Kgaolo 21

1 Jaanong banna ba Iseraele ba ne ba dirile tsholofetso kwa Misepha, ''Ga go na ope wa rona yo o tla neelang Mobenjamene morwadie gore a mo nyale.'' 2 Foo batho ba ya kwa Bethele mme ba nna koo fa pele ga Modimo go fitlhelela maitseboa, mme ba lelela kwa godimo mo go botlhoko. 3 Ba bitsa, ''Goreng, Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, gore se se bo se diragaletse Iseraele, gore mongwe wa merafe ya rona o bo o seyo gompieno?'' 4 Letsatsi le le latelang batho ba tsoga makuku mme ba aga aletara ba bo ba ntsha meneelo e e fisiwang le meneelo ya kagiso. 5 Batho ba Iseraele ba re, ''Ke ofe mo merafeng yotlhe ya Iseraele o o se kileng wa tla mo kgobokanong ya Modimo Yahweh?'' Gonne ba ne ba dirile tsholofetso e e botlhokwa mabapi le ope yo o neng a sa tle kwa go Modimo Yahweh kwa Misepha. Ba ne ba rile, ''E le ruri o tla bolawa.'' 6 Batho ba Iseraele ba utlwela botlhoko morwarraabone Benjamene. Ba re, ''Letatsi leno morafe o le mongwe o tlositswe mo Iseraele. 7 Ke mang yo o tla ntshetsang ba ba setseng basadi, gonne re solofeditse Modimo Yahweh gore ga re na go letla ope wa bone go nyala barwadia rona?'' 8 Ba bua ba re, ''Ke morafe ofe wa Iseraele o o sa tlang kwa go Modimo Yahweh kwa Misepha?'' Go ne ga fitlhelwa e le gore go ne go se na yo o tsileng kwa kokoanong go tswa kwa Jabeshe Gileate. 9 Gonne fa batho ba ne ba bewa ka maemo a a lolameng, bonang, go ne go se na ope wa banni ba Jabeshe Gileate yo o neng a le teng. 10 Kokoano ya romela banna ba bone ba ba pelokgale thata ba le dikete tse lesome le bobedi ka taelo ya go ya kwa Jabeshe Gileate go ba tlhasela, le go ba bolaya, le basadi le bana. 11 ''Dirang se: le tshwanetse go bolaya monna mongwe le mongwe le mosadi mongwe le mongwe yo o kileng a robalana le monna.'' 12 Banna ba fitlhela mo gare ga ba ba nnang mo Jabeshe Gileate basadi ba ba nnye ba ba iseng ba robalane le banna ba le makgolo a mane, mme ba ba tsaya ba ya ka bone kwa kampeng e e kwa Shilo, kwa Kanana. 13 Kokoano yotlhe ya romela molaetsa ba bolelelela batho ba Benjamene ba ba kwa letlapeng la Rimone gore ba emisa go ba lwantsha. 14 Babenjamene ba boa ka nako eo mme ba neelwa basadi ba Jabeshe Gileate, mme basadi ba ne ba sa ba lekana botlhe. 15 Batho ba ne ba tlhomoga pelo ka se se diragaletseng Benjamene, gonne Modimo Yahweh o ne a kgaoganya merafe ya Iseraele. 16 Foo baeteledipele ba kokoano ba re, ''Re tsile go batlela jang Babenjamene ba ba setseng basadi, gonne basadi ba Benjamene ba bolailwe?'' 17 Ba re, ''Go tshwanetse ga nna le boswa jwa bafalodi ba Benjamene, gore go se ka ga nna le morafe o o senngwang mo Iseraele. 18 Ga re ka ke ra ba neela basadi mo go barwadiarona, gonne batho ba Iseraele ba dirile tsholofetso, 'Go hutsegile ope yo o neelang Benjamene mosadi.''' 19 Jalo ba re, ''Le a itse gore go na le mokete wa Modimo Yahweh ngwaga le ngwaga kwa Shilo(e e leng kwa bokone jwa Bethele, kwa botlhabatsatsi jwa tsela e e tswang mo Bethele e ya Shekeme, mme kwa borwa jwa Lebona).'' 20 Ba laela banna ba Benjamene ba re, ''Tsamayang le iphitlhe mo sephiring le lete mo masingwaneng a difine. 21 Le nne le lebile fa basetsana ba kwa Shilo ba tswela kwa ntle go bina, foo le kgogoge go tswa mo masingwaneng a difine mme mongwe le mongwe wa lona a phamole mosadi go tswa mo basetsaneng ba Shilo, foo le bo le boela morago kwa lefatsheng la Benjamene. 22 Fa borraabone kgotsa bokgaitsdiabone ba tla go ikuela kwa go rona, re tla ba raya re re, ''Re supetseng lesego! Ba leseng ba nne ka gore ga re a kgona go bonela monna mongwe le mongwe mosadi ka nako ya ntwa. Mme ga le na molato mabapi le tsholofetso, gonne ga le a ba neela barwadialona.'' 23 Batho ba Benjamene ba dira jalo. Ba tsaya palo ya basadi e ba neng ba e tlhoka mo basetsaneng ba ba neng ba bina, mme ba ba tsaya ba ya go nna basadi ba bone. Ba tsamaya ba boela kwa lefelong la boswa la bone; ba aga sesha ditoropo, mme ba nna mo go tsone. 24 Foo batho ba Iseraele ba tswa mo lefelong leo ba ya gae, mongwe le mongwe a ya kwa morafeng le kgotlaneng ya gagwe, mme mongwe le mongwe kwa bosweng jwa gagwe. 25 Mo matsatsing ao go ne go se na kgosi mo Iseraele. Mongwe le mongwe o ne a dira se se siameng mo matlhong a gagwe.