Kgaolo 16

1 Fa Dafite a sena go tsamaya sekgala se sekhutshwane mo godimo ga setlhoa sa thaba, Siba, motlhanka wa ga Mefiboshethe a mo kopantsha ka ditonki tse pedi di belesitswe dithoto; mo go tsone e ne e le marotho a le makgolo a mabedi, diako tsa moretlwa wa sekgoa o o omisitsweng di le lekgolo, le dingata tsa mofeige di le lekgolo, le lekuka la mofine. 2 Kgosi a raya Siba a re, ''Ke eng o tsisitse dilo tse?'' Siba a fetola, ''Ditonki ke tse di palangwang ke ba ntlo ya ga kgosi, marotho le mofeige ke tse di jewang ke banna ba gago, mme mofine ke wa ope yo o tla utlwang lenyora mo sekakeng gore a nwe.'' 3 Kgosi a re, ''Ngwana wa ngwana wa mong wa gago o kae?'' Siba a fetola kgosi, ''O setse kwa morago kwa Jerusalema, gonne o ne a re, 'Letsatsi leno ntlo ya Iseraele e tla buseletsa bogosi jwa ga rre kwa go nna.''' 4 Foo kgosi a raya Siba a re, ''Bona, gotlhe mo e neng e le ga ga Mefiboshethe jaanong ke ga gago.'' Siba a araba, ''Ke a go ikokobeletsa mong wa me, kgosi. A ke bone botsalano mo ponong ya gago.'' 5 Fa kgosi Dafite a lebile go tsena kwa Bahurimi, ga tswa monna mongwe koo wa kgotlana ya ga Saulo, yo leina la gagwe e leng Shimei morwa Gera. O ne a tla a hutsa a ntse a tsamaya. 6 A kolopa Dafite le badiredi botlhe ba gagwe ka matlapa, a sa kgathale ka badisa kgosi ba ba leng ka kwa mojeng le ka kwa molemeng wa kgosi. 7 Shimei a goa a hutsa, ''Tswa o tsamae, tswaya fa, senokwane ke wena, monna wa madi ke wena! 8 Modimo Yahweh o le duetse lotlhe ka lebaka la madi a ba lelapa la ga Saulo, yo o busitseng mo boemong jwa gagwe. Modimo Yahweh o neetse bogosi mo seatleng sa morwao Abosalomo. Jaanong o senyegile ka gore o monna wa madi.'' 9 Foo Abishai morwa Seruia, a raya kgosi a re, ''Ke eng ntsa e e suleng e ed hutsa mong wa me kgosi? Tsweetswee mma ke ye fa go ene ke tlose tlhogo ya gagwe.'' 10 Mme kgosi a re, ''Ke direng ka lona, barwa Seruia? Gongwe o mphutsa jaana ka gore Modimo Yahweh a rile, 'Hutsa Dafite.' Ke mang jaanong yo o ka mo rayang a re, 'Ke eng o hutsa kgosi?''' 11 Jalo Dafite a raya Abishai le batlhanka ba gagwe botlhe, ''Bonang, morwaake, yo o tshotsweng go tswa mo mmeleng wa me, o batla go mpolaya. Jaanong Mobenjamene yo o eletsa go le kae go ntshenya? Mo leseng a hutse, gonne Modimo Yahweh o mo laotse go dira jalo. 12 Gongwe Modimo Yahweh o tla leba matlhotlhapelo a a tsisitsweng mo go nna, mme a ntuele ka bomolemo ka lebaka la go mphutsa ga gagwe letsatsi leno.'' 13 Jalo Dafite le banna ba gagwe ba tsamaya mo tseleng, fa Shimei a ne a tsamaya mo mhapheng wa thaba, a hutsa ebile a mo kolopa ka lerole le matlapa a ntse a tsamaya. 14 Foo kgosi le batho ba a neng a tsamaya le bone ba lapa, mme a ikhutsa fa ba ema ka go bo go le bosigo. 15 Fa e le Abosalomo le banna ba Iseraele ba ba neng ba na le ene, ba tla mo Jerusalema, mme Ahithofele o ne a na le ene. 16 Ga diragala fa Hushai wa Moaraki, tsala ya ga Dafite, a sena go tla kwa go Abosalomo, Hushai a raya Abosalomo a re, ''Tshelela ruri kgosi! Tshelela ruri kgosi!'' 17 Abosalomo a raya Hushai a re, ''A se ke boineelo jwa gago mo tsaleng ya gago? Ke eng o sa tsamaya le ene?'' 18 Hushai a raya Abosalomo a re, Nnyaa! Boemong jwa moo, ene yo Modimo Yahweh le batho ba, le banna botlhe ba Iseraele ba mo tlhophileng, ke ene monna yo ke tla nnang wa gagwe, mme ke tla nna le ene. 19 Gape, ke monna ofe yo ke tshwanetseng go mo direla? A ga ke a tshwanela go direla mo bolengteng jwa morwawe? Fela jaaka ke ne ka direla mo bolengteng jwa ga rraago, ke tla direla mo bolengteng jwa gago.'' 20 Foo Abosalomo a raya Ahithofele a re, ''Re neele kgakololo ya gago mabapi le gore re dire eng.'' 21 Ahithofele a araba Abosalomo, ''Tsamaya o ye go robalana le basadi ba ga rraago ba makgoba ba ba tlogetsweng go tlhokomela ntlo ya bogosi, mme Iseraele o tla utlwa gore o fetogile go nna monko wa sebodu mo go rraago. Foo matsogo a botlhe ba ba nang le wena a tla tia.'' 22 Jalo ba bapolela Abosalomo tante fa godimo ga ntlo ya bogosi, mme Abosalomo a robalana le basadi ba ga rraagwe ba makgoba mo ponong ya Iseraele otlhe. 23 Jaanong kgakololo ya ga Ahithofele e a neng a e neela mo matsatsing ao e ne e kare ya monna yo o utlwileng mo molomong wa Modimo ka sebele. Ke ka fa kgakololo yotlhe ya ga Ahithofele e neng e lejwa ke Dafite le Abosalomo ka teng.