Kgaolo 4

1 Fa Ishiboshethe, morwa Saulo, a utlwa gore Abonere o sule kwa Heberone, matsogo a gagwe a nna bokoa, mme Iseraele otlhe a tshwenyega. 2 Jaanong morwa Saulo o ne a na le banna ba le babedi ba ba neng ba le baeteledipele ba ditlhopha tsa masole. Leina la mongwe wa bone e le Baana fa mongwe e le Rechabe, barwa Rimone wa Mobeerothi wa batho ba Benjamene(gonne Beerothi o lejwa e le bontlha jwa Benjamene, 3 mme Babeerothi ba ne ba siela kwa Gitaimi mme ba ntse ba nna koo go fitlha nako e). 4 Jaanong Jonathane, morwa Saulo o ne a na le morwa yo o neng a le segole mo dinaong. O ne a le dingwaga di le 5 fa dikgang ka ga Saulo le Jonathane di tla go tswa kwa Jeserile. Mmelegi wa gagwe a mo tsholetsa gore a sie. Mme e rile jaaka a sia, morwa Jonathane a wela fa fatshe mme a nna segole. Leina la gagwe e ne e le Mefiboshethe. 5 Jalo barwa Rimone wa Mobeerothi, Baana le Rechabe, ba tsamaya go le motshegare ba ya kwa ntlong ya ga Ishiboshethe, jaaka a ne a ikhuditse mo tshokologong. 6 Mosadi yo o disang lebati o ne a thulamela a ntse a olosa korong, mme Rechabe le Baana ba feta fa go ene ka tidimalo ba tsena. 7 Jalo fa ba sena go tsena, ba mo tlhasela ba mmolaya, jaaka a ne a rapame mo bolaong jwa gagwe mo ntlong ya gagwe. Foo ba kgaola tlhogo ya gagwe ba e rwala, mme ba tsamaya mo tseleng bosigo jotlhe go ya kwa Araba. 8 Ba tsisa tlhogo ya ga Ishiboshethe kwa go Tafita kwa Heberone, mme ba raya kgosi ba re, ''Leba, se ke tlhogo ya ga Ishiboshethe morwa Saulo, mmaba wa gago, yo o ntseng a batla go go bolaya. Letsatsi leno Modimo Yahweh o busoloseditse mong wa rona kgosi kgatlhanong le Saulo le dikokomane tsa gagwe.'' 9 Tafita a araba Rechabe le Baana morwarraagwe, barwa Rimone wa Mobeerothi; a ba raya a re, ''Jaaka Modimo Yahweh a tshela, yo o golotseng botshelo jwa me mo mathateng, 10 fa mongwe a ne a mpolelela a re, 'Leba, Saulo o sule,' a akanya gore o tsisa dikgang tse di molemo, ke ne ka mo tshwara mme ka mmolaya kwa Sikilaga. Seo e ne e le katso e ke neng ka mo e neelela dikgang tsa gagwe. 11 Go tla nna go golo go le kae, fa banna ba ba boikepo ba bolaile motho yo o senang molato mo ntlong ya gagwe mo bolaong jwa gagwe, a jaanong ga ke a tshwanela go batla madi a gagwe mo seatleng sa lona, mme ke le tlose mo lefatsheng?'' 12 Foo Tafita a laela makau, mme ba ba bolaya, mme ba kgaola diatla le dinao tsa bone ba bo ba ba lepeletsa fa thoko ga mogobe kwa Heberone. Mme ba ne ba tsaya tlhogo ya ga Ishiboshethe ba e boloka mo lebitleng la ga Abonere mo Heberone.