Kgaolo 12

1 Foo Modimo Yahweh a romela Nathane kwa go Tafita. A tla kwa go ene mme a re, ''Ka nako nngwe go ne go na le banna ba babedi mo toropokgolong. Monna mongwe o ne a humile fa yo mongwe a ne a humanegile. 2 Monna wa mohumi o ne a na le matsomane a magolo le matlhape, 3 mme monna wa mohumanegi o ne a sena sepe ntleng le konyana e namagadi, e a neng a e reka, a e otla a bo a e godisa. E ne ya gola le ene le bana ba gagwe. Konyana e ne e ja le ene e bo e nwa mo senwelong se le sengwe le ene, gape e ne e robala mo matsogong a gagwe, jaak e kare ke ngwana wa gagwe wa mosetsana. 4 Letsatsi lengwe moeng a tla kwa monneng wa mohumi, mme monna wa mohumi o ne a sa ikemisetsa go ntsha seruiwa mo letsomaneng kgotsa mo matlhapeng go direla moeng dijo. Boemong jwa moo a tsaya konyana e namagadi ya monna wa mohumanegi a e tlhaba a e apeela moeng wa gagwe.'' 5 Tafita a tukela monna wa mohumi ka bogale, mme a bua le Nathane ka bogale a re, ''Jaaka Modimo Yahweh a tshela, monna yo o dirileng se o tshwanetswe ke go swa. 6 O tshwanetse go duelela konyana go menaganye gane ka gonne o dirile selo se se ntseng jaana, gape le ka gonne o ne a sena bopelotlhomogi mo monneng wa mohumanegi.'' 7 Foo Nathane a raya Tafita a re, ''Monna yoo ke wena! Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele a re, 'Ke go tloditse go nna kgosi mo Iseraele, gape ke go namotse mo seatleng sa ga Saulo. 8 Ke go neile ntlo ya mong wa gago, ka bo ka go neela basadi ba mong wa gago mo matsogong a gago. Gape ke go neile ntlo ya Iseraele le ya Juta. Fa e le gore moo go ka bo go nnile go nnye, ke ka bo ke go neile dilo tse dingwe tse dintsi fa godimo. 9 Jalo ke eng o nyaditse ditaolo tsa Modimo Yahweh, go dira tse di bosula mo ponong ya gagwe? O bolaile Uria wa Mohiti ka tshaka, mme o tsere mosadi wa gagwe wa mo dira mosadi wa gago. O mmolaile ka tshaka ya sesole sa Amone. 10 Jaanong tshaka ga e kitla e tloga mo ntlong ya gago, gonne o nnyaditse mme o tsere mosadi wa ga Uria wa Mohiti go nna mosadi wa gago.' 11 Modimo Yahweh a re, ''Bona, ke tla godisa sebetso kgatlhanong le wena go tswa mo ntlong e e leng ya gago. Fa pele ga matlho a gago, ke tla tsaya basadi ba gago ke ba neela moagisanyi wa gago, mme o tla robalana le basadi ba gago letsatsi le penne. 12 O dirile boleo jwa gago mo sephiring, mme ke tla dira selo se fa pele ga Iseraele otlhe, letsatsi le penne.''' 13 Foo Tafita a raya Nathane a re, ''Ke leofile fa pele ga Modimo Yahweh.'' Nathane a fetola Tafita, ''Modimo Yahweh le ene o tlositse boleo jwa gago. Ga o na go bolaiwa. 14 Le fa go ntse jalo, ka lebaka la gore se o se dirileng se e ne e le go nyatsa Modimo Yahweh, ngwana yo o mo tsaletsweng yo o tsile go swa.'' 15 Foo Nathane a tswa a ya gae. Modimo Yahweh a tlhasela ngwana yo mosadi wa ga Uria a mo tsholetseng Tafita, mme a lwala thata. 16 Foo Tafita a kopa Modimo thata mabapi le mosimane. Tafita a ikitsa dijo a tsena mo teng a rapama fa fatshe bosigo jotlhe. 17 Bagolwane ba ntlo ya gagwe ba ema ka dinao fa thoko ga gagwe, go mo imisa ka dinao, mme a se ka a ema ka dinaole fa e le go ja le bone. 18 Ga diragala gore ka letsatsi la bosupa ngwana a swa. Batlhanka ba ga Tafita ba boifa go mmolelela gore ngwana o sule, gonne ba ne ba re, ''Bonang, fa ngwana a santse a tshela re ne ra bua le ene, mme a se ka a re reetsa lentswe la rona. O ka nna a itira eng fa re mmolelela gore ngwana o sule?!'' 19 Mme e rile fa Dafiteafita a bona gore batlhanka ba gagwe ba sebaseba mmogo, Tafita a ikutlwela mo moweng gore ngwana o sule. A raya batlhanka ba gagwe a re, ''A ngwana o sule?'' Ba araba, ''O sule.'' 20 Jalo Dafite a ema ka dinao go tswa fa fatshe, a tlhapa, a itlotsa, a fetola diaparo. A ya kwa tempeleng ya Modimo Yahweh, a obamela koo, mme a boela morago kwa ntlong ya bogosi ya gagwe. Fa a kopa dijo, ba di baya fa pele ga gagwe mme a ja. 21 Jalo batlhanka ba gagwe ba mo raya ba re, ''Ke eng o dirile se? O ne wa ikitsa dijo wa lelela ngwana fa a santse a tshela, mme fa ngwana a sena go swa, o ne wa ema ka dinao wa ja.'' 22 Dafite a araba, ''Fa ngwana a santse a tshela kene ka ikitsa dijo ka lela. Ke ne ka re, 'Ke mang yo o itseng, gore gongwe Modimo Yahweh o ka nna boutlwelobotlhoko mo go nna, mme ngwana a tshela?' 23 Mme jaanong o sule, ke tla bo ke ikitsetsang dijo? A ke ka mmusetsa kwano? Ke tla ya kwa go ene, mme ga a ka ke a boela kwa go nna.'' 24 Dafite a gomotsa Bathesheba mosadi wa gagwe, mme a tsena kwa go ene, mme a robalana le ene. Morago a tshola morwa, mme ngwana a bidiwa Solomone. Modimo Yahweh a mo rata 25 mme a romela lefoko ka moporofiti Nathane go mmitsa leina Jedidia, gonne Modimo Yahweh o ne a mo rata. 26 Jaanong Joabe a lwa le Raba, toropokgolo ya segosi ya batho ba Amone, mme a gapa kago ya yone ya tshireletso. 27 Jalo Joabe a romela barongwa kwa go Tafita mme a re, ''Ke lole le toropokgolo ya Raba, mme ke tsere metswedi yametsi ya toropokgolo. 28 Jalo he, kgobokanya sesole se se setseng mme o kampe kgatlhanong le toropokgolo o e tsee, gonne fa ke ka tsaya toropokgolo, e tla fiwa leina la me.'' 29 Jalo Tafita a kgobokanya sesole sotlhe mme a ya kwa Raba; a lwa le torookgolo mme a e gapa. 30 Dafite a tsaya serwalo sa bogosi go tswa mo tlhogong ya kgosi ya bone - e ne e le selekanyo se le sengwe sa gauta, mme go ne go na le letlapana le le tlhwatlhwa lele lengwe mo go yone. Serwalo sa bogosi sa bewa mo tlhogong ya ga Dafite. Foo a ntsha digapiwa tsa toropokgolo ka bontsi jwa tsone. 31 A ntshetsa kwa ntle batho ba ba neng ba le mo toropokgolong mme a ba patika go bereka ka dishaga, dipeke tsa tshipi, le dilepe; gape o ne a dira gore ba bereke kwa go besiwang ditena teng. Tafita o ne a gatelela gore ditoropokgolo tsotlhe tsa batho ba Amone go dira tiro e. Foo Tafita le sesole sotlhe ba boela kwa Jerusalema.