Kgaolo 23

1 Jaanong a ke mafoko a bofelo a ga Dafite - Dafite morwa Jese, monna yo o tlotlegileng thata, ene yo o tloditsweng ke Modimo wa ga Jakobe, mopesalema yo montle wa Iseraele. 2 ''Mowa wa Modimo Yahweh o buile ka nna, mme lefoko la gagwe le ne le le mo lelemeng la me. 3 Modimo wa Iseraele o buile, Lefika la Iseraele o ne a nthaya a re, 'Yo o busang batho ka tshiamo, yo o busang ka poifo Modimo. 4 O tla tshwana le lesedi la moso fa letsatsi le tswa, moso o o senang maru, fa bojang jo bo boleta bo kukunya mo mmung ka go phatsima ga letsatsi morago ga pula. 5 Ammaaruri, a lelapa la me ga le a nna jaana fa pele ga Modimo? A ga a dira kgolagano ya bosakhutleng le nna, e lolame ebile e tlhomame ka gotlhe? A ga a oketse poloko ya me a bo a kgotsofatsa keletso nngwe le nngwe ya me? 6 Mme botlhe ba ba senang mosola ba tla nna jaaka mmitlwa e e latlhiwang, gonne ga e ka ke ya kgobokanngwa ka diatla tsa mongwe. 7 Monna yo o e amang o tshwanetse a dirisa sedirisiwa sa tshipi kgotsa matshwaro a segai. E tshwanetse go tshubelwa gone fa e leng teng.''' 8 A ke maina a masole a ga Dafite a a nonofileng: Jeshebale wa Mohakhemoni e ne e le moeteledipele wa masole a a gaisang. O ne a bolya banna ba le makgolo a rabang bobedi ka nako ya tiragalo nngwe. 9 Fa morago ga gagwe go ne go le Eliasare morwa Toto, morwa Moahohi, mongwe wa banna ba bararo ba ba maatla ba ga Dafite. O ne a le teng fa ba nyatsa Bafilisitia ba ba neng ba kgobokane go bolotsa ntwa, le fa banna ba Iseraele ba sena go kata ka morago. 10 Eliasare a ema a lwa le Bafilisitia go fitlhela letsogo la gagwe le lapa le bo le omolelela mo matshwarong a tshaka ya gagwe. Modimo Yahweh a tsisa phenyo e kgolo letsatsi leo. Sesole se ne sa tla fa morago ga ga Eliasare, ele go itseela dibetsa mo ditopong. 11 Morago ga gagwe go ne go le Shama morwa Agi, wa Moharari. Bafilisitia ba ne ba kgobokana fa go neng go na le tshimo ya dinawa teng, mme sesole sa ba tshaba. 12 Mme Shama a ema fa gare ga tshimo mme a e sireletsa. A bolaya Bafilisitia, mme Modimo Yahweh a tsisa phenyo e kgolo. 13 Ba le bararo ba masole a a masome a mararo ba ya kwa go Dafite ka nako ya thobo, kwa legageng la Adulamo. Sesole sa Bafilisitia se ne se thibeletse mo mokgatsheng wa Refaimi. 14 Ka nako eo Dafite o ne a le mo boremelelong jwa gagwe, mo legageng, fa Bafilisitia ba itlhomile kwa Bethelehema. 15 Dafite o ne a nyoretswe metsi mme a re, ''Fa mongwe a ne a ka nneela metsi a petse e e kwa Bethelehema, petse e e fa kgorong, gore ke nwe!'' 16 Jalo banna ba bararo ba ba maatla ba ba ralala sesole sa Bafilisitia mme ba ga metsi mo petseng ya Bethelehema, petse e e fa kgorong. Ba tsaya metsi ba a tsisa kwa go Dafite, mme a gana go a nwa. Boemong jwa moo, a a tshololela Modimo Yahweh. 17 Foo a re, ''A go nne kgakala le nna, Modimo Yahweh, gore ke nwe se. A ke tshwanetse go nwa madi a banna ba ba tsentseng matshelo a bone mo diphatseng?'' Jalo a gana go a nwa. Tse ke dilo tse banna ba bararo ba ba maatla ba di dirileng. 18 Abishai, morwarra Joabe morwa Seruia, o ne a le moeteledipele wa ba bararo. Ka nako nngwe o kile a lwa ka segai sa gagwe kgatlhanong le banna ba le makgolo a mararo mme a ba bolaya. Bontsi jwa nako o ne a umakiwa mmogo le masole mararo. 19 A o ne a sa tuma thata go feta ba bararo? O ne a dirwa moeteledipele wa bone. Le fa go ntse jalo, go tuma ga gagwe go ne go sa lekane le go tuma ga masole a mararo a a neng a tumile mo go gaisang. 20 Benaia yo o tswang kwa Kabosili, e ne e le morwa Jehoiata; e ne e le monna yo o thata yo o dirileng dilo tse di thata. O bolaile barwa ba babedi ba ga Ariele wa Moabe. Gape o ne a tsena mo mosimeng a bolaya tau kapoko e santse e na. 21 Gape o ne a bolaya monna yo mo tonatona wa Moegepeto. Moegepeto o ne a tshwere segai mo seatleng sa gagwe, mme Benaia a lwa le ene ka thobane fela. A tsaya segai mo seatleng sa Moegepeto, mme a mmolaya ka segai se e leng sa gagwe. 22 Benaia morwa Jehoiata o ne a dira dilo tse, mme o ne a umakiwa le banna ba bararo ba ba maatla. 23 O ne a lemosega thata go feta masole a a masome mararo ka kakaretso, mme o ne a sa lemosege mo go kwa godimo jaaka masole a mararo a a gaisang mo go golo. Mme Dafite a mmaya mookamedi wa badisa kgosi. 24 Ba ba masome mararo ba ne ba akaretsa banna ba ba latelang: Asahele morwarra Joabe, Elehanane morwa Toto go tswa Bethelehema, 25 Shama wa Moharodi, Elika wa Moharodi, 26 Helese wa Mopalati, Ira morwa Ikeshe wa Motekoa, 27 Abi Esera wa Moanathothe, Mebunai wa Mohushathi, 28 Salemone wa Moahohi, Maharai wa Monetofathi; 29 Helebe morwa Baana, wa Monetofathi, Itai morwa Ribai go tswa kwa Gibea wa Babenjamene, 30 Benaia wa Mopiratoni, Hitai wa mekgatsha ya Gaashe. 31 Abialebone wa Moarabathi, Asemafethe wa Mobarahumi, 32 Eliaba wa Moshaaleboni, barwa Jashene, Jonathane morwa Shama wa Moharari; 33 Ahiamo morwa Sharare wa Moharari, 34 Elifelete morwa Ahasebai wa Momaakha, Eliamo morwa Ahithofele wa Mogilone, 35 Hesero wa Mokaramele, Paarai wa Moarabi, 36 Igale morwa Nathane go tswa Soba, Bani go tswa morafeng wa Gate, 37 Seleke wa Moamone, Naharai wa Mobeerothi, motsholathebe wa ga Joabe morwa Seruia, 38 Ira wa Moithera, Garebe wa Moithera, 39 Uria wa Mohiti - ba le masome a mararo le bosupa ka palo yotlhe.