Kgaolo 19

1 Joabe a bolelelwa, ''Bona, kgosi o hutsafetse ebile o lelela Abosalomo.'' 2 Jalo phenyo ya letsatsi leo ya fetoga khutsafalo mo sesoleng sotlhe, gonne sesole se ne sa utlwa mo letsatsing leo gotwe, ''Kgosi o hutsafaletse morwawe.'' 3 Jalo masole ba ngwangwaela ka tidimalo go tsena mo toropokgolong mo letsatsing leo, jaaka batho ba ba ditlhong ba ngwagwaela ba sia kwa ntweng. 4 Kgosi a ipipa sefatlhego a lelela kwa godimo a re, ''Morwaake Abosalomo, Abosalomo, morwaake, morwaake!'' 5 Foo Joabe a tsena mo ntlong kwa kgosing mme a mo raya a re, ''O tlhabisitse difatlhego tsa masole a gago otlhe ditlhong letsatsi leno, ba ba bolokileng botshelo jwa gago letsatsi leno, ba ba bolokileng matshelo a barwa le barwadiago, le matshelo a basadi ba gago, le matshelo a basadi ba gago ba makgoba, 6 gonne o rata ba ba go ilang, mme o ila ba ba go ratang. Gonne letsatsi leno o supile gore balaola sesole le masole ga se sepe mo go wena. Letsatsi leno ke dumela gore fa Abosalomo a ka bo a tshedile, rona ra bo re sule rotlhe, seo se ka bo se go itumedisitse. 7 Jalo he, emelela, o tswele kwa ntle mme o bue ka bopelonomi le masole a gago, gonne ke ikana ka Modimo Yahweh, gore fa o sa ka ke wa tsamaya, ga go na a le mongwe wa banna yo o tla salang le wena bosigo jo. Seo se tla bo se le maswe thata go feta dibetso tse di kileng tsa go diragalela go tswa bonnyeng jwa gago go fitlhelela gompieno.'' 8 Jalo kgosi a ema ka dinao mme a ya go nna fa kgorong ya toropokgolo, mme ga bolelelwa banna botlhe, ''Lebang, kgosi o ntse fa kgorong.'' Foo batho botlhe ba tla fa pele ga kgosi. Mme Iseraele ba tshaba, monna mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe. 9 Batho botlhe ba ne ba ngangisana mo merafeng yotlhe ya ya Iseraele ba re, ''Kgosi o re namotse mo seatleng sa baba ba rona. O re bolokile mo seatleng sa Bafilisitia mme jaanong o tshabile a tswa mo lefatsheng a tshaba Abosalomo. 10 Mme Abosalomo yo re mo tloditseng go nna kgosi, o swetse kwa ntweng. Jaanong ke eng re sa bue ka go busetsa kgosi kwano?'' 11 Kgosi Dafite a roma mongwe go bitsa Satoko le Abiathare ba baperesiti a re, ''Buang le bagolwane ba Juta le re, 'Ke eng le le batho ba bofelo go busetsa kgosi kwa ntlong ya gagwe ya bogosi, gonne puo ya Iseraele yotlhe e supa botsalano mo kgosing, go mmusetsa kwa ntlong ya gagwe ya bogosi? 12 Le barwarre, nama le marapo a me. Ke eng jaanong le le ba bofelo go busetsa kgosi?' 13 Mme le reye Amasa le re, 'A ga o nama le marapo a me? A Modimo a ntire jalo, a ntire go le gontsi, fa o sa nne molaolasesole wa sesole sa me go tloga jaanong go ya pele mo boemong jwa ga Joabe.''' 14 Mme a gogela dipelo tsa banna botlhe ba Juta jaaka ekete ke motho a le mongwe, mo go dirileng gore ba rome mongwe kwa kgosing ba re, ''Boa, wena le banna botlhe ba gago.'' 15 Jalo kgosi a boa mme a tla kwa Jorotane. Mme banna ba Juta ba tla kwa Giligala go tla go kopantsha kgosi, go pata kgosi go kgabaganya Jorotane. 16 Shimei morwa Gera, wa Mobenjamene, yo o neng a tswa kwa Bahurimi, a itlhaganela go fologela tlase le banna ba Juta go kopantsha kgosi Dafite. 17 O ne a na le banna ba le sekete ba Benjamene, le Siba motlhanka wa ga Saulo le bana ba gagwe ba ba lesome le botlhano le batlhanka ba ba masome mabedi. Ba kgabaganya Jorotane ba na le kgosi. 18 Ba kgabaganya go tsisa ba lelapa la kgosi le go dira sepe se a neng a akanya se siame. Shimei morwa Gera a ikobela fatshe fa pele ga kgosi pele a simolola go kgabaganya Jorotane. 19 Shimei a raya kgosi a re, ''O se ka, mong wa me, wa mpona molato kgotsa wa gakologela se motlhanka wa gago a se dirileng sa bodipa letsatsi le mong wa me kgosi a duleng mo Jerusalema ka lone. Tsweetswee, a kgosi a se ka a se isa kwa pelong. 20 Gonne motlhanka wa gago o a itse gore o leofile. Bona, ke sone se ke tsileng ke le wa ntlha mo lelapeng lotlhe la ga Josefa go tla kwano go kopantsha mong wa me kgosi.'' 21 Mme Abishai morwa Seruia a araba mme a re, ''A Shimei ga a a tshwanelwa ke go bolawa, gonne o hutsitse motlodiwa wa ga Modimo Yahweh?'' 22 Foo Dafite a re, ''Ke dire eng ka lona bana ba ga Seruia, mo goreng letsatsi leno le bo le le baba ba me? A go tla nna le monna mongwe yo o tla bolawang mo Iseraele letsatsi leno? A letsatsi leno ga ke itse fa ke le kgosi mo Iseraele?'' 23 Jalo kgosi a raya Shimei a re, ''Ga o na go swa.'' Kgosi a mo solofetsa ka go ikana. 24 Foo Mefiboshethe morwa Saulo a tla go kopantsha kgosi. O ne a sa hapisa dinao tsa gagwe, kgotsa go fokotsa ditedu tsa gagwe, kgotsa go tlhatswa diaparo tsa gagwe go tloga letsatsi le kgosi a duleng ka lone go fitlha letsatsi le a boileng ka lone mo kagisong. 25 Jalo fa a tswa Jerusalema go kopantsha kgosi, kgosi a mo raya a re, ''Ke eng o ne o sa tsamae le nna Mefiboshethe?'' 26 A araba, ''Mong wa me kgosi, motlhanka wa me o ntsieditse, gonne ke ne ka re, 'Ke tla baya sale mo tonking mme ke tle ke tsamae le kgosi, gonne motlhanka wa gago o segole.' 27 Motlhanka wa me Siba, o mpuile maswe, nna motlhanka wa gago, mo go wena mong wa me kgosi. Mme mong wa me kgosi o tshwana le moengele wa Modimo. Jalo he, dira se se siameng mo matlhong a gago. 28 Gonne ntlo yotlhe ya ga rre ba ne e le banna ba ba suleng fa pele ga mong wa me kgosi, mme o ne wa baya motlhanka wa gago go nna mongwe wa ba ba jang kwa tafoleng ya gago. Ke santse ke na le tshwanelo efe gape ya go ka lelela kwa go kgosi?'' 29 Foo kgosi a mo raya a re, ''Ke eng o tshwanetse go tlhalosa sepe go feta? Ke tsere tshwetso ya gore wena le Siba le kgaogane masimo.'' 30 Jalo Mefiboshethe a fetola kgosi, ''Ee, mma a di tsee tsotlhe, gonne mong wa me kgosi o boetse gae ka pabalesego.'' 31 Foo Barasilai wa Mogiliate a tla a fologa go tswa Rogelimi go tla go kgabaganya Jorotane le kgosi, mme a pata kgosi go kgabaganya Jorotane. 32 Jaanong Barasilai e ne e le monnamogolo yo o tsofetseng thata, o ne a le dingwaga di 80. O ne a neela kgosi mhago fa a santse a nna kwa Mahanaimi, gonne e ne e le monna yo o humileng thata. 33 Kgosi a raya Barasilai a re, ''Tlaya le nna, mme ke tla go tlamela gore o nne le nna kwa Jerusalema.'' 34 Barasilai a fetola kgosi, ''Ke saletswe ke matsatsi a le kae mo dingwageng tsa botshelo jwa me, mo ke ka yang le kgosi kwa Jerusalema? 35 Ke na le dingwaga di le 80. A ke ka farologanya gare ga bomolemole bosula? A motlhanka wa gago o ka utlwa gore o ja kgotsa o nwa eng? A ke santse ke ka kgona go utlwa lentswe la banna kgotsa basadi ba opela? Ke eng jaanong motlhanka wa gago a tshwanetse go nna morwalo mo go mong wa me kgosi? 36 Motlhanka wa gago o eletsa fela go kgabaganya Jorotane le kgosi. Ke eng kgosi a tshwanetse go ntuela ka katso e e ntseng jaana? 37 Tsweetswee letla motlhanka wa gago go boela gae, gore ke swele kwa toropokgolong ya gaetsho fa thoko ga lebitla la ga mme le rre. Mme bona, motlhanka wa gago Kimohamo ke yo. Mo letle a kgabaganye le mong wa me kgosi, mme a go direle se se lebegang se siame mo go wena.'' 38 Kgosi a araba, ''Kimihamo o tla kgabaganya le nna, mme ke tla mo direla se se lebegang se siame mo go wena, mme sengwe le sengwe se o se eletsang go tswa go nna, ke tla se go direla.'' 39 Foo batho botlhe ba kgabaganya Jorotane, mme le kgosi a kgabaganya, mme kgosi a atla Barasilai a bo a mo segofatsa. Foo Barasilai a boela gae. 40 Jalo kgosi a kgabaganyetsa kwa Giligala, mme Kimihamo a kgabaganya le ene. Sesole sotlhe sa Juta sa tsisa kgosi moseja, mmogo le sephatlo sa sesole sa Iseraele. 41 Go ise go fete nako e ntsi banna botlhe ba Iseraele ba simolola go tla kwa kgosing mme ba mo raya ba re, ''Ke eng barwarraarona, banna ba Juta, ba go utswitse mme ba tsisa kgosi le ba lelapa la gagwe moseja wa Jorotane, le banna ba ga Dafite a na le bone?'' 42 Jalo banna ba Juta ba araba banna ba Iseraele, ''Ke ka lebaka la gore kgosi o lesika le le atamelaneng le rona thata. Ke eng jaanong le tennwe ke se? A re jele sepe se kgosi a tshwanetseng go se duelela? A o re file dimpho dingwe?'' 43 Banna ba Iseraele ba araba banna ba Juta, ''Re na le merafe e le lesome e e tsalanang le kgosi, jalo re na le tshwanelo e kgolo mo go Dafite go na le lona. Jaanong ke eng le ne la re nyatsa? A mogopolo wa rona wa go busetsa kgosi ga se one wa ntlha go utlwiwa?'' Mme mafoko a banna ba Juta a ne a nna makgwakgwa thata go feta mafoko a banna ba Iseraele.