Kgaolo 10

1 Go ne ga diragala morago gore kgosi ya batho ba Amone a swe, mme morwawe Hanune a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 2 Tafita a re, ''Ke tla supetsa Hunune morwa Nahashe bopelonomi, jaaka rraagwe a ne a nna pelonomi mo go nna.'' Jalo Tafita a romela batlhanka ba gagwe go gomotsa Hanune mabapi le rraagwe. Batlhanka ba gagwe ba tsena mo lefatsheng la batho ba Amone. 3 Mme baeteledipele ba batho ba Amone ba bua le mong wa bone Hunune, ''A mme o akanya gore Tafita o supa tlotlo mo go rraago, ka gore o romile banna go go gomotsa? A Tafita ga a romela batlhanka ba gagwe kwa go wena go lebelela toropokgolo, go e tsaya ditlholwa, gore a tle a e menole?'' 4 Jalo Hanune a tsaya batlhanka ba ga Tafita, a ba beola sephatlo sa ditedu tsa bone, a gagola diaparo tsa bone go fitlha kwa maragong, a bo a ba romela gae. 5 Fa ba tlhalosetsa Tafita se, a roma mongwe gore a kopane le bone, gonne banna ba ne ba tlhabilwe ke ditlhong. Kgosi a re, ''Nnang fela kwa Jeriko go fitlhelela ditedu tsa lona di gola gape, mme le bo le boa.'' 6 Fa batho ba Amone ba bona gore ba fetogile monko wa sebodu mo go Tafita, batho ba Amone ba roma barongwa mme ba hira Baaramo ba Bethe Rehobo le Soba, masole a a tsamayang ka dinao a le dikete tse di masome a mabedi, le kgosi ya Maakha ka banna ba le sekete, le banna ba Tobe ka banna ba le dikete tse di lesome le bobedi. 7 Fa Tafita a utlwa ka se, a romela Joabe le sesole sotlhe. 8 Baamone ba tswela kwa ntle ba ipaya mo moleng wa ntwa kwa ntle ga dikgoro tsa toropokgolo ya bone, fa Baaramo ba Soba le Rehobo, le banna ba Tobe le Maakha, ba ne ba eme ka bobone mo masimong a a atlhameng. 9 Fa Joabe a bona mela ya ntwa e lebaganye le ene kwa pele le kwa morago, a kgetha banna ba tlhwatlhwa ba batlhabani ba Iseraele mme a ba baya sentle kgatlhanong le Baaramo. 10 Fa e le masole a mangwe a a setseng, a a neela mo taolong ya ga morwarraagwe Abishai, mme a ba baya mo meleng ya ntwa kgatlhanong le sesole sa Amone. 11 Joabe a re, ''Fa Baaramo ba ka nna maatla thata mo go nna, foo wena, Abishai, o tshwanetse go nnamola. Mme fa Baamone ba ka nna maatla thata mo go wena, foo ke tla tla go go namola. 12 Thatafala, a re itshupe re nonofetse go lwela batho ba rona, le ditoropokgolo tsa Modimo wa rona, gonne Modimo Yahweh o tla direla molemo thulaganyo ya gagwe.'' 13 Jalo Joabe le masole a sesole sa gagwe ba gatela pele go lwantsha Baaramo, ba ba neng ba patelesega go sia fa pele ga sesole sa Iseraele. 14 Fa sesole sa Amone se bona gore Baaramo ba siile, le bone ba tshaba Abishai mme ba boela mo toropokgolong. Foo Joabe a boa go tswa kwa bathong ba Amone mme a boela kwa Jerusalema. 15 Mme fa Baaramo ba bona gore ba fenngwa ke Iseraele, ba ikgobokanya gape. 16 Foo Hataresere a romela molaetsa gore go tle masole a Aramo a a tswang moseja wa noka ya Yufurate. Ba tla kwa Helamo le Shobache, molaola sesole sa ga Hataresere a ba eteletse pele. 17 Fa Tafita a bolelelwa se, a kgobokanya Iseraele otlhe, a kgabaganya Jorotane, a goroga kwa Helamo. Baaramo ba ipaakanya ka go ema mo meleng ya ntwa mme ba lwantsha Tafita. 18 Baaramo ba tshaba Iseraele. Tafita a bolaya masole a dikolotsana tsa ntwa a le makgolo a supa le masole a a palamang dipitse a le dikete di le masome a mane. Shobache, molaola sesole sa bone a golafadiwa mme a swela koo. 19 Fa dikgosi tse e neng e le batlhanka ba ga Hataresere ba bona gore ba fentswe ke Iseraele, ba dira kagiso le Iseraele ba bo ba nna batlhanka ba bone. Jalo Baaramo ba ne ba boifa go ka tlhola ba thusa Baamone gape.