Kgaolo 24

1 Gape go tenega ga Modimo Yahweh ga tukela Iseraele, mme a tshikhinya Dafite kgatlhanong le bone a re, ''Tsamayang, balang Iseraele le Juta.'' 2 Kgosi a raya Joabe wa molaola sesole yo o neng a na le ene, ''Tsamayang go ralala merafe yotlhe ya Iseraele, go tswa Dene go ya kwa Beeresheba, mme le bale batho, gore ke tle ke itse palo ya banna ba ba nonofetseng go ya ntweng.'' 3 Joabe a raya kgosi a re, ''A Modimo Yahweh, Modimo wa gago, a oketse palo ya batho go meneganye ga lekgolo, mme a matlho mong wa me kgosi a bone fa go direga. Mme ke eng mong wa me kgosi a batla se?'' 4 Le fa go ntse jalo, lefoko la kgosi la reediwa go na le la ga Joabe le balaola sesole. Jalo Joabe le balaola sesole ba tswa fa thoko ga kgosi ba ya go bala batho ba Iseraele. 5 Ba kgabaganya Jorotane mme ba kampa gaufi le Aroere, kwa borwa jwa toropokgolo e e mo mokgatsheng. Foo ba tsamaela pele ba ralala Gate ba ya kwa Jasere. 6 Ba tla kwa Gileate le kwa lefatsheng la Tahetimi Hoteshi, ba tswelela go ya kwa Dene Jaane, ba bo ba dikologa go ya ntlheng ya Sitone. 7 Ba goroga kwa boremelelong jwa Tire le kwa ditoropokgolong tsotlhe tsa Bahifi le Bakanana. Foo ba tswela kwa ntle kwa Negefi mo Juta kwa Beeresheba. 8 Fa ba sena go tsamaya go ralala lefatshe lotlhe, ba boela morago kwa Jerusalema morago ga dikgwedi tse di robang bongwe le matsatsi a le masome a mabedi. 9 Foo Joabe a begelela kgosi palo gotlhe ya banna ba ba ka lwang ntwa. Mo Iseraele go ne go na le banna ba le makgolo a a robang bobedi a dikete ba ba dirisang tshaka, mme banna ba Juta ba ne ba le makgolo a matlhano a dikete. 10 Foo pelo ya ga Dafite ya mo tlhaba fa a sena go bala banna. A raya Modimo Yahweh a re, ''Ke leofile mo go golo ka go dira se. Jaanong, Modimo Yahweh, tlosa bomolato jwa motlhanka wa gago, gonne ke dirile boeleele.'' 11 Fa Dafite a tsoga mo mosong, lefoko la Modimo Yahweh la tla kwa go moporofiti Gate, modupi wa ga Tafita, le re, 12 ''Tsamaya o reye Dafite o re: 'Se ke se Modimo Yahweh a se buang: ''Ke go neela dilo tse tharo go itlhophela. Tlhopha sengwe sa tsone.''''' 13 Jalo Gate a ya kwa go Dafite mme a mo raya a re, ''A dingwaga tse tharo tsa leuba di tla tla kwa go wena mo lefatsheng la gago? Kgotsa a o tla tshaba lebaka la dikgwedi tse tharo baba ba gago ba go alotse? Kgotsa a go tla nna le matsatsi a mararo a leroborobo mo lefatsheng la gago? Jaanong tsaya tshwetso ya gore ke ise karabo efe kwa go yo o nthomileng.'' 14 Foo Dafite a raya Gate a re, ''Ke mo mathateng a magolo. Mma re wele mo diatleng tsa Modimo Yahweh go na le mo seatleng sa motho, gonne ditiro tsa gagwe tsa bopelotlhomogi di dikgolo.'' 15 Jalo Modimo Yahweh a romela leroborobo mo Iseraele go tswa mo mosong go fitlha nako e e beilweng, mme batho ba le masome a a supang a dikete ba swa go tswa kwa Dene go fitlha kwa Beeresheba. 16 Fa moengele a isa seatla sa gagwe ntlheng ya Jerusalema go e senya, Modimo Yahweh a fetola mogopolo wa gagwe ka go bolaya, mme a raya moengele yo o neng a bolaya batho a re, ''Go lekanye! Jaanong busetsa seatla sa gago kwa morago.'' Ka nako eo moengele wa Modimo Yahweh o ne a eme fa seboaneng se phothelang sa ga Arauna wa Mojebusi. 17 Mme Dafite a bua le Modimo Yahweh fa a bona moengele yo o neng a tlhasela batho, mme a re, ''Ke leofile, ebile ke dirile se se bosula. Mme dinku tse, di dirile eng? Tsweetswee a seatla sa gago se otlhae nna le ba lelapa la ga rre!'' 18 Foo Gate a tla kwa go Dafite mo letsatsing leo, mme a mo raya a re, ''Tsamaya o ye go agela Modimo Yahweh aletara kwa seboaneng se se phothelang sa ga Arauna wa Mojebusi.'' 19 Jalo Dafite a emelela a tsamaya jaaka Gate a ne a mo laetse, jaaka Modimo Yahweh a laotse. 20 Arauna a leba kwa ntle mme a bona kgosi le batlhanka ba gagwe ba atamela. Jalo Arauna a tswela kwa ntle mme a ikoba fa pele ga kgosi ka sefatlhego se lebile fatshe. 21 Foo Arauna a re, ''Ke eng mong wa me kgosi a tsile kwa go nna motlhanka wa gagwe?'' Dafita a fetola, ''Go reka seboana se se phothelang sa gago, gore ke agele Modimo Yahweh aletara, gore leroborobo le tlosiwe mo bathong.'' 22 Arauna a raya Dafite a re, ''E tsee jaaka ekete ke ya gago, mong wa me kgosi. Dira ka yone sepe se molemo mo ponong ya gago. Bona, dipholo ke tse gore o ntshe moneelo o o fisiwang, le diphotho le dijokwe go dira dikgong. 23 Tsotlhe tse, kgosi ya me, nna, Arauna, ke tla di go neela.'' Foo a raya kgosi a re, ''A Modimo Yahweh, Modimo wa gago a go amogele.'' 24 Kgosi a raya Arauna a re, ''Nnyaa, ke batla go se reka ka tlhwatlhwa. Ga ke na go ntshetsa Modimo Yahweh moneelo o o fisiwang ka sepe se se sa ntopang tlhwatlhwa.'' Jalo Dafite a reka seboana se se phothelang le dipholo ka selefera ya dishekele tse di masome a matlhano. 25 Dafite a agela Modimo Yahweh aletara foo, mme a neela mo go yone meneelo e e fisiwang le meneelo ya botsalano. Jalo ba kopela lefatshe mo go Modimo Yahweh, mme a dira gore leroborobo le eme mo Iseraele otlhe.