Kgaolo 17

1 Go ne go na le monna mo lefatsheng la dithaba la Iforeime, leina la gagwe e le Mika. 2 A raya mmaagwe a re, ''Dipapetlana tsa selefera tse di sekete le lekgolo tse di neng tsa tsewa mo go wena, tse o neng wa bua phutso mabapi le tsone, mme e ke neng ka e utlwa - bona fa! Ke na selefera mo gonna. Ke e utswitse.'' Mmmaagwe a re, ''A Modimo Yahweh a go segofatse, morwaaka!'' 3 A busetsa dipapetlana tsa selefera tse di sekete le lekgolo kwa go mmaagwe mme mmaagwe a re, ''Ke beetse fa thoko selefera e go nna ya Modimo Yahweh, gore morwaake a dire ditshwantsho tse di setilweng le tse di tshetsweng. Jalo jaanaong ke a di go busetsa.'' 4 Fa a busetsa madi kwa go mmaagwe, mmaagwe a tsaya dipapetlana tsa selefera di le makgolo a mabedi a di neela mothudi wa tshipi yo o neng a dira ditshwantsho tse di setilweng le tse di tshetsweng ka tsone, mme tsa beiwa mo ntlong ya ga Mika. 5 Monna yo Mika o ne a na le ntlo ya medimo e e setilweng, mme a dira kapari ya boperesiti le medimo ya mo lapeng, mme a hira mongwe wa barwa ba gagwe go nna moperesiti wa gagwe. 6 Mo matsatsing ao go ne go se na kgosi mo Iseraele, mme mongwe le mongwe a dira se se siameng mo matlhong a gagwe. 7 Jaanong go ne go na le monnana wa Bethelehema mo Juta, wa lesika la Juta, yo a neng a le Molefi. O ne a nna koo go dira tiro ya gagwe. 8 Monna a tloga mo Bethelehema mo Juta go ya go batla kwa a ka nnang teng. Jaaka a ne a tsweletse mo leetong, a goroga kwa ntlong ya ga Mika mo lefatsheng la dithaba la Iforeimi. 9 Mika a mo raya a re, ''O tswa kae?'' Monna a mo raya a re, ''Ke molefi wa Bethelehema mo Juta, mme ke tsamaya ke batla fa ke ka nnang teng.'' 10 Mika a mo raya a re, ''Nna le nna, o nne rre le moperesiti mo go nna. Ke tla go neela dipapetlana tsa selefera di le lesome ka ngwaga, le diaparo, le dijo tsa gago.'' Jalo molefi a tsena mo ntlong ya gagwe. 11 Molefi a kgotsofalela go nna le monna yoo, monnana mo go Mika a nna jaaka mongwe wa barwa ba gagwe. 12 Mika a tlhaolela molefi kwa thoko go dira ditiro tse di itshepisitsweng fela, mme monnana a nna moperesiti wa gagwe, mme a nna mo ntlong ya ga Mika. 13 Foo Mika a re, ''Jaanong ke a itse gore Modimo Yahweh o tla ntirela bomolemo, gonne molefi yo o fetogile go nna moperesiti wa me.''