Kgaolo 14

1 Samosone a ya kwa Timona, koo a bona mosadi, mongwe wa bana ba Bafilisitia. 2 Fa a boa, a bolelela rraagwe le mmaagwe, ''Ke bone mosadi kwa Timona, mongwe wa bana ba Bafilisitia. Jaanong mo ntseeleng a nne mosadi wa me.'' 3 Rraagwe le mmaagwe ba re, ''A ga go na mosadi gare ga bana ba basetsana ba masika a gago, kgotsa gareng ga batho ba ga rona? A o ya go tsaya mosadi go tswa mo Bafilisitieng ba ba sa rupang?'' Samosone a raya rraagwe a re, ''Mo ntseele, gonne fa ke mo leba, o a intumedisa.'' 4 Mme rraagwe le mmaagwe ba ne ba sa itse gore kgang e e ne e le ya Modimo Yahweh, gonne o ne a batla go dira kgotlhang mo Bafilisitieng (gonne ka nako eo Bafilisitia ba ne ba busa Iseraele). 5 Foo Samosone a ya kwa Timona le rraagwe le mmaagwe, mme ba tla kwa masimong a mofine a Timona. Mme, bonang, gone koo ga tla nngwe ya ditau tse di nnye ya mo rorela. 6 Mowa wa Modimo Yahweh wa tla mo go ene, a gagola tau motlhofo jaaka a ne a ka gagola podi e nnye, mme o ne a sa tshola sepe mo seatleng. Mme a se ka a bolelela rraagwe kgotsa mmaagwe se a se dirileng. 7 Samosone a tsamaya a ya go bua le mosadi, fa a mo leba, a mo itumedisa. 8 Matsatsi a se kae fa a boa go mo nyala, a fapogela kwa thoko go batla mmele wa tau. Mme, bonang, ga bo go na le dinotshi le tswine mo masaleleng a mmele wa tau. 9 A halela tswine mo diatleng tsa gagwe, a tswelela pele le mosepele, a ja tswine mo tseleng. Fa a fitlha kwa go rraagwe le mmaagwe, a ba neela, mme ba ja. Mme a se ka a ba bolelela gore o tsere tswine mo masaleleng a mmele wa tau. 10 Rraagwe Samosone a ya kwa tlase kwa mosadi a neng a le teng, mme Samosone a dira mokete koo, gonne se e ne e le ngwao mo makaung. 11 E rile fela jaaka ba masika a gagwe ba mmona, ba mo tsisetsa ditsala tsa bone di le masome a mararo go mo pata. 12 Samosone a ba raya a re, ''Jaanong tla ke boleleleng thamalakane. Fa mongwe wa lona a ka batlisisa ka yone a bo a mpha karabo mo matsatsing a a supa a mokete, ke tla aba dijase tsa letsela di le masome a mararo le diaparo di le masome a mararo. 13 Mme fa le sa kgone go mpha karabo, le tla mpha dijase tsa letsela di le masome a mararo le diaparo di le masome a mararo.'' Ba mo raya ba re, ''Re bolele thamalakane ya gago, gore re e utlwe.'' 14 A ba raya a re, ''Mo sejing ga tswa se se jewang; mo go se se maatla ga tswa se se monate.'' Mme baeng ba gagwe ba se ka ba kgona go bona karabo ma matsatsing a le mararo. 15 Mo letsatsing la bone ba raya mosadi wa ga Samosone ba re, ''Tsietsa monna wa gago gore a re bolelele karabo ya thamalakane, e seng jalo re tla go tshuba re bo re tshuba ntlo ya ga rraago. A o re laleleditse go tla go re humanegisa?'' 16 Mosadi wa ga Samosone a simolola go lela fa pele ga gagwe; a re, ''Se o se dirang ke go ntlhoa! Ga o nthate. O boleleltse bangwe ba batho ba gaetsho thamalakane, mme ga o a mpolelela karabo.'' Samosone a mo raya a re, ''Bona fa, fa ke sa bolelela rre kgotsa mme, a ke tshwanetse go go bolelela?'' 17 A lela matsatsi otlhe a a supa a mokete. Mo letsatsing la bosupa, mmolelela karabo gonne o ne a mo gateletse mo go golo. A bolelela ba masika a batho ba ga gabo karabo. 18 Mo letsatsing la bosupa pele letsatsi le phirima, banna ba toropokgolo ba mo raya ba re, ''Ke eng se se monate go feta tswine? Ke eng se se maatla go feta tau?'' Samosone a ba raya a re, ''Fa le ne le sa lema ka kgomo ya me ya moroba, le ka bo le sa bona karabo ya thamalakane ya me.'' 19 Foo ka tshoganetso Mowa wa Modimo Yahweh wa tla mo go Samosone ka maatla. Samosone a ya kwa tlase kwa Ashekelone a bolaya banna ba le masome a mararo gareng ga batho koo. A tsaya digapiwa mo go bone, a neela ba ba arabileng thamalakane ya gagwe diaparo. O ne a tenegile mme a tsamaya a ya kwa ntlong ya ga rraagwe. 20 Mme mosadi wa gagwe a neelwa tsala ya gagwe e tona.