlhoko gore ga o nwe mofine kgotsa seno sepe se se bogale, e bile o se ka wa ja sepe se se itshekologileng. 5 Leba, o tla ima o bo o tshola morwa. Legare ga le na go dirisiwa mo tlhogong ya gagwe, gonne ngwana o tla nna Monasareta wa Modimo go tswa popelong, mme o tla simolola go golola Iseraele mo seatleng sa Bafilisitia.'' 6 Foo mosadi a tla a bolelela monna wa gagwe, ''Monna wa Modimo o ne a tsile kwa go nna, mme o ne a lebega jaaka moengele wa Modimo, a boitshega. Ga ke a ka ka mmotsa gore o tswa kae, mme ga a mpolelela leina la gagwe. 7 O ne a nthaya a re, 'Leba! O tla ima, o tla tshola morwa. Jalo o se ka wa nwa mofine kgotsa seno se se bogale, gape o se ka wa ja dijo tse molao o di bolelang di itshekologile, gonne ngwana o tla nna Monasareta wa Modimo go tloga a le mo popelong ya gago go fitlhela a swa.''' 8 Foo Manoa a rapela Modimo Yahweh a re, ''Oh, Morena, tsweetswee letla monna wa Modimo yo o neng o mo rometse a tle gape kwa go rona, a tle a re rute se re tshwanetseng go se direla ngwana yo o tlogang a tsholwa.'' 9 Modimo a araba thapelo ya ga Manoa, mme moengele wa Modimo a tla gape kwa mosading a santse a ntse fa fatshe mo tshimong. Mme monna wa gagwe, Manoa o ne a sena le ene. 10 Jalo mosadi a taboga ka bonako a bolelela monna wa gagwe, ''Leba! Monna yo a imponagaleditseng - ene yo o neng a tsile kwa go nna letsatsi le lengwe!'' 11 Manoa a ema ka dinao a sala mosadi wa gagwe morago. Fa a fitlha kwa monneng a re, ''A ke wena monna yo o buileng le mosadi wa me?'' Monna a re, ''Ke nna.'' 12 Jalo Manoa a re, ''Jaanong a mafoko a gago a nne boammaaruri. Ke efe melao e e amang ngwana, le gone o tla dira tiro efe?'' 13 Moengele wa Modimo Yahweh a raya Manoa a re, ''Mosadi o tshwanetse go dira dilo tsotlhe tse ke di mo mmoleletseng ka kelotlhoko. 14 A se ka a ja sepe se se tswang mo difineng, o se ka wa mo letla go nwa mofine kgotsa seno se se bogale; o se ka wa mo letla go ja sejo sepe se molao o se bolelang se itshekologile. O tshwanetse go utlwa sengwe le sengwe se ke mo laotseng go se dira.'' 15 Manoa a raya moengele wa Modimo Yahweh a re, ''Tsweetswee nna nakonyana, o re fe nako ya go go baakanyetsa podi e nnye.'' 16 Moengele wa Modimo Yahweh a raya Manoa a re, ''Le fa ke ka nna, ga ke na go ja dijo tsa gago. Mme fa o baakanya moneelo o o fisiwang, o neele Modimo Yahweh.'' (Manoa o ne a sa itse gore ke moengele wa Modimo Yahweh). 17 Manoa a raya moengele wa Modimo Yahweh a re, ''Leina la gago ke mang, gore re tle re go tlotle fa mafoko a gago a nna boammaaruri?'' 18 Moengele wa Modimo Yahweh a mo raya a re, ''Ke eng o botsa leina la me? Ke kgakgamatso!'' 19 Jalo Manoa a tsaya podi e nnye le moneelo wa mabele a di neela ModimoYahweh mo letlapeng. A dira sengwe se se kgatlhang Manoa le mosadi ba ntse ba lebile. 20 Fa kgabo ya molelo e tukela mo lefaufaung mo godimo ga aletara, moengele wa Modimo Yahweh a tlhatloga a le mo kgabong ya molelo. Manoa le mosadi wa gagwe ba bona se mme ba ribama ka difatlhego di le fa fatshe. 21 Moengele wa Modimo Yahweh a se ka a tlhola a iponagaletsa Manoa kgotsa mosadi wa gagwe gape. Foo Manoa a itse gore e ne e le moengele wa Modimo Yahweh. 22 Manoa a raya mosadi wa gagwe a re, ''E le ruri re tsile go swa, gonne re bone Modimo!'' 23 Mme mosadi wa gagwe a mo raya a re, ''Fa e ne e le gore Modimo Yahweh o ne a batla go re bolaya, o ka bo a sa amogela moneelo o o fisiwang le moneelo wa mabele o re o mo neileng. O ka bo a se kile a re bontsha dilo tsotlhe tse, le gone o ka bo a sa letla gore re utlwe dilo tse di ntseng jaana.'' 24 Morago mosadi a tshola morwa a mmitsa Samosone. Ngwana a gola mme Modimo Yahweh a mo segofatsa. 25 Mowa wa Modimo Yahweh wa mo fudua kwa Mahanetene, gare ga Sora le Eshetaole.