Kgaolo 20

1 Foo batho botlhe ba Iseraele ba tswa jaaka monna a le mongwe, go tswa kwa Tene go ya kwa Beeresheba, go akaradiwa lefatshe la Gibea, mme ba kgobokana mmogo fa pele ga Modimo Yahweh kwa Misepha. 2 Baeteledipele ba batho botlhe, ba merafe yotlhe ya Iseraele, ba tsaya maemo a bone mo kgobokanong ya batho ba Modimo - banna ba le dikete tse di makgolo a mane ba tsamaya ka dinao, ba ba neng ba ipaakanyeditse go lwa ka tshaka. 3 Jaanong batho ba Benjamene ba utlwa gore batho ba Iseraele ba ile kwa Misepha. Batho ba Iseraele ba re, ''Re bolele gore selo se sa boikepo se diragetse jang.'' 4 Molefi, monna wa mosadi yo o bolailweng, a araba, ''Ke ne ka tla mo Gibea mo lefatsheng la Benjamene, nna le nyatsi ya me, go lala bosigo. 5 Mo bosigong, baeteledipele ba Gibea ba ntlhasela, ba dikaganyetsa ntlo ba ikaeletse go mpolaya. Ba tsaya ba bo ba betelela nyatsi ya me, mme ya swa. 6 Ka tsaya nyatsi ya me ka kgaoganya mmele wa yone ditoki, mme ka di romela kwa nngwe le nngweng ya dikgaolo tsa boswa jwa Iseraele, gonne ba dirile boikepo jo bo ntseng jaana le dilo tse di kgopisang mo Iseraele. 7 Jaanong, lona Baiseraele lotlhe, ntshang kgakololo gone fa.'' 8 Batho botlhe ba emelela jaaka monna a le mongwe, mme ba re, ''Ga go na ope wa rona yo o tla yang kwa tenteng ya gagwe, e bile gago na ope wa rona yo o tla boelang kwa ntlong ya gagwe! 9 Mme jaanong se ke se re tla se dirang ka Gibea: re tla e tlhasela jaaka khupelekhupele e re kaela. 10 Re tla tsaya banna ba le lesome mo go ba ba lekgolo mo merafeng yotlhe ya Iseraele, ba le lekgolo mo go ba ba sekete, ba ba sekete mo go ba ba dikete di le lesome, go tseela batho ba mohago, gore fa ba fitlha kwa Gibea kwa Benjamene, ba tle ba ba otlhaele boikepo jo ba bo dirilwng mo Iseraele.'' 11 Jalo masole otlhe a Iseraele a kgobokana kgatlhanong le toropokgolo, jaaka monna a le mongwe. 12 Merafe ya Iseraele ya romela banna go ralala Benjamene yotlhe, ba re, ''Ke eng boikepo jo bo dirilweng gareng ga lona jo? 13 Jalo he, re neeleng banna ba ba boikepo bao ba Gibea re tle re ba bolae, gore re tle re ntshe gotlhelele bosula jo mo Iseraele.'' Mme Babenjamene ba se ka ba reetsa lentswe la barwarraabone, batho ba Iseraele. 14 Foo batho ba Benjamene ba phuthega go tswa kwa ditoropokgolong ba ya kwa Gibea go ipaakanyetsa go lwa le batho ba Iseraele. 15 Ka letsatsi leo batho ba Benjamene ba kgobokanya masole a a katisitsweng go lwa ka tshaka a le dikete tse di masome mabedi le borataro. Go tlatsa, go ne go na le banna ba ba kgethilweng go tswa banning ba Gibea ba le makgolo a supa. 16 Gareng ga masole otlhe a go ne go na le banna ba ba kgethilweng ba le makgolo a supa ba ba dirisang seatla sa molema. Mongwe le mongwe wa bone o ne a kolopa ka seragantswana a sa fose. 17 Batho ba Iseraele, go sa balelwe ba ba tswang Benjamene, ba ne ba le dikete tse di makgolo a mane tsa banna, ba ba neng ba katisitswe go lwa ka tshaka. Botlhe ba e ne e le banna ba ntwa. 18 Batho ba Iseraele ba emelela, ba ya kwa Bethele, mme ba kopa kgakololo mo Modimong. Ba botsa, ''Ke mang yo a tla re tlhaselelang batho ba Benjamene pele?'' Modimo Yahweh a re, ''Juta o tla tlhasela pele.'' 19 Batho ba Iseraele ba tsoga mo mosong mme ba sutisetsa kampa ya bone gaufi le Gibea. 20 Batho ba Iseraele ba tswela kwa ntle go lwa le Benjamene. Ba itlhoma ka maemo a bone kgatlhanong le bone kwa Gibea. 21 Batho ba Benjamene ba tswa mo Gibea, mme ba bolaya banna ba le masome a mabedi le bobedi a dikete a sesole sa Iseraele mo letsatsing leo. 22 Mme batho ba Iseraele ba ithatafatsa, mme ba itlhoma gone fa lefelong le ba neng ba ipeile mo maemong a bone mo go lone mo letsatsing la ntlha. 23 Mme batho ba Iseraele ba tlhatloga mme ba lela fa pele ga Modimo Yahweh go fitlhelela maitseboa. Ba batla kaelo mo go Modimo Yahweh: ''A re ka ya gape go lwa le barwarraarona, batho ba Benjamene?'' Modimo Yahweh a re, ''Ba tlhaseleng!'' 24 Jalo batho ba Iseraele ba lwa le masole a Benjamene mo letsatsing la bobedi. 25 Mo letsatsing la bobedi, Benjamene a tswela kwa ntle kgatlhanong le bone go tswa Gibea mme ba bolaya banna ba Iseraele ba le dikete tse di lesome le bofera bobedi. Botlhe e ne e le banna ba ba katileng go lwa ka tshaka. 26 Foo masole otlhe le batho ba Iseraele ba ya kwa Bethele mme ba lela, mme koo ba nna fa fatshe fa pele ga Modimo Yahweh ba itima dijo go fitlha mo maitseboeng, mme ba ntsha moneelo o o fisiwang le moneelo wa kagiso fa pele ga Modimo Yahweh. 27 Batho ba Iseraele ba botsa Modimo Yahweh - gonne letlole la Modimo le ne le le koo mo matsatsing ao, 28 mme Finiase, morwa Aliasara, morwa Arone, o ne a direla fa pele ga letlole mo matsatsing ao - ''A re tswe re ye ntweng gangwe gape kgatlhanong le batho ba Benjamene, barwrraarona, kgotsa re eme?'' Modimo Yahweh a re, ''Tlhaselang, gonne kamoso ke tla le thusa go ba fenya.'' 29 Jalo Iseraele a tlhoma banna mo mafelong a sephiri go dikologa Gibea. 30 Batho ba Iseraele ba lwa le batho ba Benjamene mo letsatsing la boraro, mme ba ipaya mo meleng ya ntwa kgatlhanong le Gibea jaaka ba ne ba dirile pele. 31 Batho ba Benjamene ba tsamaya ba lwa le batho ba Iseraele, mme ba gogelwa kgakala le toropokgolo. Ba simolola go bolaya bangwe ba batho. Go ne ga bolawa banna ba Iseraele ba ka nna masome a mararo mo masimong le mo ditseleng. Nngwe ya ditsela e ne e ya kwa Bethele, mme e nngwe e ya kwa Gibea. 32 Foo batho ba Benjamene ba re, ''Ba a fenngwa, mme ba a sia, fela jaaka ka nako ya ntlha.'' Mme masole a Iseraele a re, ''A re sieleng kwa morago re ba gogele kgakala le toropokgolo re ba ise kwa ditseleng.'' 33 Batho botlhe ba Iseraele ba emelela go tswa mo mafelong a bone ba ithulaganyetsa ntwa kwa Baale Tamara. Foo masole a Iseraele a a neng a iphitlhile mo mafelong a sephiri a siana go tswa mo mafelong a bone go tswa kwa Maare Gibea. 34 Banna ba ba dikete tse lesome ba ba kgethilweng ba Iseraele ba tla kgatlhanong le Gibea, mme ntwa e ne e boitshega, mme Babenjamene ba ne ba sa itse gore sebetso se gaufi le go ba wela. 35 Modimo Yahweh a fenya Benjamene fa pele ga Iseraele. Mo letsatsing leo, masole a Iseraele a bolaya banna ba Benjamene ba le dikete tse di masome mabedi le botlhano le lekgolo. Botlhe ba ba neng ba swa ba ne ba katisitswe go lwa ka tshaka. 36 Jalo masole a Benjamene ba bona gore ba fentswe. Banna ba Iseraele ba ne ba sutetse Benjamene, gonne ba ne ba beile mo banneng ba ba neng ba ba beile mo maemong a a fitlhegileng ka kwa ntle ga Gibea. 37 Foo banna ba ba neng ba iphitlhile ba emelela mme ba itlhaganela ba sianela mo Gibea. Ba bolaya mongwe le mongwe yo neng a nna mo toropokgolong ka tshaka. 38 Sekai se se neng se rulagantswe gare ga masole a Iseraele le banna ba ba neng ba iphitlhile mo sephiring e ne e le gore leru le le golo la mosi le tla tlhatloga mo toropokgolong. 39 Fa sekai se romelwa masole a Iseraele a tla retologa ba hularela ntwa. Jaanong Benjamene ba simolola go tlhasela mme ba bolaya banna ba Iseraele ba ka nna masome a mararo, mme ba re, ''Go tlhomamisega gore ba a fenngwa fa pele ga rona, fela jaaka mo ntweng ya ntlha.'' 40 Mme e rile fa pilara mosi e simolola go tlhatloga mo toropokgolong, Babenjamene ba retologa mme ba bona mosi o tlhatlogela mo lefaufaung mo toropokgolong yotlhe. 41 Foo batho ba Iseraele ba retologela mo go bone. Banna ba Benjamene ba tshoga mo go golo, gonne ba ne ba bona gore sebetso se ba wetse. 42 Jalo ba sia go tswa mo banneng ba Iseraele, ba siela kwa sekgweng. Mme ntwa ya ba tshwara mo tseleng. Masole a Iseraele a tswa mo ditoropokgolong a ba bolaya fa ba neng ba eme teng. 43 Ba dikaganyetsa Babenjamene ba ba latela. Mme ba ba gatela fa fatshe kwa Noha, mme ba ba bolaya tsela yotlhe go ya kwa botlhabatsatsi jwa Gibea. 44 Gotswa mo morafeng wa Benjamene, batho ba le dikete tse lesome le boferabobedi ba ne ba swa, botlhe e le banna ba ba neng ba kgethegile mo ntweng. 45 Ba retologa a siela kwa nageng kwa letlapeng la Rimone. Baiseraele ba bolaya dikete tse tlhano tsa bone gape mo ditseleng. Ba ne ba tswelela ba ba setse morago, ba ba sala morago ba ba atametse tsela yotlhe go ya kwa Gitome, mme koo ba bolaya dikete tse pedi fa godimo. 46 Masole otlhe a Benjamene a a neng a wa letsatsi leo a ne a le masome a mabedi le botlhano a dikete - banna ba ba neng ba katisitswe go lwa ka tshaka; botlhe ba ne ba kgethegile mo ntweng. 47 Mme banna ba le makgolo a marataro ba retologa ba siela kwa sekgweng, go ya ntlheng ya letlapa la Rimone. Mme ba nna kwa letlapeng la Rimone dikgwedi tse nne. 48 Masole a Iseraele a retologa kgatlhanong le batho ba Benjamene, mme ba ba tlhasela ba ba bolaya - toropokgolo yotlhe, dikgomo, le sengwe le sengwe se ba se fitlhetseng. Ba ne gape ba tshuba toropo nngwe le nngwe mo tseleng ya bone.