Kgaolo 15

1 Morago ga matsatsi, ka nako ya go rojwa korong, Samosone a tsaya podi e nnye a etela mosadi wa gagwe. A bua a le nosi a re, ''Ke tla tsena kwa kamoreng ya mosadi wa me.'' Mme mogwegadi wa gagwe a se ka a mo letlelela go tsena. 2 Rraagwe mosadi a re, ''Nna ke ne ke akanya gore o mo tlhoile, jalo ka mo neela tsala ya gago. Monnawe o montle go mo feta, a ga go a nna jalo? Tsaya ene boemong jwa gagwe.'' 3 Samosone a ba raya a re, ''Mo nakong e ga ke na go nna molato mabapi le Bafilisitia fa ke ba utlwisa botlhoko.'' 4 Samosone a tsamaya a tshwara bophokojwe ba le makgolo a mararo mme a ba tshwaraganya ka megatla sebedi-sebedi. Foo a tsaya dikgong tse di bonesang a di bofelela fa gare ga megatla e mebedi e e bofagantsweng. 5 Fa a se na go tukisa dikgong tse di bonesang, a lesa bophokojwe go tsena mo mabeleng a Bafilisitia a a neng a eme, mme ba fisa mabele a a neng a kgobokantswe le a neng a eme mo tshimong, ga mmogo le masingwana a difine le masimo a diolifi. 6 Bafilisitia ba botsa, ''Ke mang yo o dirileng se?'' Ba bolelelwa, ''Samosone, mogwe wa Motimona, o dirile se ka gore Motimona o tsere mosadi wa ga Samosone a mo neela tsala ya gagwe.'' Foo Bafilisitia ba tsamaya ba ya go mo tshuba le rraagwe. 7 Samosone a ba raya a re, ''Fa e le gore se ke se le se dirang, ke tla ipusolosetsa mo go lona, mme fa seo se se na go diragala, ke tla ema.'' 8 Foo a ba kgaola ditoki, dinoka le dirope, ka polao e kgolo. Foo a fologela tlase a ya go nna mo legageng kwa bohelelong jwa thaba jwa Etame. 9 Foo Bafilisitia ba tla ba ipaakanyetsa ntwa mo Juta mme ba baya sesole sa bone kwa Lehi. 10 Banna ba Juta ba re, ''Ke eng le tsile gore tlhasela?'' Ba re, ''Re tlhaselela gore re tle re gape Samosone gore re tle re mo dire se a se re dirileng.'' 11 Foo banna ba le dikete di le tharo ba fologela kwa legageng le le mo bofelelong jwa thaba kwa Etame, mme ba raya Samosone ba re, ''A ga o itse fa Bafilisitia ba re busa? Ke eng se o re dirileng sone se?'' Samosone a ba raya a re, ''Ba ntirile sengwe, le nna ke ba dirile sengwe.'' 12 Ba raya Samosone ba re, ''Re tsile kwano go go bofa re bo re go rolela mo diatleng tsa Bafilisitia.'' Samosone a ba raya a re, ''Inkaneleng gore ga le na go mpolaya lona.'' 13 Ba mo raya ba re, ''Nyaya, rona re tsile fela go go bofa ka megala re bo re go ba neela. Re solofetsa gore ga re na go go bolaya.'' Foo ba mmofa ka megala e mebedi e mesha ba mo tsisa go tswa kwa letlapeng. 14 Fa a fitlha kwa Lehi, Bafilisitia ba tla ba goa fa ba tla go kopana le ene. Foo Mowa wa Modimo Yahweh wa tla mo go ene ka maatla. Megala e e mo matsogong a gagwe ya nna jaaka tlhale e fisitswe, mme ya wa mo matsogong a gagwe. 15 Samosone a bona lerapo la letlhaa la tonki le lesha, mme a le sela a bolaya banna ba le sekete ka lone. 16 Samosone a re, ''Ka lerapo la letlhaa la tonki, mokoa godimo ga mokoa, ka lerapo la letlhaa la tonki ke bolaile banna ba le sekete.'' 17 Fa Samosone a fetsa go bua, a latlha lerapo la letlhaa, mme a bitsa lefelo leo Ramatha Lehi. 18 Samosone o ne a nyorilwe mme a bitsa Modimo Yahweh a re, ''O neile motlhanka wa gago phenyo e kgolo e. Mme jaanong a ke tla swa ka lenyora mme ke bo ke wela mo diatleng tsa ba ba sa rupang?'' 19 Mme Modimo a phatlola lefelo le le gabilweng kwa Lehi, mme metsi a tswa. Fa a nwa, maatla a gagwe a boa, a bo a tsoselesega. Jalo a bitsa lefelo leo Ene Hakore, mme go ntse go kwa Lehi go fitlha gompieno. 20 Samosone a atlhola Iseraele mo matsatsing a Bafilisitia dingwaga di le 20.