Kgaolo 17

1 Foo Ahithofele a raya Abosalomo a re, ''Jaanong mma ke tlhophe banna ba le dikete tse di lesome le bobedi, mme ke eme ka dinao ke alole Dafite bosigo jo. 2 Ke tla mo wela a santse a lapile ebile a le bokoa mme ke tla mo tshoganyetsa ka poifo. Batho ba a nang le bone ba tla sia, mme ke tla tlhasela kgosi fela. 3 Ke tla busetsa batho botlhe kwa go wena, jaaka monyadiwa a tla kwa monneng wa gagwe, mme batho botlhe ba tla nna mo kagisong ka fa tlase ga gago.'' 4 Se Ahithofele a se buileng sa itumedisa Abosalomo le bagolwane botlhe ba Iseraele. 5 Foo Abosalomo a re, ''Jaanong bitsang Hushai wa Moaraki, le ene, mme re utlwe gore a reng.'' 6 Fa Hushai a sena go tla kwa go Abosalomo, Abosalomo a mo tlhalosetsa se Ahithofele a se buileng, mme a botsa Hushai, '' A re dire se Ahithofele a se buileng? Fa go sa nna jalo, re bolelele gore o gakolola o reng.'' 7 Jalo Hushai a raya Abosalomo a re, ''Kgakololo e Ahithofele a e neileng gompieno ga e molemo.'' 8 Hushai a tlatsa, ''O a itse gore rraago le banna ba a nang le bone ke dinatla tsa ntwa, gape ba tletse bogalaka, mme ba tshwana le bera e e utsweditsweng bana mo nageng. Rraago ke monna wa ntwa; ga a na go robala le masole bosigo jo. 9 Bona, jaanong jaana gongwe o iphitlhile mo mosimeng kgotsa golo gongwe. Go tla diragala gore fa bangwe ba banna ba gago ba sena go bolawa kwa tshimologong ya tlhaselo, gore ope yo o tla utlwang se o tla re, 'Polao e diragetse gareng ga masole a a salang Abosalomo morago.' 10 Foo le masole a a pelokgale go feta, a apelo e tshwanang le ya tau, a tla tshoga gonne Iseraele otlhe o itse gore rraago ke monna wa senatla, le banna ba a nang le bone ba thata tota. 11 Jalo ke go gakolola gore Iseraele otlhe a kgobokanyediwe kwa go wena, go tswa Tene go ya kwa Beeresheba, ba le bantsi jaaka motlhaba o o fa thoko ga lewatle, mme o ye ntweng wena ka sebele. 12 Foo re tla tla kwa go ene gope kwa a ka bonwang teng, mme re tla mo apesa jaaka monyo o wela fa fatshe. Ga re na go tlogela le fa e le monna a le mongwe wa banna ba gagwe, kgotsa ene a tshela. 13 Fa a kata ka morago go tsena mo toropokgolong, foo Iseraele otlhe o tla tsisa megala kwa toropokgolong eo, mme re tla e gogela mo nokeng, go fitlhelela go ka se tlhole go ka bonwa letlapana foo.'' 14 Foo Abosalomo le banna ba Iseraele ba re, ''Kgakololo ya ga Hushai wa Moaraki e botoka go feta ya ga Ahithofele.'' Modimo Yahweh o ne a dirile gore kgakololo e e siameng ya ga Ahithofele e ganwe gore Abosalomo a senngwe. 15 Foo Hushai a raya Satoko le Abiathare ba baperesiti a re, ''Ahithofele o gakolotse Abosalomo le bagolwane ba Iseraele jaana le jaana, mme ke gakolotse sengwe se sele. 16 Jaanong, tsamayang ka bonako le begelele Dafite; le mo reye le re, 'O se ka wa kampa fa matsibogong a Araba bosigo jo, dira gotlhe go kgabaganya, go seng jalo kgosi o tla komediwa le batho botlhe ba a nang le bone.''' 17 Jaanong Jonathane le Ahimase ba ne ba nna kwa motsweding wa Rogele. Motlhanaka wa mosadi o ne a tlhola a tla go ba itsise dilo tse ba neng ba tshwanetse go di itse, gonne ba ne ba ka se ka ba itsenya mo diphatseng ka go bonwa ba tsena mo toropokgolong. Fa molaetsa o se na go goroga, foo ba ne ba tshwanela go ya go bolelela kgosi Dafite. 18 Mme lekau lengwe la ba bona mme a bolelela Abosalomo. Jalo Jonathane le Ahimase ba tswa ka bonako ba mme ba tla kwa ntlong ya monna mongwe kwa Bahurimi, yo o neng a na le petse mo lelwapaneng mme ba tsena mo go yone. 19 Mosadi wa monna yoo a tsaya se se khurumetsang petse a se ala go khurumetsa molomo wa petse, mme a gasa mabele mo godimo ga sone, jalo ga se ka ga nna ope yo o neng a itse gore Jonathane le Ahimase ba mo teng ga petse. 20 Banna ba ga Abosalomo ba tla kwa mosading wa ntlo ba re, ''Ahimase le Jonathane ba kae?'' Mosadi a ba bolelela, ''Ba kgabagantse noka.'' Jalo morago ga go leba fa le fale mme ba sa ba bone, ba boela morago kwa Jerusalema. 21 Ga diragala gore e re ba sena go tsamaya, Jonathane le Ahimase ba tswe mo petseng. Ba tsamaya ba ya go begelela kgosi Dafite; ba mo raya ba re, ''Ema ka dinao o kgabaganye metsi ka bonako gonne Ahithofele o gakolotse jaana le jaana ka wena.'' 22 Foo Dafite a emelela mmogo le batho ba ba neng ba na le ene mme ba kgabaganya Jorotane. Ka nako ya letsatsi le tlhaba ke fa go sena ope wa bone yo o paletsweng ke go kgabaganya Jorotane. 23 Fa Ahithofele a bona gore kgakololo ya gagwe ga e ya salwa morago, a baya sale mo tonking ya gagwe mme a tsamaya. O ne a ya gae kwa toropokgolong e e leng ya gagabo, a baya dilo tsa gagwe sentle mme a ikaletsa. O ne a swa ka tsela e, mme a bolokwa mo lebitleng la ga rraagwe. 24 Foo Dafite a tla kwa Mahanaimi. Fa e le ka ga Abosalomo, o ne a kgabaganya Jorotane, ene le banna botlhe ba Iseraele ba ba neng ba na le ene. 25 Abosalomo o ne a baya Amasa go etelela sesole mo boemong jwa ga Joabe. Amasa e ne e le morwa Jethere wa Moishimaele, yo o neng a robalana le Abigaili, yo e neng e le morwadia Nahashe gape e le monnawe Seruia, mmaagwe Joabe. 26 Foo Iseraele le Abosalomo ba kampa kwa lefatsheng la Gileate. 27 Go ne ga diragala fa Dafite a sena go goroga kwa Mahanaimi, gore Shobi morwa Nahashe go tswa kwa Raba wa Baamone, le Machiri morwa Amiele go tswa kwa Lo Diba, le Barasilai wa Mogileate go tswa kwa Rogelimi, 28 ba tsisa diphate tse di alwang go robalwa le dikobo, dibeisane le dipitsa, le korong, le boupe jwa bali, mabele a a besitsweng, dinawa, 29 tswine, botoro, dinku, le mashi a a remileng, gore Dafite le batho ba a nang le bone ba je. Banna ba ba nebba rile, ''Batho ba tshwerwe ke tlala, ba lapile e bile ba nyorilwe mo sekakeng.''