Kgaolo 11

1 Go ne ga diragala ka nako ya dikgakologo, fa ka tlwaelo dikgosi di a bong di ya ntweng, gore Tafita a romele Joabe, le batlhanka ba gagwe, le sesole sotlhe sa Iseraele. Ba ne nyealets sesole sa Amone ba bo ba dikaganyetsa Raba. Mme Taita a nna mo Jerusalema. 2 Jalo go ne ga diragala gore maitseboa mangwe Tafita a tsoga mo bolaong jwa gagwe a tsamaya mo borulelong jwa ntlo ya bogosi ya gagwe. Gone foo ga diragala gore a bone mosadi a tlhapa, mme mosadi yoo o ne a le montle go lejwa. 3 Jalo Tafita a roma bangwe a botsa ba ba ka tswang ba itse mosadi. Mongwe a re, ''A ga se Bathesheba, morwadia Eliamo, gape a ga se mosadi wa ga Uria wa Mohiti?'' 4 Tafita a roma bangwe a mo tsaya; a tla kwa go ene, mme a robalana le ene(gonne e ne e le gone a fetsang go bona setswalo). Foo a boela kwa ntlong ya gagwe. 5 Mosadi a ima mme a roma bangwe a bolelela Tafita; a re, ''Ke moimana.'' 6 Foo Tafita a roma bangwe kwa go Joabe a re, ''Nthomelele Uria wa Mohiti.'' Jalo Joabe a romela Uria kwa go Tafita. 7 Fa Uria a goroga, Tafita a mmotsa gore Joabe o tsogile jang, le gore masole ba dira jang, le gore ntwa e tsamaya jang. 8 Tafita a raya Uria a re, ''Tsamaya o ye kwa ntlong ya gago, mme o tlhape dinao.'' Jalo Uria a tswa mo ntlong ya bogosi ya kgosi, mme kgosi a romela mpho kwa go Uria morago fa a sena go tswa. 9 Mme Uria a robala kwa lebating la ntlo ya bogosi ya kgosi le batlhanka ba mong wa gagwe, mme a se ka a ya kwa ntlong ya gagwe. 10 Fa ba bolelela Tafita, ''Uria ga a a ka a ya kwa ntlong ya gagwe,'' Tafita a raya Uria a re, ''A ga o tswe mo leetong? Ke eng o sa ya kwa ntlong ya gago?'' 11 Uria a araba Tafita, ''Letlole, le Iseraele le Juta, ba nna mo ditenteng, mme le mong wa me Joabe le batlhanka ba mong wa me ba kampile mo nageng e e atlhameng. Jaanong ke ka tsena jang mo ntlong ya me ka ja, ka nwa, ka bo ka robalana le mosadi wa me? Fela jaaka o tshela, ga ke na go dira jalo.'' 12 Jalo Tafia a raya Uria a re, ''Nna fa letsatsi leno gape, mme ke tla go lesa o tsamaya kamoso.'' Jalo Uria a nna mo Jerusalema letsatsi leo le letsatsi le le latelang. 13 Fa Tafita a mmitsa, a ja a bo a nwa fa pele ga gagwe, mme Tafita a mo tagisa. Ka nako ya maitseboa Uria a tswa a ya go robala mo bolaong jwa gagwe le batlhanka ba mong wa gagwe; ga a a ka a ya kwa ntlong ya gagwe. 14 Jalo mo mosong Tafita a kwalela Joabe lekwalo, mme a le romela ka seatla sa ga Uria. 15 Tafita a kwala mo lekwalong a re, ''Baya Uria kwa pele kwa ntwa e leng mashetla teng, mme le bo le kata ka morago le mo tlogela gore a itewe a bolawe.'' 16 Jalo jaaka Joabe a lebile ka fa ba dikaganyeditseng toropokgolo ka teng, a roma Uria go lwa kwa a neng a itse gore masole a baba a a maatla ba ya go lwa teng. 17 Fa banna ba toropokgolo ba tswela kwa ntle go lwa le sesole sa ga Joabe, bangwe ba masole a ga Tafita ba wa, mme Uria wa Mohiti le ene a bolaelwa koo. 18 Fa Joabe a romela lefoko kwa go Tafita ka sengwe le sengwe se se amanang le ntwa, 19 a laola morongwa, a re, ''Fa o feditse go bolelela kgosi dilo tsotlhe tse di amanang le ntwa, 20 go ka nna ga diragala gore kgosi a tenege, mme o ka go raya a re, 'Ke eng le ne le lwa le le gaufi le toropokgolo? A le ne le sa itse gore ba tla hula go tswa mo leboteng? 21 Ke mang yo o bolaileng Abimeleke morwa Jerubeshethe? A mosadi ga a a ka a digela letlapa le le nnang fa godimo la tshilo mo go ene go tswa mo leboteng mme a swela kwa Thebese? Ke eng le ne la atamela lebota go le kana?' Foo o tshwanetse o arabe, 'Motlhanka wa gago Uria le ene o sule.''' 22 Jalo morongwa a tswa a ya kwa go Tafita a mmolelela dilo tsotlhe tse Joabe a mo romileng go di bua. 23 Mme morongwa a raya Tafita a re, ''Baba ba ne ba le thata go re feta la ntlha; ba ne ba re latela kwa patlelong, mme re ne ra ba kgarameletsa morago go fitlha kwa kgorong. 24 Mme bahudi ba bone ba hula masole a gago go tswa mo leboteng, mme bangwe ba batlhanka ba kgosi ba ne ba bolawa, mme le motlhanka wa gago Uria wa Mohiti o ne a bolawa.'' 25 Foo Tafita a raya morongwa a re, ''Raya Joabe o re, 'O se ka wa letlelela se go go hutsafatsa, gonne tshaka e kometsa mongwe e boe e kometse yo mongwe. Oketsa maatla a ntwa kgatlhanong le toropokgolo, mme o e menole.' Mme o kgothatse Joabe.''' 26 Jalo fa mosadi wa ga Uria a utlwa gore Uria monna wa gagwe o sule, a hutsafalela monna wa gagwe mo go golo. 27 Fa khutsafalo ya gagwe e sena go feta, Tafita a roma bangwe a mo tseela mo gae mo ntlong ya bogosi ya gagwe, mme a nna mosadi wa gagwe a mo tsholela morwa. Mme se Tafita a se dirileng sa se ka sa itumedisa Modimo Yahweh.