Kgaolo 6

1 Jaanong Tafita a kgobokanya gape banna botlhe ba ba kgethilweng ba Iseraele, dikete tse di masome mararo. 2 Tafita a ema ka dinao a tswa le banna botlhe ba gagwe ba ba neng ba na le ene go tswa mo Baala mo Juta go ya go tsaya letlole la Modimo, le le bidiwang ka leina la Modimo Yahweh wa masomosomo, yo o ntseng mo setilong sa gagwe sa bogosi godimo ga dicheruba. 3 Ba baya letlole la Modimo mo kotsekareng e ntsha. Ba le ntshetsa kwa ntle ga ntlo ya ga Abinatabe, e e leng mo godimo ga thaba. Usa le Ahio, barwawe, ba ne ba tlhokometse motsamao wa kotsekara e ntsha. 4 Ba ntshetsa kotsekara kwa ntle go tswa mo ntlong ya ga Abinatabe mo godimo ga thaba e na le letlole la Modimo mo go yone. Ahio o ne a tsamaya kwa pele ga letlole. 5 Foo Tafita le ntlo yotlhe ya Iseraele ba simolola go tshameka fa pele ga Modimo Yahweh, ba ipela ka diletswa tsa legong, diharepa, disaletere, meropana, diphare, le disemebale. 6 Fa ba fitlha fa seboaneng se go phothelwang mo go sone sa Nakone, dipholo tsa kgopiwa, mme Usa a otlolola letsogo a tshwara letlole la Modimo, mme a le tshwara. 7 Foo go tenega ga Modimo ga tukela Usa. Modimo a mo tlhasela foo ka ntata ya boleo jwa gagwe. Usa a swela foo fa thoko ga letlole la Modimo. 8 Tafita o ne a tenegile ka gore Modimo Yahweh o ne a tlhasetse Usa, mme a bitsa lefelo leo Perese Usa. Lefelo leo le bidiwa Perese Usa go fitlha letsatsi leno. 9 Tafita o ne a boifa Modimo Yahweh letsatsi leo. A re, ''Letlole la Modimo Yahweh le ka tla jang kwa go nna?'' 10 Jalo Tafita o ne a sa ikemisetsa go tsaya letlole la Modimo Yahweh a tsena ka lone mo Toropokgolong ya ga Tafita. Boemong jwa moo, a le faposetsa kwa thoko a le tsenya mo ntlong ya ga Obete Etome wa Mogiti. 11 Letlole la Modimo Yahweh la nna mo ntlong ya ga Obete Etome wa Mogiti dikgwedi di le tharo. Jalo Modimo Yahweh a mo segofatsa le ba ntlo ya gagwe botlhe. 12 Jaanong kgosi Tafita a bolelelwa, ''Modimo Yahweh o segofaditse ntlo ya ga Obete Etome le tse tsotlhe tsa a nang le tsone ka ntata ya letlole la Modimo.'' Jalo Tafita a ya a tsisa letlole la Modimo go tswa mo ntlong ya ga Obete Etome go le tsisa mo Toropokgolong Ya Ga Tafita ka boitumelo.'' 13 Fa ba ba neng ba rwele letlole la Modimo Yahweh ba tsamaile dikgato di le thataro, o ne a ntsha setlhabelo sa pholo le namane e e nonneng. 14 Tafita a bina fa pele ga Modimo Yahweh ka maatla otlhe a gagwe; o ne a apere khiba ya kobamelo e le nosi fela. 15 Jalo Tafita le ntlo yotlhe ya Iseraele ba tsisa letlole la Modimo Yahweh ka go goa le medumo ya ditorompeta. 16 Jaanong jaaka letlole la Modimo Yahweh le tsena mo Toropokgolong Ya Ga Tafita, Mikale, morwadia Saulo, a leba ka fensetere. A bona kgosi Tafita a tlola a bo a bina fa pele ga Modimo Yahweh. Foo a mo nyatsa mo pelong ya gagwe. 17 Ba tsisa letlole la Modimo Yahweh, mme ba le baya fa le bewang teng, mo bogareng jwa tenete e Tafita a e tlhometseng lone. Foo Tafita a neele meneelo e e fisiwang le meneelo ya botsalano fa pele ga Modimo Yahweh. 18 Fa Tafita a sena go fetsa go neele meneelo e e fisiwang le meneelo ya botsalano, a segofatsa batho mo leineng la Modimo Yahweh wa masomosomo. 19 Foo a kgaoganya batho botlhe, matshwititshwiti otlhe a Iseraele, banna le basadi, borotho, nama, le kuku ya moretlwa wa setkgoa o o omisitsweng. Foo batho botlhe ba tsamaya; mongwe le mongwe a boela kwa ntlong ya gagwe. 20 Foo Tafita a boela morago go segofatsa ba lelapa la gagwe. Mme Mikale, morwadia Saulo, a tla go kopantsha Tafita mme a re, ''Ka fa kgosi ya Iseraele e tlotlilweng ka teng letsatsi leno, yo o neng a ikapola letsatsi leno fa pele ga matlho a basetsana ba malata ba ba leng gare ga batlhanka ba gagwe, jaaka mongwe wa batho ba ba sa laiwang ba ba ikapolang ka ntleng le ditlhong!'' 21 Tafita a tsibogela mafoko a ga Mikale, ''Ke dirile seo fa pele ga Modimo Yahweh, yo o ntlhophileng ntswa raago le ba lelapa la gagwe ba le teng, yo o intshwaetseng go nna moeteledipele wa batho ba Modimo Yahweh, batho ba Iseraele. Fa pele ga Modimo Yahweh ke tla itumela! 22 Ke tla tlhoka tlotlo segolo go feta fa, le gone ke tla tlhabisiwa ditlhong mo matlhong a me. Mme ke tla tlotlwa ka basetsana ba malata ba o buang ka bone ba.'' 23 Jalo Mikale, morwadia Saulo, a tshela a sena bana go fitlhelela loso lwa gagwe.