Kgaolo 8

1 Morago ga se, go ne ga diragala gore Tafita a tlhasele Bafilisitia a bo a ba fenye. Jalo Tafita a tsaya Gathe le metse ya yone go tswa mo taolong ya Bafilisitia. 2 Foo a fenya Moabe mme a lekanya banna ba bone ka mola ka go ba rapamisa fa fatshe. A lekanya mela e mebedi go e bolaya, mme a lekanya mola o o tletseng o le mongwe go o letlelela go tshela. Jalo Bamoabe ba nna batlhanka ba ga Tafita mme ba simolola go mo duela lekgetho. 3 Foo Tafita a fenya Hatatesere morwa Rehobo, kgosi ya Soba, jaaka Hatatesere a ne a le mo mosepeleng go ya go buseletsa go busa ga gagwe kwa nokeng ya Yufurate. 4 Tafita a gapa dikolotsana tsa ntwa di le sekete le makgolo a supa le masole a a tsamayang ka dinao a le dikete tse di masome a mabedi. Tafita a kgaola mesifa ya dipitse tsa dikolotsana tsa ntwa tsotlhe, mme a tlogela palo e e lekanyeng dikolotsana tsa ntwa di le lekgolo. 5 Fa Baaramo ba kwa Tamaseka ba tla go thusa Hatatesere kgosi ya Soba, Tafita a bolaya banna ba Aramo ba le dikete tse di masome a mabedi le bobedi. 6 Foo Tafita a baya ditlhopha tsa masole kwa Aramo wa Tamaseka, mme Baaramo ba nna batlhanka ba ga Tafita ba bo ba mo tsisetsa lekgetho. Modimo Yahweh o ne a neela Tafita phenyo gongwe le gongwe kwa a yang teng. 7 Tafita a tsaya dithebe tsa gauta tse di neng di le mo batlhankeng ba ga Hatatesere, mme a di tsisa kwa Jerusalema. 8 Kgosi Tafita o ne a tsaya kgotlho e ntsi go tswa kwa Beta le kwa Berothai, ditoropokgolo tsa ga Hatatesere. 9 Fa Toi, kgosi ya Hamathe, a utlwa gore Tafita o fentse sesole sotlhe sa ga Hatatesere, 10 Toi a romela morwawe, Hatoramo go dumedisa kgosi Tafita le go mo segofatsa, gonne Tafita o lole le Hatatesere a bo a mo fenya, le ka gonne Hatatesere o ne a boloditse ntwa kgatlhanong le Toi. Hatoramo o ne a tla ka dilwana tsa selefera, gauta le kgotlho. 11 Kgosi Tafita a tlhaolela dilwana tse kwa thoko gore e nne tsa Modimo Yahweh, mmogo le selefera le gauta tse di tswang kwa ditshabeng tsotlhe tse a di fentseng - 12 go tswa Aramo, Moabe, batho ba Amone, Bafilisitia, le Amaleka, go kopantswe le digapiwa tsotlhe tsa ga Hatatesere morwa Rehobo, kgosi ya Soba. 13 Leina la ga Tafita le ne le itsege thata fa a boa kwa go fenyeng Baaramo kwa mokgatsheng wa Letswai, le banna ba bone ba ba dikete di lesome le boroba bobedi. 14 O ne a baya ditlhopha tsa masole mo Etome otlhe, mme Baetome botlhe ba nna batlhanka ba gagwe. Modimo Yahweh o ne a neela Tafita phenyo gongwe le gongwe kwa a yang teng. 15 Tafita a busa Iseraele otlhe mme a direla batho ba gagwe botlhe katlholo le tshiamo. 16 Joabe morwa Seruia e ne e le molaola sesole, mme Jehoshafate morwa Ahilute e ne e le mokwadi wa ditiragalo. 17 Satoko morwa Ahitubu le Ahimeleke morwa Abiathara e ne e le baperesiti, mme Seraia e ne e le mokwaledi. 18 Benaia morwa Jehoiata o ne a okametse Bachereti le Bapheleti, mme barwa Tafita ba ne ba le bagakolodi bagolo ba kgosi.