Kgaolo 15

1 Go ne ga diragala morago ga se gore Abosalomo a ipaakanyetse kolotsana ya ntwa le dipitse, ka banna ba le masome a matlhano ba mo patile. 2 Abosalomo o ne a tsoga makuku mme a bo a ema fa thoko ga tsela e e yang kwa kgorong ya toropokgolo. Fa motho ope a na le kgang go e tsisa fa pele ga kgosi go atlholwa, foo Abosalomo o ne a mmitsa mme a bo a re, ''O tswa kwa toropokgolong efe?'' Mme motho o tla bo a araba a re, ''Motlhanka wa gago o tswa kwa mongweng wa merafe ya Iseraele.'' 3 Jalo Abosalomo o tla bo a mo raya a re, ''Bona, kgang ya gago e molemo ebile e tlhamaletse, mme ga go na ope yo o rebotsweng ke kgosi go reetsa kgang ya gago.'' 4 Abosalomo a tlatsa, ''Ke eletsa gore ke ka bo ke tlhomiwa go nna moatlhodi mo lefatsheng, gore motho mongwe le mongwe yo o nang le kgotlhang kgotsa kgang a tle kwa go nna, mme ke mo neele katlholo!'' 5 Jalo ga diragala gore fa motho mongwe le mongwe a tla kwa go Abosalomo go mo fa tlotlo, Abosalomo o ne a otlolola letsogo la gagwe a mo tshwara a bo a mo atla. 6 Abosalomo o ne a itshwara jaana mo go Iseraele otlhe yo o neng a tla kwa kgosing go atlholelwa kgang. Jalo Abosalomo a utswa dipelo tsa banna ba Iseraele. 7 Go ne ga diragala kwa bokhutlong jwa dingwaga tse 4 gore Abosalomo a reye kgosi a re. ''Tsweetswee ntetlelele ke tsamae mme ke ye go duela maikano a ke a ikanetseng Modimo Yahweh kwa Heberone. 8 Gonne motlhanka wa gago o dirile maikano fa ke nna kwa Geshuru kwa Aramo, ke re, 'Fa e le ruri Modimo Yahweh a ka mpusetsa kwa Jerusalema, foo ke obamela Modimo Yahweh.'' 9 Jalo kgosi a mo raya a re, ''Tsamaya ka kagiso.'' 10 Jalo Abosalomo a ema ka dinao a ya Heberone. Mme Abosalomo a romela batsayaditlholwa go ralala merafe yotlhe ya Iseraele, a re, ''Fela jaaka le tla bo le utlwa modumo wa torompeta, foo le bue le re, 'Abosalomo ke kgosi kwa Heberone.''' 11 Abosalomo o logile mo Jerusalema le banna ba le makgolo a mabedi ba ba neng ba laleditswe. Ba tsamaile ka bosenang-molato jwa bone, ba sa itse se Abosalomo a se rulagantseng. 12 Fa Abosalomo a santse a ntsha ditlhabelo, a roma bangwe go bitsa Ahithofele go tswa toropong ya gagabo ya Gilo. O ne a le mogakolodi wa ga Tafita. Matlhale a ga Abosalomo a ne a le maatla, gonne batho ba neng ba sala Abosalomo morago ba ne ba oketsega ka iketlo. 13 Morongwa a tla kwa go Dafite a re, ''Dipelo tsa banna ba Iseraele di setse Abosalomo morago.'' 14 Jalo Dafite a raya batlhanka ba gagwe ba ba neng ba na le ene kwa Jerusalema a re, ''Emang ka dinao mme re sieng, eseng jalo ga go na ope wa rona yo o tla falolang mo go Abosalomo. Baakanyetsang go tswa ka bonako, eseng jalo o tloga a re tshwara ka bonako, mme a tloge a tsise sebetso mo go rona, a bo a tlhasela toropokgolo ka bogale jwa tshaka.'' 15 Batlhanka ba kgosi ba raya kgosi ba re, ''Bona , batlhanka ba gago ba ipaakanyeditse go dira sengwe le sengwe se mong wa rona kgosi a se akanyang.'' 16 Kgosi a tswa mme ba lelapa la gagwe ba mo sala morago, mme kgosi a tlogela basadi ba le lesome, ba e neng e le dinyatsi, go tlhokomela ntlo ya bogosi. 17 Morago ga fa kgosi a sena go tswa le batho ba ba neng ba mo setse morago, ba ema kwa ntlong ya bofelo. 18 Sesole sotlhe sa gagwe se ne sa tsamaya le ene, mme fa pele ga gagwe ga tsamaya Bacherethi botlhe le Bapherethi botlhe, le Bahite botlhe - banna ba le makgolo a marataro ba ba neng ba mo sala morago go tswa kwa Gathe. 19 Foo kgosi a raya Itai wa Mogiti a re, ''Ke eng le wena o tsamaya le rona? Boa mme o nne le kgosi Abosalomo, gonne o motswakwa ebile o motshabi. Boela morago kwa gaeno. 20 Ka go bo o dule maabane fela jaana, ke eng ke tla go dira gore o kailekalile mo le rona? Ga ke itse le gore ke ya kae. Jalo boa mme o tseye bagaeno o tsamae le bone. A bineelo le boikanyego di tsamae le wena.'' 21 Mme Itai a araba kgosi a re, ''Jaaka Modimo Yahweh a tshela, gape le jaaka mong wa me kgosi a tshela, ammaaruri gongwe le gongwe kwa mong wa me kgosi a go yang, motlhanka wa gago o tla ya teng, go sa kgthatsege gore go raya go tshela kgotsa go swa.'' 22 Jalo Dafite a raya Itai a re, ''Tswelela pele o tsamae le rona.'' Jalo Itai wa Mohite a tsamaya le kgosi, gammogo le banna ba gagwe le malapa a a neng a na le ene. 23 Lefatshe lotlhe le ne la lela ka lentswe le le kwa godimo jaaka batho botlhe ba feta ba kgabaganya mokgatsha wa Kitirone, le jaaka kgosi le ene a ne a kgabaganya. Batho botlhe ba ne ba tsamaya mo tseleng e e yang kwa sekakeng. 24 Le Satoko a na le Balefi botlhe, ba rwele letlole la kgolagano la Modimo, ba ne ba le teng. Ba baya letlole fa fatshe, mme Abiathara a ba tlatsa. Ba leta go fitlha batho botlhe ba sena go feta ba tswa mo toropokgolo. 25 Kgosi a raya Satoko a re, ''Rwalelang letlole la Modimo le lebusetseng morago kwa toropokgolong. Fa ke ka bona botsalano mo matlhong a Modimo Yahweh, o tla mpusetsa morago kwano a bo a mpontsha letlole gape le lefelo la fa a nnang teng. 26 Mme fa a re, 'Ga ke itumele ka wena,' bona, ke fano, a a ntire sepe se se lebegang se le molemo mo go ene.'' 27 Kgosi a boa a raya Satoko wa moperesiti a re, ''A ga o yo o bonang mo moweng? Boela mo motseng mogolo ka kagiso, wena le barwa ba gago ba babedi, morwao Ahimase, le Jonathane morwa Abiathara. 28 Bona, ke tla leta kwa matsibogong a Araba go fitlha lefoko le tla go tswa kwa gowena go nkitsise sengwe.'' 29 Jalo Satoko le Abiathara ba rwalela letlole morago go tsena mo Jerusalema, mme ba nna koo. 30 Mme Tafita a palama Thaba ya Letlhware a sa rwala ditlhako a lela, mme a khurumeditse tlhogo ya gagwe. Monna mongwe le monwe wa batho ba ba neng ba na le ene a khurumetsa tlhogoya gagwe, mme ba tsamaya ba lela ba palama. 31 Mongwe a bolelela Dafite a re, ''Ahithofele mo gare ga diingaodi tse di nang le Abosalomo.'' Jalo Dafite a rapela, ''O, Modimo Yahweh, tsweetswee fetola kgakololo ya ga Ahithofele go nna boeleele.'' 32 Ga diragala gore fa Dafite a fitlha kwa godimo ga tsela, kwa Modimo a kileng a bo a obamelwa teng, Hushai wa Moaraki a tla go mo kopantsha a gagotse jase ya gagwe ebile a rwele mmu mo tlhogong. 33 Dafite a mo raya a re, ''Fa o ka tsamaya le nna, o tla nna morwalo mo go nna. 34 Mme fa o ka boela kwa toropokgolong wa raya Abosalomo wa re, 'Ke tla nna motlhanka wa gago, kgosi jaaka ke ne ke le motlhanka wa ga rraago mo nakong e e fetileng, jalo ke tla nna motlhanka wa gago jaanong,' foo o tla ntlhakatlhakanyetsa kgakololo ya ga Ahithofele. 35 A gape o tla bo o sena le Stoko le Abiathara ba baperesiti? Jalo sepe se o se utlwang mo ntlong ya bogosi ya kgosi, o tshwanetse go se bolelela Satoko le Abiathara ba baperesiti. 36 Tlhomamisa gore ba na le barwa ba bone koo, Ahimase morwa Satoko le Jonathane morw Abiathara. O tshwanetse go nthomelela ka seatla sa bone sengwe le sengwe se o se utlwang.'' 37 Jalo Hushai, tsala ya ga Dafite a tsena mo toropokgolong jaaka Abolsalomo a ne a goroga a bo a tsena mo Jerusalema.