Kgaolo 7

1 Go ne ga diragala gore morago ga fa kgosi a sena go iketla mo ntlong ya gagwe, le morago ga fa Modimo Yahweh a sena go mo neela boikhutso mo babeng ba gagwe botlhe ba ba mo dikologileng, 2 kgosi a raya moporofiti Nathane a re, ''Leba, ke nna mo ntlong ya masetara, mme letlole la Modimo le nna fa gare ga tente.'' 3 Foo Nathane a raya kgosi a re, ''Tsamaya, dira se se mo pelong ya gago, gonne Modimo Yahweh o na le wena.'' 4 Mme bosigo jone joo, lefoko la ga Modimo Yahweh la tla kwa go Nathane la re, 5 ''Tsamaya o ye go bolelela motlhanka wa me Tafita, 'Se ke se se buiwang ke Modimo Yahweh: a o ka nkagela ntlo e ke ka nnang mo go yone? 6 Gonne ga ke ise ke nne mo ntlong go tloga ka letsatsi le ke ntshitseng batho ba Iseraele mo Egepeto go fitlha letsatsi leno; boemong jwa moo, ke ntse ke tsamaya mo ke le mo tenteng, mo tebanekeleng. 7 Mo mafelong otlhe a ke tsamaileng mo go one fa gare ga batho ba Iseraele, a ke kile ka bua sengwe le baeteledipele ba Iseraele ba ke ba beileng go disa batho ba me ba Iseraele, ke re, ''Ke eng le sa nkagela ntlo ya masetara?''' 8 Jaanong, bolelela motlhanka wa me Tafita, ''Se ke se Modimo Yahweh wa masomosomo a se buang: 'Ke go tsere kwa mahudisong, go tlogela go sala dinku morago, gore o tle o nne mmusi wa batho ba me ba Iseraele. 9 Ke ntse ke na le wena gongwe le gongwe kwa o yang teng, mme ke kobetse kgakala baba ba gago fa pele ga gago. Mme ke tla go direla leina le legolo, fela jaaka leina la ba bagolo ba ba mo lefatsheng. 10 Ke tla beela batho ba me ba Iaseraele lefelo mme ke tla ba tlhoma koo, gore ba tle ba nne mo lefelong le e leng la bone, mme ba se ka ba tlhola ba tshwenngwa gape. Batho ba ba boikepo ga ba kitla ba ba gatelela gape, jaaka ba dirile pele, 11 jaaka ba ne ba dira go tloga ka letsatsi le ke neng ka laola baatlhodi go okamela batho ba me ba Iseraele. Mme ke tla go neela boikhutso mo babeng botlhe ba gago. Godimo ga moo, Nna, Modimo Yahweh, ke go bolelela phatlalatsa gore ke tla go direla ntlo. 12 Fa matsatsi a gago a weditswe o bo o robala le borraago, ke tla godisa kokomane fa morago ga gago, yo o tla tswang mo mmeleng wa gago, mme ke tla tlhomamisa bogosi jwa gagwe. 13 O tla agela leina la me ntlo, mme ke tla tlhomamisa setilo sa bogosi jwa gagwe ka bosakhutleng. 14 Ke tla nna Rraagwe mme o tla nna morwaake. Fa a leofa, ke tla mo kgalema ka thobane ya batho le ka kiteo ya barwa ba batho. 15 Mme boikanyego jwa me jwa kgolagano ga bo na go mo tlogela, jaaka ke ne ka bo tsaya mo go Saulo, yo ke neng ka mo tlosa fa pele ga gago. 16 Ntlo ya gago le bogosi jwa gago di tla rurifadiwa ka bosakhutleng fa pele ga gago. Setilo sa gago sa bogosi se tla tlhomamisiwa ka bosakhutleng.''' 17 Nathane o ne a bua le Tafita mme a mmegelela mafoko otlhe a, mme a mmolelela ka ponelopele yotlhe. 18 Foo kgosi Tafita a tsena mo teng a nna fa fatshe fa pele ga Modimo Yahweh; a re, ''Ke mang, Modimo Yahweh, le gone lelapa la me ke eng mo o ntsisitseng fa ke leng teng fa? 19 Mme se e ne e le selo se sennye mo ponong ya gago, Morena Yahweh. E bile o buile ka ba lelapa la motlhanka wa gago ka nako e ntsi e e tlang, wa bo wa mpontsha dikokomane tsa bokamoso, Morena Yahweh! 20 Ke ka go raya eng gape, nna, Tafita? O tlotlile matlhanka wa gago, Morena Yahweh. 21 Ka lebaka la mafoko a gago, le go ka wetsa thulaganyo e e leng ya gago, o dirile selo se segolo se mme wa se senolela motlhanka wa gago. 22 Jalo he, o mogolo Morena Yahweh. Gonne ga go na yo o tshwanang le wena, ebile ga go na Modimo ope ka ntleng le wena, fela jaaka re utlwile ka ditsebe tse e leng tsa rona. 23 Ke tshaba efe e e tshwanang le batho ba gago ba Iseraele, tshaba e le nosi mo lefatsheng e wena, Modimo, o ileng wa e inamolela? O dirlile se gore ba tle ba nne batho ba gago, le go itirele leina, le go direla lefatshe la gago ditiro tse dikgolo le tse di boitshegang.O ne wa kobela kgakala ditshaba le medimo ya tsone fa pele ga batho ba gago, ba o ba namotseng go tswa kwa Egepeto. 24 O tlhomamisitse Iseraele go nna batho ba gago ka bosakhutleng, mme wena, Modimo Yahweh, wa nna Modimo wa bone. 25 Jaanong, Modimo Yahweh, a tsholofetso e o e dirileng mabapi le motlhanka wa gago le ba lelapa la gagwe e tlhomamisiwe ka bosakhutleng. Dira jaaka o buile. 26 A leina la gago le nne legolo ka bosakhutleng, gore batho ba tle ba re, 'Modimo Yahweh wa masomosomo ke Modimo wa Iseraele,' fa ka ntlheng e nngwe, ntlo ya me, Tafita, e tlhomamisitswe fa pele ga gago. 27 Gonne wena, Modimo Yahweh wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o senoletse motlhanka wa gago gore o tla mo agela ntlo. Ke sone se, nna, motlhanka wa gago ke nnileng pelokgale go go rapela. 28 Jaanong, Morena Yahweh, o Modimo, mme mafoko a gago a a ikanyega, mme o diretse motlhanka wa gago tsholofetso e e molemo e. 29 Jaanong, a go go itumedise go segofatsa ntlo ya motlhanka wa gago, gore e tle e tswelele ka bosakhutleng e le teng fa pele ga gago. Gonne wena, Morena Yahweh, o buile dilo tse, mme ka tshegofatso ya gago, ntlo ya motlhanka wa gago e tla segofalela ruri.