Kgaolo 20

1 Ga diragala gore mo lefelong leo ga bo go na le mongwe yo o letshwenyo a bidiwa Sheba morwa Bikiri, wa Mobenjamene. A letsa torompeta mme a re, ''Ga re na kabelo mo go Dafite, le gone ga re na boswa bope mo go morwa Jese. A monna mongwe lemongwe a ye kwa ga gagwe, Iseraele.'' 2 Jalo banna botlhe ba Iseraele ba phatlalalela Dafite mme ba sala Sheba morwa Bikiri morago. Mme banna ba Juta ba sala morago kgosi ba mo atametse, go tswa Jorotane tsela yotlhe go ya kwa Jerusalema. 3 Fa Dafite a goroga kwa ntlong ya gagwe ya bogosi kwa Jerusalema, a tsaya basadi ba gagwe ba makgoba ba ba lesome ba a neng a ba tlogetse go tlhokomela ntlo ya bogosi, mme a ba baya ba disitswe mo ntlong. O ne a ba neela tse ba di tlhokang, mme ga a a ka a robalana le bone gape. Jalo ba ne ba tswalelelwa go fitlhelela matsatsi a dintsho tsa bone, ba tshela jaaka ekete ke batlholagadi. 4 Foo kgosi a raya Amasa a re, ''Bitsa banna ba Juta o ba kgobokanye mo matsatsing a mararo; le wena o nne teng.'' 5 Jalo Amasa a ya go kgobokanya banna ba Juta, mme a nna nako e telele go feta e kgosi a neng a e laotse. 6 Jalo Dafite a raya Abishai a re, ''Jaanong Sheba morwa Bikiri o tla re utlwisa botlhoko go feta jaaka Abosalomo a dirile. Tsaya batlhanka ba mong wa gago, masole a me, mme o mo sale morago, eseng jalo o tla bona ditoropokgolo tse di sireleditsweng a bo a timela mo ponong ya rona.'' 7 Foo banna ba ga Joabe ba mo sala morago, mmogo le Bachereti le Bapheleti le dinatla tsotlhe tsa batlhabani. Ba tswa mo Jerusalema go alola Sheba morwa Bikiri. 8 Fa ba le kwa letlapeng le legolo le le kwa Gibione, Amasa a tla go ba kopantsha. Joabe o ne a apere diaparo tsa ntwa, tse di neng di akaretsa lebante mo lethekeng le na le tshaka e le mo kgatleng e e bofeletsweng mo go lone. Jaaka a gatela kwa pele, tshaka ya wela fatshe. 9 Jalo Joabe a raya Amasa a re, ''A o siame ntsalaka?'' Joabe a tsaya Amasa ka ditedu ka seatla sa moja ka lerato go mo atla. 10 Amasa o ne a se ka a lemoga thipa e e mo seatleng sa molema sa ga Joabe. Joabe a tlhaba Amasa mo mpeng, mme mala a gagwe a tshologela fa fatshe. Joabe a se ka a mo tlhaba gape, mme Amasa a swa. Jalo Joabe le morwarraagwe, Abishai, ba alaola Sheba morwa Bikiri. 11 Foo mongwe wa banna ba ga Joabe a ema fa thoko ga ga Amasa, mme monna a re, ''Yo o nang le botsalano le Joabe, yo o leng wa ga Dafite, a a sale Joabe morago.'' 12 Amasa o ne a betla mo mading a gagwe mo gare ga tsela. Fa monna a bona gore batho ba eme fela, a rwala Amasa go tswa mo tseleng a mo isa mo tshimong. A latlhela seaparo mo godimo ga gagwe gonne o ne a bona gore mongwe le mongwe yo o neng a feta fa go ene o ne a ema. 13 Morago ga Amasa a sena go ntshiwa mo tseleng, banna botlhe ba tswelela go sala Joabe morago go alola Sheba morwa Bikiri. 14 Sheba a feta ka merafe yotlhe ya Iseraele go ya kwa Abele wa Bethe Maakha, le go ralala lefatshe lotlhe la Baberi, ba ba neng ba kgobokana, mme le bone ba alola Sheba. 15 Ba ne ba mo atamela mme ba mo dikaganyetsa kwa Abele wa Bethe Maakha. Ba ne ba aga serepodi kgatlhanong le toropokgolo, ba se tshegetsa ka lebota. Sesole sotlhe se se neng se na le Joabe ba itaya lebota go le digela fa fatshe. 16 Foo mosadi yo o botlhale a goa go tswa mo toropokgolong, ''Reetsa, tsweetswee reetsa, Joabe! Nkatamele ke tle ke bue le wena.'' 17 Jalo Joabe a atamela kwa go ene, mme mosadi a re, ''A ke wena Joabe?'' A araba, ''Ke nna.'' Foo a mo raya a re, ''Reetsa mafoko a motlhanka wa gago.'' A araba, ''Ke reeditse.'' 18 Foo a bua, ''Bogologolo ba kile ba bo ba re, 'Ammaaruri batla kgakololo kwa Abele,' mme kgakololo eo e tla fedisa kgang. 19 Re motsemogolo o o leng mongwe wa e e di nang le kagiso le boikanyego jo bogolo mo Iseraele. Le leka go senya motsemogolo o o e leng mme mo Iseraele. Ke eng le batla go kometsa boswa jwa ga Modimo Yahweh?'' 20 Jalo Joabe a araba mme a re, ''A go nne kgakala, a go nne kgakala le nna gore ke kometse kgotsa ke senye. 21 Seo ga se boammaaruri. Mme monna go tswa kwa lefatsheng la dithaba la Iforeimi, yo o bidiwang Sheba morwa Bikiri, o tsholeditse seatla sa gagwe kgatlhanong le kgosi, kgatlhanong le Dafite. Mo nneeleng a le nosi, mme ke tla tloga fa motseng mogolo.'' Mosadi a raya Joabe a re, ''Tlhogo ya gagwe e tla latlhelwa kwa go wena e tlodisiwa lebota.'' 22 Foo mosadi a ya kwa bathong botlhe mo botlhaleng jwa gagwe. Ba kgaola tlhogo ya ga Sheba morwa Bikiri, mme ba e latlhela kwa ntle kwa go Joabe. Foo a letsa torompeta, mme banna ba ga Joabe ba tloga mo toropokgolong, monna mongwe le mongwe a ya kwa lapeng la gagwe. Mmme Joabe a boela kwa Jerusalema kwa kgosing. 23 Jaanong Joabe o ne a okametse sesole sotlhe sa Iseraele, mme Benaia morwa Jehoiata o ne a okametse Bacherethi le Baphelethi. 24 Atoramo o ne a okametse banna ba ba neng ba bereka ka go patikiwa, mme Jehoshafate morwa Ahiluti o ne a le mokwadi wa ditiragalo. 25 Sheba o ne a le mokwadi, fa Abiathare le Satoko ba le baperesiti. 26 Ira wa Mojairi o ne a le modiredi mogolo wa ga Dafite.