Kgaolo 5

1 Foo merafe yotlhe ya Iseraele ya tla kwa go Tafita kwa Heberone, mme ba re, ''Leba, re nama le marapo a gago. 2 Mo bogologolong jo bo fetileng, Saulo a santse a le kgosi ya rona, e ne e le wena yo o eteletseng sesole sa Iseraele. Modimo Yahweh o ne a go raya a re, 'O tla disa batho ba me ba Iseraele, gape o tla nna mmusi mo Iseraele.''' 3 Jalo bagolwane botlhe ba Iseraele ba tla kwa kgosing kwa Heberone, mme kgosi Tafita a dira kgolagano le bone fa pele ga Modimo Yahweh. Ba tlotsa Tafita go nna kgosi mo Iseraele. 4 Tafita o ne a le dingwaga di le 30 fa a simolola go busa, mme o ne a busa dingwaga di le 40. 5 Kwa Heberone o ne a busa Juta dingwaga di le 7 le dikgwedi di le thataro, mme mo Jerusalema o ne a busa Iseraele otlhe le Juta dingwaga di le 33. 6 Kgosi le banna ba gagwe ba ya Jerusalema go tlhasela Bajebusi, banni ba lefatshe leo. Ba raya Tafita ba re, ''Ga o na go tla fa ntleng le gore o busediwe morago ke difofu le digole. Tafita ga a ka ke a tla fa.'' 7 Le fa go ntse jalo, Tafita o ne a gapa boremelelo jwa Sione, jo jaanong e leng jone toropokgolo ya ga Tafita. 8 Ka nako eo Tafita a re, ''Bao ba tlhaselang Bajebusi ba tla tlamega go ralala moedi wa metsi go fitlha kwa 'difofung le digoleng', ba e leng baba ba ga Tafita.'' Ke sone se batho ba reng, ''A 'difofu le digole' di se ka tsa tsena mo ntlong ya bogosi.'' 9 Jalo Tafita a nna mo boremelelong, mme a bo bitsa Toropokgolo ya ga Tafita. A e agelela mo go thata go e dikologa, go tswa ka kwa ntle go ya ka kwa teng. 10 Tafita a nna maatla mo go golo gonne Modimo Yahweh, Modimo wa masomosomo, o ne a na le ene. 11 Foo Hiramo kgosi ya Tire a romela barongwa kwa go Tafita, le ditlhare tsa mesetara, le babetli, le bathudi ba matlapa. Ba agela Tafita ntlo. 12 Tafita o ne a itse fa Modimo Yahweh a mo tlhomile kgosi mo Iseraele le gore o tsholeditse bogosi jwa gagwe ka ntata ya batho ba gagwe ba Iseraele. 13 Morago fa Tafita a sena go tswa mo Heberone a ya kwa Jerusalema, a oketsa dinyatsi le basadi ba gagwe mo Jerusalema, mme a tsholelwa barwa le barwadi ba le bantsi. 14 A ke maina a bana ba a neng a ba tsholelwa mo Jerusalema: Shamua, Shobabe, Nathane, Solomone, 15 Ibara, Elishua, Nefege, Jafia, 16 Elishama, Eliata, le Elifelete. 17 Jaanong fa Bafilisitia ba utlwa fa Tafita a tloditswe go nna kgosi mo Iseraele, ba ne ba tswela kwa ntle ba mmatla. Mme Tafita a utlwa ka se mme a ya kwa boremelelong. 18 Jaanong Bafilisitia ba ne ba tsile ba ikanamisa mo mokgatsheng wa Refaime. 19 Foo Tafita a kopa thuso go tswa kwa go Modimo Yahweh. A re, ''A ke tlhasele Bafilisitia? A o tla mpha phenyo mo go bone?'' Modimo Yahweh a raya Tafita a re, ''Tlhasela, gonne ammaaruri ke tla go neela phenyo mo Bafilisitieng.'' 20 Jalo Tafita a tlhasela kwa Bale Perasimi, mme a ba fenya koo. A bua jaana, ''Modimo Yahweh o phunyeleditse mo gare ga baba ba me fa pele ga me jaaka go phunyeletsa ga morwalela wa metsi.'' Jalo leina la lefelo leo la nna Bale Perasimi. 21 Bafilisitia ba tlogela medingwana ya disetwa ya bone koo, mme Tafita le banna ba gagwe ba e rwala ba tsamaya ka yone. 22 Foo Bafilisitia ba tla gape, mme ba anama gape mo mokgatsheng wa Refaime. 23 Jalo Tafita a batla thuso kwa go Modimo Yahweh gape, mme Modimo Yahweh a mo raya a re, ''O se ka wa ba tlhasela o tswa kwa pele ga bone, mme o ba dikologe ka kwa morago mme o tle mo go bone fa gare ga ditlhare tsa mamurubele. 24 Fa o utlwa modumo wa dikgato tsa masole mo phefong e e fokang mo ditlhoeng tsa mamurubele, foo o tlhasele ka dikgoka. Dira se gonne Modimo Yahweh o tla bo a tsamaile kwa pele ga gago go tlhasela sesole sa Bafilisitia.'' 25 Jalo Tafita a dira jaaka Modimo Yahweh a mo laotse. A bolaya Bafilisitia go tswa kwa Geba go fitlha kwa Gesere.