Kgaolo 22

1 Dafite o ne a opelela Modimo Yahweh mafoko a sefela se mo letsatsing le Modimo Yahweh a mo namotseng mo seatleng sa baba ba gagwe botlhe, le mo seatleng sa ga Saulo. 2 A rapela, ''Modimo Yahweh ke lefika la me, kago ya phemelo ya me, ene yo o nnamolang. 3 Modimo ke lefika la me. Ke tshabela mo go ene. Ke thebe ya me, lenaka la poloko ya me, maitsetsepelo a me, botshabelo jwa me, ene yo o mpolokang mo kiteong. 4 Ke tla bitsa Modimo Yahweh, yo o tshwanelwang ke go galalediwa, mme ke tla bolokwa mo babeng ba me. 5 Gonne makhubu a loso a ntikologile, metsi a a gogolang a tshenyo a nkimetse. 6 Dithapo tsa felo ga baswi di ntikologile; diselaga tsa loso di ntshwere. 7 Mo patikesegong ya me ke biditse Modimo Yahweh; ke biditse Modimo wa me; o utlwile lentswe la me go tswa kwa tempeleng ya gagwe, mme go bitsa ga me mo go batlang thuso ga tsena mo ditsebeng tsa gagwe. 8 Foo lefatshe la tshikhinyega la bo la roroma. Mealo ya magodimo ya roroma ya bo ya tshikhinngwa, gonne Modimo o ne a tenegile. 9 Mosi wa tlhatloga o tswa mo diphatlheng tsa dinko tsa gagwe, mme molelo o o tukang ka bogale wa tswa mo molomong wa gagwe. Magala a ne a tukisiwa ke one. 10 A bula magodimo mme a fologela tlase, mme lefifi le le loileng le ne le le ka fa tlase ga dinao tsa gagwe. 11 A pala cheruba mme a fofa. A bonwa mo diphukeng tsa phefo. 12 A dira lefifi tente e e mo dikologileng, a kgobokanya maru a a bokete a pula mo mafaufaung. 13 Go tswa mo legadimeng le le fa pele ga gagwe ga wa magala a molelo. 14 Modimo Yahweh a duma jaaka maru go tswa magodimong. Mogodimodimo a goa. 15 A hula metswi a phatlalatsa baba ba gagwe - dikgadima mme a ba gasagasa. 16 Foo mesele ya metsi ya bonala; mealo ya lefatshe ya senoga ka go goa ga ntwa ga Modimo Yahweh, ka go foka ga phefo ya diphatlha tsa dinko tsa gagwe. 17 A tlhaeletsa fa fatshe go tswa kwa godimo; a ntshwara! A ntsha mo metsing a a gogomogang. 18 A nnamola mo mmabeng wa me yo o maatla, mo go ba ba ntlhoileng, gonne ba ne ba le maatla thata mo go nna. 19 Ba ne ba tla kgatlhanong le nna mo letsatsing la patikesego ya me, mme Modimo Yahweh o ne a le letshego la me. 20 O ne gape a ntshetsa kwa ntle kwa lefelong le le atlhameng. O ne a mpoloka ka gore o ne a itumela ka nna. 21 Modimo Yahweh o nkatswitse go ya ka selekanyo sa tshiamo ya me; o mpuseleditse go ya ka selekanyo sa bophepa jwa diatla tsa me. 22 Gonne ke tshegeditse ditsela tsa Modimo Yahweh mme ga ke a dira boikepo ka go fapoga mo Modimong wa me. 23 Gonne ditaolo tsa gagwe tse di tshiamo di ntse di le fa pele ga me; fa e le melawana ya gagwe, ga ke a fapoga mo go yone. 24 Gape ke ntse ke sena molato fa pele ga gagwe, ebile ke ithibile mo boleong. 25 Jalo he, Modimo Yahweh o mpuseleditse go ya ka selekanyo sa tshiamo ya me, go ya ka seelo sa bophepa jwa me mo ponong ya gagwe. 26 Mo go yo o boikanyego, o itshupa o le boikanyego; mo monneng yo o senang molato, o itshupa o sena molato. 27 Mo go ba ba phepa o itshupa o le phepa, mme o maswe mo go ba ba sokameng. 28 O boloka batho ba ba tlhokofaditsweng, mme matlho a gago a kgatlhanong le ba ba ikgodisang, mme o ba folosetsa tlase. 29 Gonne o lebone la me, Modimo Yahweh. Modimo Yahweh o bonesa lefifi la me. 30 Gonne ka wena ke ka taboga fa godimo ga sekganedi; ka Modimo wa me ke ka tlola lebota. 31 Fa e le ka ga Modimo, tsela ya gagwe e itekanetse. Lefoko la Modimo Yahweh le phepa. Ke thebe mo mongwe le mongweng yo o tshabelang mo go ene. 32 Gonne Modimo ke mang fa e se Modimo Yahweh? Gape ke mang lefika fa e se Modimo wa rona? 33 Modimo ke botshabelo jwa me, mme o etelela motho yo o senang molato mo tseleng e e leng ya gagwe 34 O dira dinao tsa me bofefo jaaka tsa phala mme o mpaya mo dithabeng tse di kwa godimo. 35 O katisetsa diatla tsa me ntwa, le matsogo a me go oba bora jwa kgotlho. 36 O nneetse thebe ya gago ya poloko, mme botsalano jwa gago bo ntirile mogolo. 37 O diretse dinao tsa me lefelo le le atlhameng, jalo dinao tsa me ga di a relela. 38 Ke alotse baba ba me mme ke ba sentse. Ga ke a ka ka boela morago go fitlhelela ba senngwa. 39 Ke ba komeditse ka bo ka ba thubaganya; ga ba ka ke ba emelela. Ba wetse ka fa tlase ga dinao tsa me. 40 O beile thata mo go nna jaaka lebante la ntwa; o beile ka fa tlase ga me bao ba ba tsogologang kgatlhanong le nna. 41 o nneetse bomorago jwa melala ya baba ba me; ke nyeleditse ba ba ntlhoileng. 42 Ba ne ba lelela go thusiwa, mme ga go a nna ope yo o ba bolokang; ba ne ba lelela kwa go Modimo Yahweh, mme ga a a ka a ba araba. 43 Ke ne ka ba itaya gore ba nne ditoki tse di nnye jaaka lerole le le fa fatshe, ka ba duba jaaka mmopa o o mo mebileng. 44 Gape o nkgolotse mo dikgotlhang tsa batho ba gaetsho. O ntshegeditse jaaka tlhogo ya ditshaba. Batho ba ke sa ba itseng ba a ntirela. 45 Batswakwa ba ne ba patikiwa go inkobela. Ka bonako fela jaaka ba utlwa ka ga me, ba a ntheetsa. 46 Batswakwa ba tsile ba roroma go tswa mo maremelelong a bone. 47 Modimo Yahweh o a tshela! A lefika la me le galalediwe. A Modimo a tsholediwe, lefika la poloko ya me. 48 Yo ke Modimo yo o mpusolossetsang, ene yo o tsisang batho ka fa tlase ga me. 49 O nkgolola mo babeng ba me. Ammaaruri, o ntsholelelditse kwa godimo ga ba ba ntsogologetseng. O nnamola mo banneng ba thubakanyo. 50 Jalo he, ke tla go neela malebogo, Modimo Yahweh, fa gare ga ditshaba; ke tla opelela leina la gago dikgalaletso. 51 Modimo o neela kgosi ya gagwe phenyo e kgolo, mme o supetsa yo a mo tloditseng boikanyego jwa kgolagano, Dafite le dikokomane tsa gagwe ka bosakhutleng.''