Kgaolo 18

1 Dafite a bala masole a a nang le ene mme a tlhoma baeteledipele ba dikete le ba makgolo mo go bone. 2 Foo Dafite a romela sesole, bongwe mo borarong bo le ka fa tlase ga taolo ya ga Joabe, bongwe mo borarong jo bongwe ka fa tlase ga taolo ya ga Abishai morwa Seruia, morwarraa Joabe, mme bongwe mo borarong jo bongwe bo le ka fa tlase ga taolo ya ga Itai wa Mohite. Kgosi a raya sesole a re, ''Ke tlhomamisa fa ke tla tsamaya le lona.'' 3 Mme banna ba re, ''Ga o a tshwanela go ya ntweng, gonne fa re tshaba ga ba na go kgathala ka rona, kgotsa fa sephatlo sa palo ya rona se swa ga ba na go kgathala. Mme wena o tlhwatlhwa e e lekanang le rona re le dikete tse di lesome! Jalo he, go botoka o ka ipaakanyetsa go re thusa o tswa motsemogolo.'' 4 Jalo kgosi a ba araba, ''Ke tla le direla sepe se se lebegang se gaisa.'' Kgosi a ema fa kgorong ya toropokgolo jaaka sesole sotlhe se tswela kwa ntle ka makgolo le dikete tsa sone. 5 Kgosi a laola Joabe, Abishai, le Itai, a re, ''Ka lebaka la me le nne bonolo mo lekaung le go tweng Abosalomo.'' Batho botlhe ba ne ba utlwa gore kgosi o neetse baeteledipel ba sesole taelo e ka Abosalomo. 6 Jalo sesole sa tswela kwa ntle kwa sekgweng go lwa le Iseraele; ntwa e ne ya anamela kwa sekgweng sa Iforeimi. 7 Sesole sa Iseraele sa fenngwa koo fa pele ga masole a ga Dafite; go ne ga nna le polao e kgolo koo ya banna ba le dikete tse di masome a mabedi mo letsatsing leo. 8 Ntwa e ne ya anamela mo nageng yotlhe, mme banna ba le bantsi ba komediwa ke naga go feta ba ba bolailweng ke tshaka. 9 Abosalomo a kopana le mangwe a masole a ga Dafite. Abosalomo o ne a palame mmoulo wa gagwe, mme mmoulo wa tsamaela ka fa tlase ga dikala tse di kitlanyeng tsa setlhare sa mooka se segolo, mme tlhogo ya gagwe ya tshwarwa ke dikala tsa setlhare. O ne a sala a kaletse mo setlhareng fa mmoulo o a neng a o palame o tswelela o tsamaya. 10 Mongwe a bona se mme a bolelela Joabe, ''Bona , ke bonye Abosalomo a kaletse mo setlhareng sa mooka!'' 11 Joabe a raya monna yo o neng a mmolelela ka Abosalomo a re, ''Bona! O mmonye! Ke eng o ne o sa mo iteele fa fatshe? Ke ka bo ke go file dishekele tse di lesome tsa selefera le lebante.'' 12 Monna a fetola Joabe, ''Le fa ke ne ke ka amogela dishekele tsa selefera di le sekete, ke ne ke ntse ke tla se ka ke otlolola letsogo la me kgatlhanong le morwa wa kgosi, gonne rotlhe re utlwile kgosi fa a go laola le Abishai, le Itai, a re, 'Go se nne ope yo o amang lekau Abosalomo.' 13 Fa ke ne ke ka bo ke tsentse botshelo jwa me mo diphatseng ka maaka(mme ga go na sepe se fitlhegetseng kgosi), o ka bo o ntlogetse.'' 14 Jalo Joabe a re, ''Ke ne ke tla se ka ke go letela.'' Jalo Joabe a tsaya digai tse ditona di le tharo mo diatleng tsa gagwe mme a di phololetsa mo pelong ya ga Abosalomo, a santse a tshela a kaletse mo setlhareng sa mooka. 15 Foo makau a le lesome a a neng a rwalela Joabe dibetsa a dikaganyetsa Abosalomo, ba mo tlhasela, mme ba mmolaya. 16 Foo Joabe a letsa torompeta, mme sesole sa emisa go alola Iseraele, gonne Joabe o ne a thibela sesole. 17 Ba tsaya Abosalomo mme ba mo latlhela mo mosimeng o mogolo mo sekgweng; ba ne ba boloka mmele wa gagwe ka fa tlase ga mokoa o mogolo wa matlapa, fa Iseraele otlhe a sia, monna mongwe le mongwe a ya kwa legaeng la gagwe. 18 Jaanong, ka nako ya fa Abosalomo a santse a tshela, o ne a ikagela leotwana le legolo la matlapa mo Mokgatsheng Wa Kgosi, gonne o ne a re, ''Ga ke na morwa yo o ka tsweledisang go gakologelwa ga leina la me.'' O ne a fa leotwana leina la gagwe, jalo le ne la bidiwa Sefikantswe Sa Ga Abosalomo go fitlhelela gompieno. 19 Foo Ahimase morwa Satoko a re, ''Mma ke tabogeleng kwa kgosing ka dikgang tse di molemo, tsa ka fa Modimo Yahweh a mo namotseng mo seatleng sa baba ba gagwe.'' 20 Joabe a mo araba a re, ''Ga o na go nna motsisi wa dikgang letsatsi leno; o tshwanetse go dira jalo letsatsi le lengwe. Gompieno ga o na go isa dikgang dipe gonne morwa wa kgosi o sule.'' 21 Foo Joabe a raya Mokhushi a re, ''Tsamaya, o bolelele kgosi se o se bonyeng.'' Mokhushi a obega fa pele ga ga Joabe, mme a taboga. 22 Foo Ahimase morwa Satoko a raya Joabe gape a re, ''Go sa kgathalesege gore go tla diragala eng, tsweetswee mma le nna ke taboge mme ke sale Mokhushi morago.'' Joabe a fetola, ''Ke eng o batla go taboga, morwaaka, jaaka o bona gore ga o na go nna le katso ya dikgang tse?'' 23 ''Go sa kgathalesege gore go diragala eng,'' ga bua Ahimase, ''Ke tla taboga.'' Jalo Joabe a mo araba, ''Taboga.'' Foo Ahimase a taboga ka tsela ya leboa, mme a feta Mokhushi. 24 Jaanong Dafite o ne a ntse fa gare ga kgoro e e kwa ntle le e e ka kwa teng. Molebeledi o ne a ile kwa godimo ga borulelo jwa kgoro e e tsenang mo leboteng, mme a tsholetsa matlho a gagwe. Ya re a leba, a bona monna a atamela, a taboga a le nosi. 25 Molebeledi a goa mme a bolelela kgosi. Foo kgosi a bua a re, ''Fa e le gore o nosi, go na le dikgang mo molomong wa gagwe.'' Motabogi a atamela toropokgolo. 26 Foo molebeledi a lemoga monna yo mongwe a tabogile, mme molebeledi a bitsa modisakgoro; a re, ''Leba, go na le monna yo mongwe yo o tabogang a le nosi.'' Kgosi a re, ''Le ene o tsisa dikgang.'' 27 Jalo molebeledi a re, ''Ke akanya gore go taboga ga monna yo o kwa pele go tshwana le go taboga ga ga Ahimase morwa Satoko.'' Kgosi a re, ''Ke monna yo o molemo mme o tla ka dikgang tse di molemo.'' 28 Foo Ahimase a bitsa a raya kgosi a re, ''Tsotlhe di siame.'' Mme a obega fa pele ga kgosi sefatlhego sa gagwe se lebile fatshe mme a re, ''Go segofetse Modimo Yahweh, Modimo wa gago, yo o neetseng banna ba ba neng ba tsholeditse letsogo la bone kgatlhanong le monng wa me kgosi.'' 29 Foo kgosi a fetola, ''A go siame ka lekau, Abosalomo?'' Ahimase a araba, ''Fa Joabe a ne a nthoma kwa go wena, nna motlhanka wa gago, kgosi, ke ne ka bona kgoberego e kgolo, mme ka se ka ka itse gore ke eng.'' 30 Foo kgosi a re, ''Fapogela kwa thoko mme o eme fa.'' Foo Ahimase a fapogela kwa thoko, mme a ema a sa tshikhinyege. 31 Gone foo Mokhushi a goroga mme a re, ''Go na le dikgang tse di molemo tsa mong wa me kgosi, gonne Modimo Yahweh o go busoloseditse letsatsi leno kgatlhanong le botlhe ba ba neng ba tsogologile kgatlhanong le wena.'' 32 Foo kgosi a raya Mokhushi a re, ''A tsotlhe di siame ka lekau, Abosalomo?'' Mokhushi a araba, ''Baba ba mong wa me kgosi le botlhe ba ba tsogologang kgatlhanong le wena go go utlwisa bothoko, ba nne jaaka lekau lele le ntse.'' 33 Foo kgosi a tlhabega mo go golo, mme a tlhatlogela kwa ntlwaneng e e kwa godimo ga kgoro mme a lela. Jaaka a tsamaya o ne a hutsafala a re, ''Morwaaake Abosalomo, morwaake, morwaake Abosalomo! Ke eletsa go ka bo go sule nna mo boemong jwa gago, Abosalomo, morwaake, morwaake!''