Kgaolo 3

1 Modimo Yahweh a nthaya a re, ''Tsamaya gape, rata mosadi yo o ratiwang ke monna wa gagwe, mme yo e leng seaka. Mo rate fela jaaka nna, Modimo Yahweh, ke rata bana ba Iseraele, le ntswa ba retologela kwa medimong e sele ebile ba rata dikuku tsa moretlwa o o omisitsweng.'' 2 Jalo ka mo ithekela ka dipapetlana tsa selefera di le lesome le botlhano, le selekanyo se se beilweng sa bali. 3 Ka mo raya ka re, ''O tshwanetse go nna le nna matsatsi a le mantsi. Ga o ke o nna mogwebi ka mmele kgotsa o nna wa monna yo mongwe. Ka tsela e e ntseng jalo, ke tla nna le wena.'' 4 Gonne batho ba Iseraele ba tla nna matsatsi a mantsi ba se na kgosi, kgosana, setlhabelo, pilara ya letlapa, khiba ya kobamelo kgotsa medingwana ya mo gae. 5 Morago ga mo batho ba Iseraele ba tla boa ba bo ba batla Yahweh Modimo wa bone le Tafita kgosi ya bone. Mme mo matsatsing a bofelo, ba tla tla ba roroma fa pele ga Modimo Yahweh le bomolemo jwa gagwe.