Kgaolo 3

1 Jaanong go ne go na le ntwa e e gogileng nako e telele gare ga ntlo ya ga Saulo le ntlo ya ga Tafita. Tafita a thatafala a bo a thatafala, mme ntlo ya ga Saulo yone ya koafala ya bo ya koafala. 2 Tafita o ne a tsholelwa barwa kwa Heberone. Wa ntlha, Amonone, a mo tsholelwa ke Ahinoame yo o tswang kwa Jeserile. 3 Wa bobedi, Chiliabe, a mo tsholelwa ke Abigaile, motlholagadi wa ga Nabale go tswa kwa Karamele. Wa boraro, Abosalomo, a tsholwa ke Maakha, morwadia Talamai, kgosi ya Geshuru. 4 Morwa Tafita wa bone, Atonija, e ne e le morwa Hagithi. Morwawe wa botlhano, Shefatia, e ne e le morwa Abitale, 5 mme wa borataro, Itheriame, e ne e le morwa wa mosadi wa ga Tafita gotwe Egela. Ba ke barwa ba ba tsholetsweng Tafita kwa Heberone. 6 Ga diragala ka nako ya ntwa gare ga ntlo ya ga Saulo le ntlo ya ga Tafita gore Abonere a itire seganka mo ntlong ya ga Saulo. 7 Saulo o ne a na le nyatsi e bidiwa Risipha, morwadia Aia. Ishiboshethe a raya Abonere a re, ''Ke eng o robalane le nyatsi ya ga rre?'' 8 Foo Abonere a tenwa thata ke mafoko a ga Ishiboshethe mme a re, ''A ke tlhogo ya ntsa e e leng ya Juta? Letsatsi leno ke supa boikanyego mo ntlong ya ga Saulo, rraago, mo go barwarraagwe, le mo ditsaleng tsa gagwe, ka go sa go neeleng mo seatleng sa ga Tafita. Mme ke fa o mpona molato ka ga mosadi yo letsatsi leno? 9 A Modimo a ntire jalo, nna Abonere, mme a ntire go le gontsi, fa ke sa direle Tafita se Modimo Yahweh a se mo ikanetseng, 10 go fetisa bogosi go tswa mo ntlong ya ga Saulo a bo a tlhoma setilo sa bogosi sa ga Tafita mo Iseraele le Juta, go tswa kwa Tene go ya kwa Beeresheba.'' 11 Ishiboshethe a se ka a araba Abonere ka lefoko le le lengwe, gonne o ne a mmoifa. 12 Foo Abonere a romela barongwa kwa go Tafita go mmuelela ba re, ''Lefatshe le ke la ga mang? Dira kgolagano le nna, mme o tla bona gore seatla sa me se na le wena, go tsisa Iseraele yotlhe kwa go wena.'' 13 Tafita a araba, ''Go siame, ke tla dira kgolagano le wena. Mme selo se le sengwe se ke se tlhokang ke gore ga o na go bona sefatlhego sa me ntleng le gore o tsise Mikale, morwadia Saulo, fa o tla go mpona.'' 14 Foo Tafita a romela barongwa kwa go Ishiboshethe, morwa Saulo, a re, ''Nneele mosadi wa me Mikale, yo ke mo dueletseng tlhwatlhwa ya matlalo a bonna jwa Bafilisitia a le lekgolo.'' 15 Jalo Ishiboshethe a roma bangwe a tsaya Mikale mo monneng wa gagwe, Paletiele, morwa Laishi. 16 Monna wa gagwe a tsamaya le ene, a tsamaya a lela, mme a mo sala morago go fitlha kwa Bahurimi. Foo Abonere a mo raya a re, ''Boela gae jaanong.'' Jalo a boa. 17 Abonere a bua le bagolwane ba Iseraele a re, ''Mo bogologolong le ne le leka go dira Tafita kgosi ya lona. 18 Jaanong dirang jalo. Gonne Modimo Yahweh o buile ka ga Tafita a re, 'Ka seatla sa motlhanka wa me, Tafita, ke tla boloka batho ba me ba Iseraele mo seatleng sa Bafilisitia le mo seatleng sa baba botlhe ba bone.''' 19 Abonere a boa a bua le batho ba Benjamene ka namana. Foo Abonere a ya go bua le Tafita kwa Heberone go tlhalosa sengwe le sengwe se batho ba Iseraele le ba Benjamene ba neng ba eletsa go se dira. 20 Fa Abonere le banna ba gagwe ba le masome a mabedi ba fitlha kwa Heberone go bona Tafita, Tafita o ne a ba baakanyeditse mokete. 21 Abonere a tlhalosetsa Tafita, ''Ke tla ema ka dinao ke bo ke kgobokanyetsa Iseraele kwa go wena, mong wa me kgosi, gore ba tle ba dire kgolagano le wena, gore o tle o buse mo go gotlhe mo o go eletsang.'' 22 Foo masole a ga Tafita le Joabe a boa go tswa tlhaselong mme ba tla ka digapiwa di le dintsi. Mme Abonere o ne a sena le Tafita mo Heberone. Tafita o ne a mo golotse go tsamaya, mme Abonere o ne a tsamaya ka kagiso. 23 Fa Joabe le sesole sotlhe ba sena go goroga, ba bolelela Joabe, ''Abonere morwa Nere o ne a tsile kwa kgosing, mme kgosi o mo golotse go tsamaya, mme Abonere o tsamaile ka kagiso.'' 24 Foo Joabe a tla kwa kgosing mme a re, ''O dirile eng? Leba, Abonere o tsile kwa go wena! Ke eng o mo tlogetse a tsamaya, mme o tsamaile? 25 A ga o itse gore Abonere morwa Nere o tletse go go tsietsa le go iponela mananeo a gago le go lebelela tsotlhe tse o di dirang?'' 26 Fa Joabe a tswa fa go Tafita, o ne a roma barongwa go latela Abonere, mme ba mo tsisa go tswa kwa petseng ya Sira, mme Tafita o ne a sa itse se. 27 Fa Abonere a fitlha mo Heberone, Joabe a mo tseela kwa thoko fa gare ga diheke go itsheba le ene. Koo Joabe a mo tlhaba mo maleng a mmolaya. Joabe o ne a busolosetsa madi a morwarraagwe, Asahele, ka tsela e. 28 Fa Tafita a utlwa ka se, a re, ''Nna le bogosi jwa me ga re na molato fa pele ga Modimo Yahweh ka bosakhutleng mabapi le madi a ga Abonere, morwa Nere. 29 A molato wa loso lwa ga Abonere o wele mo tlhogong ya ga Joabe le ba ntlo ya ga rraagwe. A go se tlhokege go nna le mongwe mo ntlong ya ga Joabe yo o nnang le seso se se tshologang leswe kgotsa yo o nang le bolwetse jwa letlalo kgotsa yo o nang le bogole jo bo mo tsamaisang ka thobane kgotsa yo o bolawang ka tshaka kgotsa yo o nnang a se na dijo.'' 30 Jalo Joabe le morwarraagwe, Abishai, ba bolaya Abonere, gonne o bolaile morwarraabone, Asahele, kwa Gibione mo ntweng. 31 Tafita a raya Joabe le batho botlhe ba ba neng ba na le ene, ''Gagolang diaparo tsa lona, aparang letsela la kgetse, le hutsafale fa pele ga mmele wa ga Abonere.'' Mme Tafita a tsamaya fa morago ga setopo mo bontsing jo bo yang phitlhong. 32 Ba boloka Abonere mo Heberone. Kgosi a lela, a bo a lelela kwa godimo fa lebitleng la ga Abonere, mme le batho botlhe ba lela. 33 Kgosi a hutsafalela Abonere mme a opela, ''A Abonere o tshwanetse go swa jaaka seeleele se swa? 34 Matsogo a gago a ne a sa bofiwa. Maoto a gago a ne a sa tshwarwa ka ditshipi. Jaaka monna a wa fapele ga barwa ba kgobelelo, o ole jalo.'' Batho botlhe ba ipoeletsa ba mo lelela. 35 Batho botlhe ba tla ba dira gore Tafita a je letsatsi le ise le phirime, mme Tafita a ikana, ''A Modimo a ntire jalo, a ntire go le gontsi, fa ke ka ja borotho kgotsa sepe letsatsi le ise le phirime.'' 36 Batho botlhe ba lemoga khutsafalo ya ga Tafita, mme ya ba itumedisa, jaaka e le gore sengwe le sengwe se kgosi a se dirang se ne se ba itumedisa. 37 Jalo batho botlhe le Iseraele yotlhe ba ne ba tlhaloganya letsatsi leo gore e ne e se keletso ya kgosi go bolaya Abonere morwa Nere. 38 Kgosi a raya batlhanka ba gagwe a re, ''A ga le itse gore kgosana e e leng monna yo o tlotlegang o sule mo Iseraele letsatsi leno? 39 Mme ke bokoa letsatsi leno, ntswa ke le kgosi e e tloditsweng. Banna ba, barwa Seruia, ba makgwakgwa thata mo go nna. A Modimo Yahweh a duele modirabosula ka go mo otlhaela boikepo jwa gagwe, jaaka a tshwanelwa.''