Kgaolo 2

1 Morago ga se Tafita a botsa Modimo Yahweh a re, ''A ke ye kwa nngweng ya ditoropokgolo tsa Juta?'' Modimo Yahweh a mo fetola, ''Tsamaya.'' Tafita a re, ''Ke ye toropokgolong efe?'' Modimo Yahweh a fetola, ''Heberone.'' 2 Jalo Tafita a tsamaya le basadi ba gagwe ba babedi, Ahinoame yo o tswang kwa Jeserile, le Abigaile yo o tswang kwa Karamele, motlholagadi wa ga Nabale. 3 Tafita a tsisa banna ba ba neng ba na le ene, ba mongwe le mongwe wa bone a neng a tla le ba lelwapa la gagwe, kwa ditoropokgolong tsa Heberone, kwa ba neng ba simolola go nna teng. 4 Foo banna ba tla go tswa kwa Juta ba tla go tlotsa Tafita go nna kgosi ya ntlo ya Juta. Ba bolelela Tafita, ''Banna ba Jabeshe Gileate ba bolokile Saulo.'' 5 Jalo Tafita a romela barongwa kwa banneng ba Jabeshe Gileate mme a ba raya a re, ''Le segofaditswe ke Modimo Yahweh, ka gonne le supile boineelo jo mo go mong wa lona Saulo ebile le mmolokile. 6 Jaanong a Modimo Yahweh a le bontshe boineelo jwa kgolagano le boikanyego. Le nna ke tla le bontsha bomolemo jo ka go bo le dirile se. 7 Jaanong he, a matsogo a lona a tie; nnang pelokgale gonne mong wa lona Saulo o sule, mme ntlo ya Juta e ntloditse go nna kgosi ya bone.'' 8 Mme Abonere, morwa Nere, molaola sesole sa ga Saulo, a tsaya Ishiboshethe morwa Saulo a mo isa kwa Mahanaime. 9 A dira Ishiboshethe kgosi ya Gileate, Ashere, Jeserile, Iforeimi, Benjamene, le Iseraele otlhe. 10 Ishiboshethe o ne a le dingwaga di le 40 fa a simolola go busa mo Iseraele, mme o ne a busa dingwaga tse 2. Mme ntlo ya Juta e ne ya sala Tafita morago. 11 Lebaka le Tafita a neng a nna kgosi ya ntlo ya Juta mo Heberone ka lone e ne e le dingwaga tse 7 le dikgwedi tse 6. 12 Abonere morwa Nere, le batlhanka ba ga Ishiboshethe morwa Saulo, ba ne ba tswa mo Mahanaime ba ya kwa Gibeone. 13 Joabe morwa Seruia le batlhanka ba ga Tafita ba tswa ba ya go ba kopantsha fa mogobeng wa Gibeone. Foo ba nna fa fatshe, setlhopha sengwe se le ntlheng e nngwe ya mogobe fa se sengwe se le ntlheng e nngwe. 14 Abonere a raya Joabe a re, ''A makau ba eme ka dinao ba gaisane fa pele ga rona.'' Foo Joabe a re, ''A ba emelele.'' 15 Foo makau ba ema ka dinao ba kgobokana mmogo, ba le lesome le bobedi ba Benjamene le ba ga Ishiboshethe morwa Saulo, mme ba le lesome le bobedi ba tswa mo batlhankeng ba ga Tafita. 16 Monna mongwe le mongwe o ne a tshwara yo a gaisanang le ene ka tlhogo mme a phololetse tshaka ya gagwe mo letlhakoreng la yo a gaisanang le ene, mme bobedi jwa bone ba wele fa fatshe. Jalo he, lefelo leo le ne la bidiwa ka Sehebera, ''Helkath Azzurim,'' kgotsa ''Tshimo ya ditshaka,'' le le leng kwa Gibeone. 17 Ntwa e ne e befile mo letsatsing leo, mme Abonere le banna ba Iseraele ba fenngwa fa pele ga batlhanka ba ga Tafita. 18 Barwa Seruia ba bararo ba ne ba le foo: Joabe, Abishai le Asahele. Asahele o ne a le bofefo go taboga, jaaka phala. 19 Asahele a alola Abonere a mo atametse mme a mo sala morago a sa fapogele gope. 20 Abonere a gadima kwa morago, a re, ''A ke wena Asahele?'' A araba, ''Ke nna.'' 21 Abonere a mo raya a re, ''Fapogela kwa molemeng kgotsa kwa mojeng, mme o tshware mongwe wa makau o mo tseele dibetsa.'' Mme Asahele a se ka a fapogela kwa thoko. 22 Jalo Abonere a raya Asahele gape a re, ''Emisa go nkalola! Ke eng ke tshwanetse go go iteela fa fatshe? Ke tla kgona jang go leba morwarraago Joabe mo sefatlhegong?'' 23 Mme Asahele a gana go fapogela kwa thoko, mme jalo Abonere a mo tlhaba mo mmeleng ka bontlha jwa segai jo bo sa loodiwang, mo segai se neng sa phololela sa bo sa tswaela ka kwa ntlheng e nngwe. Asahele a wela fa fatshe mme a swela foo. Jalo go ne ga diragala gore ope yo o neng a goroga fa Asahele a neng a wela a bo a swela teng, o ne a ema a sa tshikhinyege. 24 Mme Joabe le Abishai ba ne ba alola Abonere. Fa letsatsi le ya go phirima ba fitlha fa thabeng ya Ama, e e leng gaufi le Gia, fa thoko ga tsela e e yang kwa sekakeng sa Gibeone. 25 Banna ba Benjamene ba ikgobokanya fa morago ga ga Abonere mme ba ema mo setlhoeng sa thaba. 26 Foo Abonere a bitsa Joabe a re, ''A tshaka e kometse e sa emise? A ga o itse gore go tsile go nna botlhoko kwa bofelong? Go tla tsaya nako e e kae gore o bolelele banna ba gago go emisa go alola barwarraabone?'' 27 Joabe a fetola, ''Fela jaaka Modimo a tshela, fa o ne o sa bua jalo, masole a me a ne a tla aloa barwarraabone go fitlha mo mosong!'' 28 Jalo Joabe a letsa torompeta, mme banna ba gagwe botlhe ba ema, mme ba se ka ba tswelela ba alola Iseraela gape, le fa e le go lwa gape. 29 Abonere le banna ba gagwe ba sepela bosigo jotlhe go ralala Araba. Ba kgabaganya Jorotane, mme ba tsamaya moso otlhe o o latelang, mme ba fitlha kwa Mahanaime. 30 Joabe a boa go tswa kwa go aloleng Abonere. A kgobokanya banna ba gagwe, mme ga bo go tlhaela Asahele le masole a mangwe a ga Tafita a le lesome le boroba bongwe. 31 Mme banna ba ga Tafita ba ne ba bolaile banna ba Benjamene ba ba neng ba na le Abonere ba le mokgolo a mararo le masome a marataro. 32 Foo ba tsaya Asahele ba mmoloka mo lebitleng la ga rraagwe, le le neng le le kwa Bethelehema. Joabe le banna ba gagwe ba sepela bosigo jotlhe, mme letsatsi la ba tlhabela ba le kwa Heberone.