Kgaolo 9

1 Tafita a re, ''A go na le mongwe wa lesika la ga Saulo yo ke ka mo supetsang boutlwelobotlhoko ka labaka la ga Jonathane?'' 2 Mo lesikeng la ga Saulo go ne go na le motlhanka mongwe a bidiwa Siba, mme ba mmiletsa kwa go Tafita. Kgosi a mo raya a re, ''A ke wena Siba?'' A fetola, ''Ee. Ke motlhanka wa gago.'' 3 Jalo kgosi a re, ''A go na le ope wa lesika la ga Saulo yo o setseng yo ke ka mmontshang boutlwelobotlhoko jwa Modimo?'' Siba a fetola kgosi, ''Jonathane o na le morwa yo o segole kwa dinaong.'' 4 Kgosi a mo raya a re, ''O kae?'' Siba a fetola kgosi, ''Bona, o mo ntlong ya ga Machiri morwa Amiele kwa Lo Diba.'' 5 Foo kgosi Tafita a roma bangwe a mo tsisa go tswa mo ntlong ya ga Machiri morwa Amiele kwa Lo Diba. 6 Jalo Mefiboshethe morwa Jonathane morwa Saulo, a tla kwa go Tafita mme a inamisetsa sefatlhego sa gagwe fa fatshe go tlotla Tafita. Tafita a re, ''Mefiboshethe.'' A araba, ''Bona, ke motlhanka wa gago!'' 7 Tafita a mo raya a re, ''O se ka wa tshoga, gonne ammaaruri ke tla go supegetsa boutlwelobotlhoko ka lebaka la ga rraago Jonathane, gape ke tla buseletsa kwa go wena lefatshe lotlhe la ga rraagomogolo Saulo, mme o tla nna o ja fa tafoleng ya me.'' 8 Mefiboshethe a obega a re, ''Motlhanka wa gago ke eng, mo o lebang ka botsalano ntsa e e suleng jaaka nna jaana?'' 9 Foo kgosi a bitsa Siba, motlhanka wa ga Saulo, a mo raya a re, ''Tsotlhe tse e neng e le tsa ga Saulo le ba lelapa la gagwe ke di neetse ngwana wa ngwana wa ga mong wa gago. 10 Wena, barwa ba gago, le batlhanka ba gago le tshwanetse go mo lemela lefatshe le bo le robe thobo gore ngwana wa ngwana wa mong wa gago a nne le dijo tse a ka di jang. Gonne Mefiboshethe, ngwana wa ngwana wa mong wa gago, o tshwanetse go ja kwa tafoleng ya me ka dinako tsotlhe.'' Jaanong Siba o ne a na le barwa ba le lesome le botlhano le batlhanka ba le masome a mabedi. 11 Foo Siba a raya kgosi a re, ''Motlhanka wa gago o tla dira tsotlhe tse mong wa me kgosi a di laolang motlhanka wa gagwe go di dira.'' Kgosi a tlatsa, ''Fa e le Mefiboshethe, o tla ja kwa tafoleng ya me jaaka mongwe wa barwa ba kgosi. 12 Mefiboshethe o ne a na le morwa yo o santseng a le monnye yo leina la gagwe e leng Mika. Mme botlhe ba ba neng ba nna mo ntlong ya ga Siba e ne e le batlhanka ba ga Mefiboshethe. 13 Jalo Mefiboshethe o ne a nna kwa Jerusalema, mme o ne a nna a ja kwa tafoleng ya kgosi ka dinako tsotlhe, ntswa a ne a le segole mo dinaong tsa gagwe ka bobedi.