Kgaolo 4

1 Utlwang mafoko a Modimo Yahweh, lona batho ba Iseraele. Modimo Yahweh o na le kgetse ya tsheko kgatlhanong le banni ba lefatshe, gonne ga go na boammaaruri kgotsa boikanyego jwa kgolagano, le go itse Modimo ga goyo mo lefatsheng. 2 Go na le go hutsa, go aka, go bolaya, go utswa le boaka. Batho ba tlotse melelwane, ke tshololo madi morago ga tshololo madi. 3 Jalo lefatshe le a omelela, mme mongwe le mongwe yo o nnang mo go lone o a bopama; diphologolo mo nageng le dinonyane mo loaping, le tsone ditlhapi mo lewatleng, di a tsewa. 4 Mme le se ka la letlelela ope a tsisa kgetse ya tsheko; le se ka la letlelela ope go latofatsa ope. Gonne ke lona, baperesiti, ke le latofatsang. 5 Baperesiti ke lona le tsile go kgopiwa mo motshegareng; baporofiti le bone ba tsile go kgopiwa le lona bosigo, mme ke tla senya mmaalona. 6 Batho ba me ba a senyega ka lebaka la go tlhoka kitso. Ka lebaka la gore le ganne kitso baperesiti ke lona, le nna ke tla le gana gore le nne baperesiti ba me. Ka gore le lebetse molao wa me, le ntswa ke le Modimo wa lona, le nna ke tla lebala bana ba lona. 7 Fa baperesiti ba tswelela ba oketsega, ba tswelela ba nteofela. Ba ananya tlotlo ya bone ka matlhabisa ditlhong. 8 Ba ikotla ka boleo jwa batho ba me; ba ikgagapelela bontsi jwa boikepo jwa bone. 9 Go tla tshwana fela mo bathong le mo baperesiting: ke tla ba otlhaela ditiro tsa bone botlhe; ke tla ba duelela ditiro tsa bone. 10 Ba tla ja mme ga ba na go kgora; ba tla gweba ka mmele mme ga ba na go oketsega, gonne ba tsamaetse kgakala le Modimo Yahweh. 11 Ba rata botlhaswa jwa thobalo, mofine, le mofine o mosha, tse di tlositseng go tlhaloganya ga bone. 12 Batho ba me ba rerisa medingwana ya logong, le dithobane tse ba ikokotlelang ka tsone di ba neela diporofito. Gonne tlhaloganyo ya botlhaswa jwa thobalo e ba timeditse, mme ba itshware jaaka bagweba-ka-mmele mo boemong jwa go nna boikanyego mo Modimong wa bone. 13 Ba dira dithabelo mo ditlhoeng tsa dithaba ba bo ba fisa maswalo mo dithabaneng, ka fa tlase ga maoka, mapopolara le materebinthi, ka gore meriti ya teng e siame. Jalo barwadialona ba dira botlhaswa jwa thobalo, mme dingwetsi tsa lona di dira boaka. 14 Ga ke na go otlhaya barwadialona fa ba ikgethela go dira botlhaswa jwa thobalo, le fa e le dingwetsi tsa lona fa di dira boaka. Gonne banna le bone ba ineela bagweba-ka-mmele, ba ntsha ditlhabelo gore ba tle ba dire ditiro tsa bosutlha le bagweba-ka-mmele ba kobamelo. Jalo batho ba ba sa tlhaloganyeng ba ba tla thankgolwa. 15 Le fa wena, Iseraele, o dirile boaka, a Juta a se ka a ikutlwa a le molato. Le se ka la ya kwa Kilikala, batho ke lona; le se ka la ya kwa Bethe Abene. Le se ka la ikana le re, ''Jaaka Modimo Yahweh a tshela.'' 16 Gonne Iseraele o ne a nna bodipa, jaaka moroba wa kgomo o o bodipa. Modimo Yahweh o ka ba isa mafulong mo mokgatsheng jaaka dikwana jang? 17 Iforaime o itshwaragantse le medingwana ya disetwa; mo tlogeleng. 18 Le fa seno sa bone se se bogale se fedile, ba tswelela ba dira boaka; babusi ba gagwe ba rata matlhabisa ditlhong a bone thata. 19 Phefo e tla mo phuthela ka diphuka tsa yone; mme ba tla tlhabiwa ke ditlhong ka lebaka la ditlhabelo tsa bone.