Kgaolo 14

1 Jaanong Joabe morwa Seruia a lemoga gorenpeloya kgosi e eletsabgo bona Abosalomo. 2 Jalo Joabe a romela lefoko kwa Tekoa gore a tsisediwe mosadi yo o botlhale. A mo raya a re, ''Tsweetswee iketsise jaaka mohutsafadi mme o apare diaparo tsa khutsafalo. Tsweetswee o se ka wa itlotsa ka leokwane, mme o nne jaaka mosadi yo o hutsafaletseng baswi ka nako e telele. 3 Foo o ye kwa kgosing, mme o bue le kgosi ka dilo tse ke tla di kayang.'' Jalo Joabe a mmolelela mafoko a a tla a rayang kgosi. 4 Fa mosadi yo otswang kwa Tekoa a bua le kgosi, a ribama ka sefatlhego se le fa fatshe mme a re, ''Nthuse kgosi.'' 5 Kgosi a mo raya a re a re, ''Molato ke eng?'' A araba, ''Boammaaruri ke gore ke motlholagadi, monna wa me o sule. 6 Nna, motlhanka wa gago, ke ne ke na le barwa ba le babedi, mme ba ne ba lwa kwa tshimong, mme ga bo go sena ope yo o ba tshereganyang. Mongwe wa bone a betsa yo mongwe mme a mmolaya. 7 Mme jaanong kgotlana yotlhe e eme ka dinao kgatlhanong le motlhanka wa gago, ya re, ''Re neele monna yo o iteileng morwarraagwe, gore re tle re mmolae, go duelela botshelo jwa morwarraagwe yo a mmolaileng.' Mme jalo gape ba tla nyeletsa mojaboswa. Go dira jalo ba tla tima legala le le nosi le le ntshaletseng, mme ba tla se ka ba tlogelele monna wa me leina le fa e le kokomana mo lefatsheng.'' 8 Jalo kgosi a raya mosadi a re, ''Tsamaya o ye kwa ntlong ya gago, mme ke laola gore o direlwe sengwe.'' 9 Mosadi yo o tswang Tekoa a fetola kgosi, ''Mong wa me, kgosi, a molato o nne mo go nna, le mo go ba lelapa la ga rre. Kgosi le setilo sa bogosi sa gagwe ga ba na molato.'' 10 Kgosi a fetola, ''Ope yo o go rayang sepe, mo tsise kwa go nna, ga a kitla a go ama gape.'' 11 Foo mosadi a re, ''A kgosi a gakologelwe Modimo Yahweh, Modimo wa gago, gore mmusolosi wa madi a se ka a nyeletsa ope go tloga fa, gore ba tle ba se ka ba nyeletsa morwaake.'' Kgosi a fetola, ''Fela jaaka Modimo Yahweh a tshela, ga go na moriri o mongwe wa ga morwao o o tla welang fa fatshe.'' 12 Foo mosadi a re, ''Tsweetswee letlelela motlhanka wa gago go bua lefoko gape le mong wa me kgosi.'' A re, ''Tswelela o bue.'' 13 Jalo mosadi a re, ''Ke ene jaanong o logile selo se se ntseng jaana kgatlhanong le batho ba Modimo? Gonne mo go bueng ka selo se, kgosi o tshwana le motho yo o molato, ka gore kgosi ga a a busetsa gae morwawe yo o kobilweng. 14 Gonne rotlhe re tshwanetse go swa, re tshwana le metsi a tshololetswe fa fatshe, a a se kakeng a selwa gape. Me Mdimo ga a ka ke a tlosa botshelo; boemong jwa moo, o batla tsela ya gore ba ba neng ba kobilwe ba buselediwe. 15 Jaanong, ka ke bona gore ke tsile go bua selo se le mong wa me kgosi, ke ka gore batho ba ntshositse. Jalo motlhanka wa gago o ne a ithaya a re, 'Jaanong ke tla bua le kgosi. 16 Gongwe kgosi o tla dira kopo ya motlhanka wa gagwe. Gonne kgosi o tla nkutlwa, gore a tle a ntshe motlhanka wa gagwe mo seatleng sa monna yo o neng a tla nnyeletsa nna mmogo le morwaake, go tswa mo bosweng jwa Modimo.' 17 Foo motlhanka wa gago a rapela, 'Modimo Yahweh, tsweetswee a lefoko la mong wa me kgosi le mphe kgololo, gonne mong wa me kgosi o tshwana le moengele wa Modimo mo go boleleng bomolemo go tswa mo bosuleng.' A Modimo Yahweh Modimo wa gagoa nna le wena.'' 18 Foo kgosi a araba a raya mosadi a re, ''Tsweetswee o se ka wa mphitlhela sepe sa tse ke tla di go botsang.'' Mosadi a fetola, ''A mong wa me kgosi a bue.'' 19 Kgosi a re, ''A seatla sa ga Joabe ga se na le wena mo dilong tsotlhe tse?'' Mosadi a araba mme a re, ''Jaaka o tshela mong wa me kgosi, ga go na ope yoo ka sielang kwa letsogong la moja kgotsa la molema go tswa mo gosepe se mong wa me kgosi a se buileng. Ke motlhanaka wa gago Joabe yo o ntaotseng a bo a mpolelela gore ke bue dilo tse motlhanka wa gago a di buileng tse. 20 Motlhanka wa gago Joabe o dirile se go fetola tsela e dilo di diragalang ka yone. Mong wa me o botlhale, jaaka botlhale jwa moengele wa Modimo, mme o itse sengwe le sengwe se se diragalang mo lefatsheng.'' 21 Jalo kgosi a raya Joabe a re, ''Bona, ke tla dira selo se. Tsamaya, o busetse monnana Abosalomo morago.'' 22 Jalo Joabe a ribama ka sefatlhego se le fa fatshe go tlatla le go leboga kgosi. Joabe a re, ''Letsatsi leno ke a itse gore motlhanka wa gago o bonye botsalano mo ponong ya gago, mong wa me , kgosi, ka gore kgosi o dirile kopo ya motlhanka wa gagwe.'' 23 Jalo Joabe a ema ka dinao, a ya kwa Geshuru, mme a busetsa Abosalomo kwa Jerusalema. 24 Kgosi a re, ''O ka boela kwa ntlong ya gagwe, mme ga a na go bona sefatlhego sa me.'' Jalo Abosalomo a boela kwa ntlong ya gagwe, mme a se ka a bona sefatlhego sa kgosi. 25 Jaanong mo Iseraele otlhe go ne go sena ope yo o bokiwang ka bontle jwa gagwe jaaka Abosalomo. Go tswa bogatong jwa lenao la gagwe go fitlha kwa godimo ga tlhogo ya gagwe go ne go sena selabe sepe. 26 Fa a kgaola moriri wa tlhogo ya gagwe kwa bofelong jwa ngwaga nngwe le nngwe, ka lebaka la gore o ne o le bokete mo go ene, o ne a o kala; o ne o nna bokete jwa dishekele di le makgolo a mabedi, jo bo lekanngwang ka seelo sa kgosi. 27 Abosalomo a tsholelwa barwa ba bararo le mosetsana yo o neng a bidiwa Tamare. Tamare o ne a mosadi yo montle. 28 Abosalomo a nna mo Jerusalema dingwaga tse pedi tse di tletseng a sa bone sefatlhego sa kgosi. 29 Foo Abosalomo a romela lefoko kwa go Joabe gore a tle a mo romele kwa kgosing, mme Joabe a se ka a tla kwa go ene.Jalo Abosalomo a romela lefoko la bobedi, mme Joabe a se ka a tla. 30 Jalo Abosalomo a raya batlhanka ba gagwe a re, ''Bonang, tshimo ya ga Joabe e gaufi le ya me, mme o na le bali koo. Tsamayang le ye go e tshuba.'' 31 Jalo batlhanka ba ga Abosalomo ba ya go tshuba tshimo ka molelo. Foo Joabe a ema ka dinao a tla kwa go Abosalomo kwa ntlong ya gagwe, mme a mo raya a re, ''Ke eng batlhanka ba gago ba tshubile tshimo ya me ka molelo?'' 32 Abosalomo a araba Joabe, ''Bona, ke rometse lefoko kwa go wena ke re, 'Tla kwano gore ke go rome kwa kgosing gore o re, ''Ke eng ke boese kwano go tswa Geshuru? Go ka bo go le botoka fa ke ka bo ke santse ke le kwa teng. 33 Jalo he, ntetlelele go bona sefatlhego sa kgosi, mme fa ke le molato, a a mpolae.'' Jalo Joabe a ya a bolelela kgosi. Fa kgosi a bitsa Abosalomo, a tla kwa kgosing mme a ikobela fa fatshe fa pele ga kgosi, mme kgosi a atla Abosalomo.