Kgaolo 16

1 Samosone a ya kwa Gasa mme a bona mogweba-ka-mmele koo, mme a robalana le ene. 2 Bagasa ba bolelelwa, ''Samosone o tsile fa.'' Bagasa ba dikaganyetsa lefelo mme mo sephiring, ba mo letela bosigo jotlhe kwa kgorong ya toropokgolo. Ba didimala bosigo jotlhe. Ba ne ba rile, ''A re leteng go fitlhelela letsatsi le dule, mme foo re mmolae.'' 3 Samosone a rapama mo bolaong go fitlha bosigo gare. Ka nako ya bosigo gare a tsoga a tsaya heke ya toropokgolo le dikota tse pedi tsa yone. A di kumola, dikota tse di kgabaganyang le gotlhe, a di rwala mo magetleng, mme a di rwalela kwa godimo ga thaba, fa pele ga Heberone. 4 Morago ga se, Samosone a rata mosadi yo o neng a nna mo mokgatsheng wa Soreke. Leina la gagwe e le Telila. 5 Babusi ba Bafilisitia ba tla kwa go ene, mme ba mo raya ba re, ''Tsietsa Samosone o bone gore maatla a gagwe a magolo a tswa fa kae, le gore re ka mo hekeetsa ka tsela efe, gore re tle re mmofe re tle re mo tlhabise ditlhong. Dira se, mme mongwe le mongwe wa rona o tla go neela dipapetlana tsa selefera di le sekete le lekgolo.'' 6 Mmme Telila a raya Samosone a re, ''Tsweetswee, mpolelele gore ke eng o le thata jaana, le gore o ka bofiwa ke mang, jang, gore o tle o laolwe?'' 7 Samosone a mo raya a re, ''Fa ba ka mpofa ka dithapo tse supa tse disha tsa bora tse di iseng di omisiwe, foo ke tla nna bokoa ke bo ke nna jaaka monna mongwe le mongwe.'' 8 Foo babusi ba Bafilisitia ba tsisa kwa go Telila dithapo tse disha tsa bora tse di iseng di omisiwe di supa, mme a bofa Samosone ka tsone. 9 Jaanong o ne a na le banna ba iphitlhile mo sephiring, ba nna mo kamoreng ya gagwe e e kwa teng. A mo raya a re, ''Bafilisitia ba a go tlhasela, Samosone!'' Mme a kgaola dithapo tsa bora jaaka ekete ke leodi le amana le molelo. Mme ba se ka ba ithuta ka sephiri sa thata ya gagwe. 10 Telila a raya Samosone a re, ''Ke ka fa o ntsieditseng teng wa bo wa mpolelela maaka. Tsweetswee, mpolelele gore o ka fenngwa jang.'' 11 A mo raya a re, ''Fa ba ka mpofa ka megala e mesha e e iseng e bereke, ke tla nna bokoa ke bo ke nna jaaka monna mongwe le mongwe.'' 12 Jalo Telila a tsaya megala e mesha a mmofa ka yone, a mo raya a re, ''Bafilisitia ba a go tlhasela, Samosone!'' Banna ba ba neng ba letile ba ne ba le mo kamoreng e e ka kwa teng. Mme Samosone a kgaola megala go tswa mo matsogong a gagwe jaaka ekete ke setoki sa leodi. 13 Telila a raya Samosone a re, ''Go fitlha jaanong o ntse o ntsietsa o mpolelela maaka. Mpolelele gore o ka fenngwa jang.'' Samosone a mo raya a re, ''Fa o ka logela meriri ya me e e supa mo letseleng mo mochining o o logang, mme o bo o e kokotela mo mochining o o logang, ke tla nna jaaka monna mongwe le mongwe.'' 14 E rile a santse a robetse, Telila a logela meriri ya gagwe e e supa mo letseleng le le mo mochining o o logang, mme a e kokotela mo mochining mme a mo raya a re, ''Bafilisitia ba a go tlhasela, Samosone!'' A tsoga mo borokong jwa gawe a kumola letsela le se se kokotetseng go tswa mo mochining o o logang. 15 A mo raya a re, ''O ka bua jang o re, 'Ke a go rata,' fa o sa kgaogane diphiri tsa gago le nna? O ntshotlile gararo ka go sa mpoleleleng gore go tla jang gore o bo o na le thata e kgolo jaana.'' 16 Letsatsi le letsatsi o ne a mo gatelela thata ka mafoko a gagwe, mme a mo gatelela thata mo a neng a eletsa go ka swa. 17 Jalo Samosone a mmolelela sengwe le sengwe a mo raya a re, ''Ga ke ise ke beolwe moriri ka legare mo tlhogong ya me, gonne ke nnile monasareta wa Modimo go tswa mo popelong ya ga mme. Fa tlhogo ya me e beolwa, thata ya me e tla ntlogela mme ke tla nna bokoa jaaka monna mongwe le mongwe.'' 18 Fa Telila a bona gore o mmoleleltse boammaaruri ka dilo tsotlhe, a roma mongwe go bitsa babusi ba Bafilisitia, a re, ''Tlang gape, gonne o mpoleletse sengwe le sengwe.'' Foo babusi ba Bafilisitia ba tla kwa go ene, ba tsisa selefera mo diatleng tsa bone. 19 A dira gore a robale mo diropeng tsa gagwe. A bitsa monna go mmeola meriri ya gagwe e e supa mo tlhogong, mme a simolola go mo gatelela, gonne thata ya gagwe e ne e mo tlogetse. 20 A re, ''Bafilisitia ba a go tlhasela, Samosone!'' A tsoga mo borokong jwa gagwe a re, ''Ke tla tswa jaaka dinako tsotlhe mme ke tla ikgolola.'' Mme o ne a sa itse gore Modimo Yahweh o mo tlogetse. 21 Bafilisitia ba mo gapa, mme ba mo gonya motlho. Ba mo isa kwa Gasa ba mmofa ka dipanta tsa kgotlho. A nna yo o tsamaisang latlapa la tshilo mo ntlong ya kgolegelo. 22 Mme moriri wa simolola go tlhoga mo tlhogong ya gagwe morago ga gore o beolwe. 23 Babusi ba Bafilisitia ba kgobokana go neela setlhabelo se segolo Takone, modimo wa bone, le go itumela. Ba bua ba re, ''Modimo wa rona o fentse Samosone, mmaba wa rona, a mo tsenya mo seatleng sa rona.'' 24 Fa batho ba mmona, ba galaletsa modimo wa bone, gonne ba ne ba re, ''Modimo wa rona o fentse mmaba wa rona a mo re neela - sesenyi sa lefatshe la rona, se se re bolaileng re le bantsi.'' 25 Fa ba ipela ba ne ba re, ''Bitsang Samosone, a tle go re tshegisa.'' Ba bitsa Samosone go tswa mo kgolegelong a tla a ba tshegisa. Ba dira gore a eme fa gare ga dipilara. 26 Samosone a raya mosimane yo o neng a tshwere seatla sa gagwe a re, ''Ntetlelele go ama dipilara tse di tshegeditseng kago e, gore ke tle ke itshegetse ka tsone.'' 27 Jaanong ntlo e ne e tletse ka banna le basadi. Babusi botlhe ba Bafilisitia ba ne ba le teng. Mo borulelong go ne go na le banna le basadi ba ba ka nnang dikete tse tharo, ba ba neng ba lebile Samosone fa a ba kgatlhisa. 28 Samosone a bitsa Modimo Yahweh a re, ''Morena Yahweh, nkgakologelwe! Tsweetswee nthatafatse gangwe fela, Modimo, gore ke tle ke ipusolosetse ka go itaya gangwe Bafilisitia ka lebaka la gore ba tsere matlho a me.'' 29 Samosone a tshwara dipilara tse di fa gare tse di tshegeditseng kago, mme a itshegetsa ka tsone, pilara e nngwe a e tshwara ka seatla sa moja e nngwe ka seatla sa molema. 30 Samosone a re, ''A ke swe le Bafilisitia!'' A phutholola matsogo ka maatla a gagwe mme kago ya wela babusi le batho botlhe ba ba neng ba le mo go yone. Jalo batho ba a ba bolaileng fa a swa ba bantsi go feta ba a ba bolaileng ka nako ya fa a tshela. 31 Foo barwarraagwe le botlhe ba ntlo ya ga rraagwe ba tla. Ba mo tsaya, ba boa ka ene, ba mo fitlha fa gare ga Sora le Eshetaole, mo lefelong le go fitlhelwang teng la ga Manoa, rraagwe. Samosone o ne a atlhola Iseraele dingwaga di le 20.