Kgaolo 13

1 Go ne ga diragala morago ga se, gore Amonone morwa Dafite a kgatlhgele go robala kgaitsadie ka rraagwe, Tamare, yo o neng a le kgaitsadie Abosalomo, mongwe wa barwa ba ga Dafite. 2 Amonone o ne a jega mo a neng a lwala ka lebaka la ga Tamare. O ne a le kgarebana, mme ga lebega go sa kgonege gore Amonone o ka dira sengwe ka ene. 3 4 Mmme Amonone o ne a na le tsala yo leina la gagwe e neng e le Jehonatabe morwa Shama, morwarra Tafita. Jehonatabe o ne a tletse matlhajana.Jehonatabe a raya Amonone a re, ''Ke eng, morwa wa kgosi, o nna o tlhontse moso lemoso? A ga o ka ke wa mpolelela?'' Jalo Amonone a mo araba, ''Ke rata Tamare, kgaitsadie morwarre Abosalomo.'' 5 Foo Jonatabe a mo raya a re, ''Rapama mo bolaong jwa gago o iketsise gore o a lwala. Fa rraago a tla go go tlhola, mo kope, 'A o ka nthomelela kgaitsadiake Tmare gore a nkapeele sengwe ke se bona, a se nneele, ke se je go tswa mo seatleng sa gagwe?''' 6 Jalo Amonone a rapama a iketsisa jaaka ekete o a lwala. Fa kgosi a tla go mmona, Amonone a raya kgosi a re, ''Tsweetswee romela kgaitsadiake Tamare a tle go direla bolwetse jwa me dijo fa pele ga me ke tle ke je mo seatleng sa gagwe.'' 7 Foo Dafite a romela lefoko kwa go Tamare kwa ntlong ya gagwe ya bogosi, a re, ''Tsamaya jaanong kwa ntlong ya ga kgaitsadio Amonone mme o mmaakanyetsa dijo.'' 8 Jalo Tamare a ya kwa ntlong ya ga kgaitsadie Amonone yo o neng a rapame fa fatshe. A tsaya boupe jwa borotho a bo duba mme a dira borotho mo ponong ya gagwe, mme a bo besa. 9 A tsaya pane, a mo neela borotho, mme a gana go bo ja. Foo Amonone a raya batho ba bangwe ba ba neng ba le teng a re, ''Romela batho botlhe kwa ntle, ba tswe fa go nna.'' Jalo batho botlhe ba tswa fa go ene. 10 Jalo Amonone a raya Tamare a re, ''Tsisa dijo kwa ntlwaneng ya me gore ke je mo seatleng sa gago.'' Jalo Tamare a tsaya borotho jo a bo besitseng, mme a bo tsisa mo ntlwaneng ya ga kgaitsadie Amonone. 11 Fa a sena go tlisa dijo kwa go ene, a mo tshwara mme a mo raya a re, ''Tla, robalana le nna, kgaitsadiaka.'' 12 A mo araba, ''Nyaa, kgaitsadiaka, o se ka wa mpatika, gonne selo se se ntseng jaana ga se a tshwanela go dirwa mo Iseraele. O se ka wa dira selo se se gakgamatsang se! 13 Ke tla ya kae go tshaba matlhabisa ditlhong a a tla tsisiwang ke selo se mo botshelong jwa me? Mme go dira jaana go tla go tshwaya o le seeleele se se senang ditlhong mo Iseraele otlhe. Tsweetswee, ke go kopa go bua le kgosi. O tla go letlelela go nnyala.'' 14 Le fa go ntse jalo Amonone a se ka a mo reetsa. Ka gore o ne a le maatla go feta Tamare, a mo tshwara mme a mo robala. 15 Foo Amonone a ila Tamare ka kilo e e tseneletseng. O ne a mo ila go feta jaaka a ne a mo eletsa. Amonone a mo raya a re, ''Ema ka dinao o tsamae.'' 16 Mme a mo tsibogela, ''Nnyaa! Gonne bosula jo bogolo jo jwa go ntira gore ke tsamae bo maswe thata go feta se o se ntirileng!'' Mme Amonone a se ka a mo reetsa. 17 Boemong jwa moo, a bitsa motlhanka wa gagwe yo o mo tlhokomelang mme a re, ''Tsaya mosadi yo o mo ntshe fa go nna, mme o lotlele lebati fa morago ga gagwe.'' 18 Foo motlhanka wa gagwe a mo ntshetsa kwa ntle, mme a lotlela lebati fa morago ga gagwe. Tamare o ne a apere jase e e kgabisitsweng gonne barwadia kgosi ba ba sa robalwang ke banna ba ne ba apara jalo. 19 Tamare a baya melora ya leiso mo tlhogong ya gagwe, mme a gagola jase ya gagwe. A rwala mabogo mo tlhogong, mme a tswa a tsamaya, a lelela kwa godimo jaaka a tsamaya. 20 Abosalomo kgaitsadie a mo raya a re, ''A Amonone o ne a na le wena? Mmme didimala, kgaitsadiaka. Amonone ke kgaitsadio. O se ka wa isa selo se kwa pelong.'' Jalo Tamare a nna a le nosi mo ntlong ya ga Abosalomo kgaitsadie. 21 Mme fa kgosi Dafite a utlwa ka dilo tsotlhe tse, a tenega mo go golo. 22 Abosalomo a se ka amraya Amonone sepe, gonne Abosalomo o ne a mo ilela se a se dirileng Tamare, le ka fa a tlhabisitseng kgaitsadie Tamare ditlhong ka teng. 23 Go ne ga diragala morago ga dingwaga tse pedi tse di tletseng gore Abosalomo a nne le babeodi ba dinku ba bereka kwa Bale Hasore, o o leng gaufi le Iforeimi, mme Abosalomo a laletsa barwa ba kgosi botlhe go etela koo. 24 Abosalomo a ya kwa kgosing mme a re, ''Bona jaanong, motlhanka wa gago o na le babeodi ba dinku. Tsweetswee, a kgosi le batlhanka ba gagwe ba ka tsamaya le nna, motlhanka wa gago.'' 25 Kgosi a araba Abosalomo, ''Nyaa, morwaaka, ga re a tshwanela go tsamaya rotlhe gonne re ka nna morwalo mo go wena.'' Abosalomo a rotloetsa kgosi, mme a se ka a tsamaya, mme mo sedgofatsa. 26 Abosalomo a re, ''Fa go sa nne jalo, tsweetswee letlelela morwarre Amonone go tsamaya le rona.'' Jalo kgosi a mo raya a re, ''Ke eng Amonone a tshwanetse go tsamaya le lona?'' 27 Abosalomo a gatelela Dafite, mme a letlelela 28 Amonone le barwa ba kgosi botlhe go tsamaya le ene. Abosalomo a laola batlhanka ba gagwe a re, ''Reetsang ka tlhwaafalo. Fa Amonone a simolola go tagwa ke mofine, mme fa ke le raya ke re, 'Tlhaselang Amonone,' foo le mmolaeng. Le se ka la boifa. A ga ke a le laola? Kgothalang le nne pelokgale.'' 29 Jalo batlhanka ba ga Abosalomo ba dira Amonone jaaka a ba laotse. Foo barwa ba kgosi ba ema ka dinao, monna mongwe le mongwe a palama mmoulo wa gagwe a sia. 30 Ga diragala gore, fa ba ntse ba le mo tseleng, dikang di tle kwa go Dafite di re, ''Abosalomo o bolaile barwa ba kgosi botlhe, ga go na ope wa bone yo o setseng.'' 31 Foo kgosi a ema ka dinao a gagaola diaparo tsa gagwe, a rapama fa fatshe mo bodilong; batlhanka botlhe ba gagwe ba ema fa thoko ga gagwe ka diaparo tse di gagotsweng. 32 Jehonatabe morwa Shama, morwarraa Dafite, a araba a re, ''A mong wa me a se ka a dumela gore ba bolaile bannana botlhe ba e leng barwa ba kgosi, gonne ke Amonone fela yo o suleng. Abosalomo o rulagantse se go tloga ka letsatsi le Amonone a beteletseng kgaitsadie Tamare ka lone. 33 Jalo a mong wa me a se ka a tseela pego e kwa pelong, go dumela gore barwa botlhe ba kgosi ba sule, gonne go sule Amonone a le nosi.'' 34 Abosalomo a sia. Motlhanka yo o neng a lebile a tsholetsa matlho a gagwe mme a bona batho ba le bantsi ba tla mo tseleng mo thoko ga thaba kwa bophirimatsatsi jwa gagwe. 35 Foo Jehonatabe a raya kgosi a re, ''Bona, barwa ba kgosi ba etla. Go ntse fela jaaka motlhanka wa gago a buile.'' 36 Jalo ga diragala gore e re fela fa a fetsa go bua barwa ba kgosi ba goroge, mme ba tsholetsa mantwe a bone ba lela. Mme kgosi la batlhanka ba gagwe botlhe le bone ba lela mo go botlhoko. 37 38 39 Mme Abosalomo a siela kwa go Talamai morwa Amihudi, kgosi ya Geshuru. Tafita a hutsafalela morwawe letsatsi le letsatsi. Jalo Abosalomo a siela kwa Geshuru, kwa a nnileng teng dingwaga tse tharo. Tlhaloganyo ya ga kgosi Tafita ya eletsa go tswa a ya go bona Abosalomo, gonne o ne a gomotsegile mabapi le Amonone le loso lwa gagwe.