Kgaolo 21

1 Go ne ga nna le leuba dingwaga tse tharo ka nako ya ga Dafite, mme Dafite a batla sefatlhego sa Modimo Yahweh. Jalo Modimo Yahweh a re, ''Leuba le le mo go lona ka ntata ya ga Saulo le lelapa la gagwe la babolai, gonne o ne a bolaya Bagibeone.'' 2 Jaanong Bagibeone ba ne ba sa tswe mo bathong ba Iseraele; ba ne ba tswa mo masaleleng a Baamori. Batho ba Iseraele ba ne ba ikanne gore ga ba na go ba bolaya, mme Saulo o ne a leka go ba bolaya botlhe mo tshesegong ya gagwe ka batho ba Iseraele le Juta. 3 Jalo kgosi Dafite a bitsa Bagibeone a ba kgobokanya mme a ba raya a re, ''Ke ka le direla eng? Ke ka duela ka eng, gore le tle le segofatse batho ba Modimo Yahweh, ba ba jang boswa jwa bomolemo le ditsholofetso tsa gagwe?'' 4 Bagibeone ba mo tsibogela, ''Ga se kgang ya selefera kgotsa gauta gare ga rona le Saulo kgotsa lelapa la gagwe. Ebile ga se ga rona gore re bolae motho ope mo Iseraele.'' Dafite a fetola, ''Sepe se le tla se kopang, ke tla se le direla.'' 5 Ba araba kgosi, ''Monna yo o lekileng go re bolaya rotlhe, yo o dirileng maretshwa kgatlhanong le rona, gore re bo re sentswe jaanong, ebile re sena lefelo mo teng ga melelwane ya Iseraele - 6 a re neelwe banna ba supa mo dikokomaneng tsa gagwe, mme re tla ba kaletsa fa pele ga ga Modinmo Yahweh kwa Gibea wa ga Saulo, ene yo o kgethilweng ke Modimo Yahweh.'' Jalo kgosi a re, ''Ke tla ba le neela.'' 7 Mme kgosi a somarela Mefiboshethe morwa Jonathane morwa Saulo, ka lebaka la maikano a Modimo Yahweh gareng ga bone, gareng ga ga Dafite le Jonathane morwa Saulo. 8 Mme kgosi a tsaya barwa ba ga Risipha morwadia Aia, barwa ba a ba tsholetseng Saulo - barwa ba babedi ba ne ba bidiwa Aramoni le Mefiboshethe; mme Dafite a tsaya gape barwa ba batlhano ba ga Mikale morwadia Saulo, ba a ba tsholetseng Atiriele morwa Barasilai wa Momeholathi. 9 A ba neela mo seatleng sa Bagibeone. Ba ba kaletsa mo thabeng fa pele ga ga Modimo Yahweh, mme ba swa botlhe ka bosupa. Ba ne ba bolawa ka nako ya thobo, ka matsatsi a ntlha a thobo ya bali. 10 Foo Risipha morwadia Aia, a tsaya letsela la kgetse a le ala mo thabeng fa thoko ga ditopo, go tloga tshimologong ya nako ya thobo go fitlhelela pula e di nela go tswa mo lefaufaung. O ne a sa letlelele dinonyane tsa lefaufau go tshwenya ditopo mo motshegareng kgotsa diphologolo tsa naga mo bosigong. 11 Dafite o ne a itsesiwe se Risipha, morwadia Aia, mosadi wa lekgoba wa ga Saulo, a se dirileng. 12 Jalo Dafite a tsamaya a ya go tsaya marapo a ga Saulo le marapo a ga Jonathane, morwawe mo banneng ba Jabeshe Gileate, ba ba neng ba a utswitse kwa patlelong ya morafe kwa Bethe Shane, kwa Bafilisitia ba neng ba ba kaleditse teng, morago ga Bafilisitia ba sena go bolaya Saulo kwa Gileboa. 13 Dafite a tsaya koo marapo a ga Saulo le marapo a ga Jonathane morwawe, mme ba kgobokanya le marapo a banna ba ba supang ba ba neng ba kaleditswe. 14 Ba boloka marapo a ga Saulo le morwawe Jonathane mo lefatsheng la Benjamene kwa Sela, mo lebitleng la ga Khishi, rraagwe. Ba diragatsa tsotlhe tse kgosi a di laotseng. Morago ga moo Modimo a araba dithapelo tse ba di rapeletseng lefatshe. 15 Foo Bafilisitia ba boa ba ya ntweng gape le Iseraele. Jalo Dafite a tswa le sesole sa gagwe, mme ba lwa le Bafilisitia. Dafite a gatelelwa ke letsapa la ntwa. 16 Ishibibenobo, wa kokomane ya mekaloba, yo segai sa gagwe se neng se le bokete jwa dishekele di le makgolo a mararo, yo o neng a tshotse tshaka e ntsha, a ikaelela go bolaya Dafite. 17 Mme Abishai morwa Seruia a namola Dafite, a tlhasela Mofilisitia mme a mmolaya. Foo banna ba ga Dafite ba mo ikanela, ba re, ''O se ka wa tlhola o ya ntweng le rona gape, gore o tle o se ka wa tima lebone la Iseraele.'' 18 Go ne ga diragala morago ga se gore go nne le ntwa e nngwe le Bafilisitia kwa Gobe, fa Sibekhai wa Mohushashi, a neng a bolaya Safa, yo o neng a le kokomane ya Barefaimi. 19 Go ne ga diragala gape kwa ntweng le Bafilisitia kwa Gobe, gore Elehanane morwa Jari wa Mobethelehema, a bolae Goliathe wa Mohite, yo thobane ya segai sa gagwe e neng ekete kota ya mologi. 20 Go ne ga diragala gape mo ntweng e nngwe kwa Gathe gore go bo go na le monna mongwe yo o goletseng kwa godimo thata yo o neng a na le menwana e merataro mo seatleng sengwe le sengwe, le menwana e merataro mo lenaong lengwe le le lengwe, menwana e le masome a mabedi le bone fa e balwa yotlhe. Le ene o ne a le kokomane ya Barefaimi. 21 Mme e rile fa a rumola Iseraele, Jonathane morwa Shimeya, morwarraa Dafite, a mmolaya. 22 Ba e ne e le dikokomane tsa Barefaimi ba Gathe, mme ba ne ba bolaiwa ka seatla sa ga Dafite le seatla sa masole a gagwe.