Kgaolo 2

1 Raya barwarraago o re, 'Batho ba gaetsho!' le bokgaitsadio, 'Le utlwetswe botlhoko.''' 2 Sekisa mmaago, mmone molato, gonne ga se mosadi wa me, le nna ga ke monna wa gagwe. A a tlose bogweba-ka-mmele jwa gagwe fa pele ga gagwe, le ditiro tsa gagwe tsa boaka fa gare ga mabele a gagwe. 3 Go sa nneng jalo, ke tla mo apola diaparo ke bo ke supa bosaikategang jwa gagwe bo tshwana le letsatsi le a tshotsweng ka lone. Ke tla mo dira gore a tshwane le sekaka, jaaka lefatshe le le kwakwaletseng, gape ke tla dira gore a swe ka lenyora. 4 Ga ke na go tlhomogela pelo bana ba gagwe, gonne ke bana ba bogweba-ka-mmele. 5 Gonne mmaabone e ne e le mogwebi-ka-mmele, ene yo o ba imileng o dirile matlhabisa ditlhong. O ne a re, ''Ke tla siana fa morago ga baratiwa ba me, gonne ba mpha borotho jwa me le metsi, boboa jwa nku jwa me le tlhale, leokwane la me le seno.'' 6 Jalo he ke tla aga legora ke bo ke thiba tsela ya gagwe ka mmitlwa. Ke tla aga lebota kgatlhanong le ene gore a se ka a bona tsela ya gagwe. 7 O tla siana fa morago ga baratiwa ba gagwe, mme ga a kitla a ba tshwara. O tla ba batla, mme ga na go ba bona. O tla bua a re, ''Ke tla boela kwa monneng wa me wa ntlha, gonne go ne go ntshiametse ka nako eo go na le gompieno.'' 8 Gonne o ne a sa itse gore ke nna ke mo neetseng mabele, mofine o mosha le leokwane, yo o goromeleditseng mo go ene selefera le gauta, tse ba neng ba di dirisetsa Bale. 9 Jalo ke tla busetsa mabele a me kwa go nna ka nako ya thobo, le mofine wa me o mosha ka paka ya one. Ke tla busetsa kwa go nna boboa jwa nku jwa me le tlhale tse di neng di dirisitswe go apesa bosaikategang jwa gagwe. 10 Foo ke tla mo apola mo matlhong a baratiwa ba gagwe, ga go na ope yo o tla mo namolang mo seatleng sa me. 11 Gape ke tla dira gore maipelo otlhe a gagwe a khutle - meletlo ya gagwe, maipelo a ngwedi o mosha a gagwe, Disabata tsa gagwe, le mekete yotlhe ya gagwe e e beetsweng nako. 12 ''Ke tla senya mefine ya gagwe le ditlhare tsa mefeige, tse a buileng jaana ka tsone, 'Tse ke tuelo e baratiwa ba me ba e nneetseng.' Ke tla di dira sekgwa, mme diphologolo tsa naga di tla di ja. 13 Ke tla mo otlhaela matsatsi a meletlo ya Bobale, fa a ne a ba besetsa maswalo, fa a ne a ikapesa mehitshana le mekgabisa, a bo a siana fa morago ga baratiwa ba gagwe a bo a ntebala.'' Modimo Yahweh o bua se phatlalatsa. 14 Ke tsile go mmusetsa kwa go nna gape. Ke tsile go mmusetsa kwa sekakeng ke bo ke bua le ene ka bonolo. 15 Ke tla mmusetsa masingwana a gagwe a mofine, ke bo ke mo neela mokgatsha wa Akore e le lebati la tsholofelo. O tla nkaraba gone koo jaaka a dirile mo matsatsing a bonana jwa gagwe, jaaka mo matsatsing a a duleng mo lefatsheng la Egepeto ka one. 16 ''E tla nna mo letsatsing leo'' - se ke se se buiwang ke Modimo Yahweh phatlatsa - ''O tla mpitsang, 'Monna wa me,' ga o na go tlhola o mpitsa, 'Bale wa me.' 17 Gonne ke tlosa maina a Bobale mo molomong wa gagwe; maina a bone ga a kitla a gakologelwa gape.'' 18 Mo letsatsing leo ke tla ba direla kgolagagno le diphologolo mo nageng, le dinonyane mo loaping, le dilo tse di gagabang mo mmung. Ke tla kobela kwa ntle bora, tshaka, le ntwa go tswa mo lefatsheng, mme ke tla dira gore o robale mo pabalesegong. 19 Ke tla solofetsa go nna monna wa gago ka bosakhutleng. Ke tla solofetsa go nna monna wa gago mo tshiamong, go sa gobeleleng, boikanyego mo kgolaganong, le mo bopelotlhomoging. 20 Ke tla solofetsa go nna monna wa gago mo boikanyegong. Mme o tla nkitse, Modimo Yahweh. 21 Mme mo letsatsing leo, ke tla araba'' - se se bolelwa phatlalatsa ke Modimo Yahweh. ''Ke tla araba magodimo, magodimo a tla araba lefatshe. 22 Lefatshe le tla araba mabele, mofine o mosha le leokwane, mme di tla araba Jeserile. 23 Ke tla mo ijwalela ka sebele mo lefatsheng, mme ke tla tlhomogela pelo Lo Ruhama. Ke tla raya Lo Ammi ke re, 'O Ammi Ata,' mme ba tla nthaya ba re, 'O Modimo wa rona.'''