Kgaolo 18

1 Mo matsatsing ao go ne go se na kgosi mo Iseraele. Morafe wa bana ba ga Tene o ne o batla lefelo le ba ka nnang mo go lone, gonne go fitlha ka letsatsi leo ba ne ba ise ba amogele boswa bope mo gare ga merafe ya Iseraele. 2 Batho ba Tene ba romela banna ba le batlhano go tswa mo palong yotlhe ya morafe wa bone, banna ba e neng e le batlhabani ba ba nang le maitemogelo go tswa kwa Sora le Eshetaole, go tlhola lefatshe ba tsamaya ka dinao le go le bona. Ba ba raya ba re, ''Tsamayang le ye bona lefatshe.'' Ba goroga kwa lefatsheng la dithaba la Iforeimi, kwa ntlong ya ga Mika, mme ba lala foo. 3 Fa ba le gaufi le ntlo ya ga Mika, ba lemoga leleme le le buiwang ke molefi yo monnye. Jalo ba ema ba mmotsa, ''Ke mang yo o go tsisitseng fa? O dira eng mo lefelong le? Ke eng o le fa?'' 4 A ba raya a re, ''Se ke se Mika a se ntiretseng: O mphirile gore ke nne moperesiti wa gagwe.'' 5 Ba mo raya ba re, ''Tsweetswee batla kgakololo ya Modimo gore re itse gore a leeto le re le tsamayang le tla atlega.'' 6 Moperesiti a ba raya a re, ''Tsamayang ka kagiso. Modimo Yahweh o tla le etelela pele mo tseleng e le tshwanetseng go e tsamaya.'' 7 Foo banna ba ba tlhano ba tswa ba goroga kwa Laishi, mme ba bona batho ba ba nnang koo ba tshelela mo pabalesegong - ka tsela e e tshwanang le ka fa Basitone ba neng ba tshela ka teng ba sa tshwenngwe mme bolokesegile. Go ne go se na ope yo o ba fenyang mo lefatsheng, kgotsa yo o ba tshwenyang ka tsela epe. Ba ne ba nna kgakala le Basitone, e bile ba ne ba sa dirisanye le ope. 8 Ba boela morago kwa morafeng wa bone kwa Sora le Eshetaole. Ba masika a bone ba ba botsa, ''Pego ya lona ya reng?'' 9 Ba re, ''Tlang! A re ba tlhaseleng! Re bone lefatshe le siame tota. A ga le dire sepe? Le se ka la nna bonya go tlhsela le go fenya lefatshe. 10 Fa le tsamaya, le tla tla kwa bathong ba ba akanyang gore ba bolokesegile, mme lefatshe le bophara! Modimo o le le neile - lefelo le le sa tlhokeng sepe mo lefatsheng.'' 11 Banna ba le makgolo a marataro ba morafe wa Tene, ba tshotse dibetsa tsa ntwa, ba emelela go tswa kwa Sora le Eshetaole. 12 Ba tsamaya ba ya go kampa kwa Kiriathe Jearimi, mo Juta. Ke sone se batho ba bitsang lefelo leo Mahane Tene go fitlha gompieno; le kwa bophirima jwa Kiriathe Jearimi. 13 Ba tloga gone koo ba ya kwa lefatsheng la dithaba la Iforeimi mme ba tla fa ntlong ya ga Mika. 14 Foo banna ba batlhano ba ba neng ba ile go tlhola lefatshe la Laishi ba raya ba masika a bone ba re, ''A le itse gore mo matlong a go na le kapari ya boperesiti, medimo ya mo lapeng, setshwantsho se se setilweng, le setshwantsho se se tshetsweng? Swetsang jaanong gore le tla dira eng.'' 15 Jalo ba fapogela koo ba tla kwa ntlong ya molefi yo monnye, kwa ntlong ya ga Mika, mme ba mo dumedisa. 16 Jaanong Batene ba ba makgolo marataro, ba tshotse dibetsa tsa ntwa, ba ne ba eme fa kgorong. 17 Banna ba batlhano ba ba neng ba ile go tlhola lefatshe ba ya koo ba tsaya setshwantsho se se setilweng, kapari ya boperesiti, medimo ya mo lapeng, le setshwantsho se se tshetsweng, moperesiti a santse a eme kwa kgorong le banna ba ba makgolo a marataro ba ba tshotseng dibetsa tsa ntwa. 18 Fa ba ba tsena mo ntlong ya ga Mika ba tsaya setshwantsho se se setilweng, kapari ya boperesiti, medimo ya mo lapeng, le setsthwantsho se se tshetsweng, moperesiti a ba raya a re, ''Le dira eng?'' 19 Ba mo raya ba re, ''Didimala! Baya seatla sa gago mo molomong mme o tsamae le rona, mme o nne rra le moperesiti mo go rona. A go botoka go nna moperesiti wa ntlo ya monna a le mongwe kgotsa go nna moperesiti wa morafe le kgotlana mo Iseraele?'' 20 Pelo ya moperesiti ya itumela. A tsaya kapari ya boperesiti, medimo ya mo lapeng, le setshwantsho se se setilweng, mme a tsamaya le batho. 21 Jalo ba retologa ba tsamaya. Ba baya bana, dikgomo le dilwana tsa bone kwa pele ga bone. 22 Fa ba setse ba le bokgakala jo bo golo go tswa kwa ntlong ya ga Mika, banna ba neng ba le mo matlong a a gaufi le ntlo ya ga Mika ba bidiwa ba kgobokanngwa, mme ba tshwara Batene mo tseleng. 23 Ba goelela Batene, mme ba retologa, ba raya Mika ba re, ''Ke eng le ne la bidiwa la kgobokanngwa?'' 24 A ba raya a re, ''Le utswitse medimo e ke e dirileng, le tsere moperesiti wa me, mme le a tsamaya. Nna ke setse ka eng? O ka mpotsa jang o re, 'O tshwenngwa ke eng?''' 25 Batho ba Tene ba mo raya ba re, ''O se ka wa dira gore re go utlwe o bua sepe, eseng jalo banna ba ba tenegileng thata ba tla go tlhasela, mme wena le ba lelapa la gago le tla bolaiwa.'' 26 Foo batho ba Tene ba tsamaya tsela ya bone. Fa Mika a bona gore ba nonofile go mo feta, a retologa a boela morago kwa ntlong ya gagwe. 27 Batho ba Tene ba tsaya se Mika a se dirileng, ba tsaya le moperesiti wa gagwe, mme ba tla kwa Laishi, kwa bathong ba ba neng ba sa tshwenngwe e bile ba bolokesegile, mme ba ba bolaya ka tshaka ba bo ba tshuba toropokgolo ya bone. 28 Go ne go se na ope yo o ka ba namolang gonne go ne go le kgakala go tswa kwa Sitone, mme ba ne ba sa dirisanye le ope. E ne e le mo mokgatsheng o o gaufi le Bethe Rehobo. Batene ba aga toropokgolo gape mme ba nna koo. 29 Ba bitsa toropokgolo Tene, leina la ga rraabone, Tene, yo o neng a le mongwe wa barwa ba ga Iseraele. Mme leina la toropokgolo e kile ya bo e le Laishi. 30 Batho ba Tene ba itlhomela setshwantsho se se setilweng. Mme Jonathane, morwa Gereshomo, morwa Moshe, ene le barwae ba ne ba le baperesiti ba morafe wa Batene go fitlha ka letsatsi la go gapiwa ga lefatshe. 31 Jalo ba obamela setshwantsho se se setilweng sa ga Mika se a se dirileng ka nako yotlhe fa ntlo ya Modimo e santse e le kwa Shilo.