Kgalo 5

1 ''Utlwang se, baperesiti! Elang tlhoko, ntlo ya Iseraele! Reetsang, ntlo ya kgosi! Gonne katlholo e tla kwa go lona lotlhe. Le ntse le le selaga kwa Misepa le letloa mo godimo ga Tabore. 2 Ditsuolodi di nwetse mo go bolaeng, mme ke tla ba otlhaya botlhe. 3 Ke itse Iforaime, le Iseraele ga a mphitlhegela. Iforaime, jaanong o tshwana le mogweba-ka-mmele; Iseraele o leswafetse. 4 Ditiro tsa bone ga di ba letle go retologela kwa Modimong, gonne tlhaloganyo ya boaka e mo go bone, e bile ga ba itse Modimo Yahweh. 5 Boikgogomoso jwa Iseraele bo paka kgatlhanong le ene; jalo Iseraele le Iforaime ba tla kgopiwa mo bomolatong jwa bone; Juta o tla kgopiwa le bone. 6 Ba tla tsamaya le letsomane le matlhape a bone go batla Modimo Yahweh, mme ga ba na go mmona, gonne o intshitse mo go bone. 7 Ba ne ba sa ikanyege mo go Modimo Yahweh, gonne ba tshotse bana kwa ntle ga nyalo. Jaanong mekete ya ngwedi o mosha e tla ba kometsa le masimo a bone. 8 Letsa lonaka mo Gebea, le torompeta mo Rama. Dira modumo wa ntwa kwa Bethe Abene; 'Re tla go sala morago, Benjamene!' 9 Iforaime o tla fetoga letlotla mo letsatsing la kotlhao. Gare ga merafe ya Iseraele ke boletse phatlalatsa se se yang go diragala. 10 Baeteledipele ba Juta ba tshwana le ba ba sutisang letlapa la molelwane. Ke tla tshela bogale jwa me mo go bone jaaka metsi. 11 Iforaime o thubilwe; o thubilwe mo katlholong, gonne o ne a sala medingwana ya disetwa morago ka bomo. 12 Jalo ke tla nna jaaka mmoto mo go Iforaime, ke bo ke nna jaaka go bola mo ntlong ya Juta. 13 Fa Iforaime a bona bolwetse jwa gagwe, le Juta a bona ntho ya gagwe, foo Iforaime a ya kwa Asiria, mme Juta ene a romela barongwa kwa kgosing e kgolo. Mme o ne a se ka a kgona go le alafa batho ke lona, kgotsa go fodisa ntho ya lona. 14 Jalo ke tla nna jaaka tau mo go Iforaime, ke bo ke nna jaaka tau e nnye mo ntlong ya Juta. Nna, nna tota, ke tla gagola ke bo ke tsamaya; ke tla ba rwala ke tsamaya ka bone, mme ga go na ope yo o tla ba namolang. 15 Ke tla tsamaya ke boela kwa ke nnang teng, go fitlhellela ba ipolela bomolato jwa bone ba bo ba batla sefatlhego sa me, go fitlhelela ba mpatla ka tlhoafalo mo patikesegong ya bone.''