Kgaolo 9

1 Go ne go na le monna go tswa kwa Benjamene, monna wa seriti. Leina la gagwe e ne e le Khishi morwa Abiele morwa Seroro morwa Bekhoratha morwa Afia, morwa wa Mobenjamene. 2 O ne a na le morwa a bidiwa Saulo, monnana yo montle. Go ne go sena monna ope mo gare ga batho ba Iseraele yo o neng a le montle go mo feta. Go tswa fa magetleng go ya kwa godimo, o ne a le moleele go feta batho botlhe. 3 Jaanong ditonki tsa ga Khishi, rraagwe Saulo, di ne di timetse. Jalo Khishi a raya Saulo morwawe a re, ''Tsaya mongwe wa batlhanka; emelela o ye go batla ditonki.'' 4 Jalo Saulo a ralala lefatshe la dithaba la Iforeimi a bo a ralala lefatshe la Shalisha, mme ba se ka ba di bona. Foo ba ralala lefatshe la Shaalimi, mme di ne di seyo koo. Foo a feta ka lefatshe la Babenjamene, mme ba se ka ba di bona. 5 Fa ba fitlha kwa lefatsheng la Sufu, Saulo a raya motlhanka wa gagwe yo o neng a na nae a re, ''Tlaya, a re boele morago, eseng jalo rre o tloga a tlhokomologa ditonki a bo a tshwenyega ka rona.'' 6 Mme motlhanka a mo raya a re, ''Reetsa, go na le monna wa Modimo mo toropokgolong e. Ke monna yo o tlotlegang; sengwe le sengwe se a se buang se nna boammaaruri. A re ye kwa teng kwa; gongwe o tla re bolelela gore re tsamaele kae mo leetong la rona.'' 7 Foo Saulo a raya motlhanka wa gagwe a re, ''Mme fa re tsamaya, re tla neela monna eng? Gonne borotho jo bo mo kgetseng ya rona bo fedile, mme ga re na mpho e re tla e tsisetsang monna wa Modimo. Re na le eng?'' 8 Motlhanka a araba Saulo mme a re, ''Fa, ke tshwere bongwe mo boneng jwa shekele ya selefera jo ke tla bo neelang monna wa Modimo, gore a re bolelele gore re tsamaele kae.'' 9 (Mo dinakong tsa bogologolo mo Iseraele, fa monna a ya go batla kitso ya go rata ga Modimo, o ne a re, ''Tlaya, a re ye go bona mmonelapele.'' Gonne moporofiti wa gompieno o ne a bidiwa mmonelapele mo dinakong tsa bogologolo). 10 Foo Saulo a raya motlhanka wa gagwe a re, ''O buile sentle. Tlaya, a re tsamae.'' Jalo ba ya kwa toropokgolong e monna wa Modimo a neng a le kwa go yone. 11 Jaaka ba ne ba palamela thaba go ya kwa toropokgolong, ba bona makgarejwana a tla go ga metsi; Saulo le motlhanka wa gagwe ba ba raya ba re, ''A mmonelapele o teng fa?'' 12 Ba araba, mme ba re, ''O teng; bonang, o fa pelenyana ga lona. Itlhaganeleng, gonne o tla toropokgolong letsatsi leno, gonne batho ba ntsha ditlhabelo letsatsi leno kwa lefelong le le kwa godimo. 13 Fela jaaka le tsena mo toropokgolong le tla mmona, pele a ya go ja kwa lefelong le le kwa godimo. Batho ga ba na go ja go fitlhela a tla, gonne o tla segofatsa setlhabelo; morago ga moo ba ba laleditsweng ba tla ja. Jaanong tsamaelang kwa godimo, gonne le tla mmona ka pele.'' 14 Jalo ba tlhatlogela kwa toropokgolong. Jaaka ba tsena mo toropokgolong, ba bona Samuele a tla a lebaganye le bone, go tlhatlogela kwa lefelong le le kwa godimo. 15 Jaanong letsatsi pele ga Saulo a tla, Modimo Yahweh o ne a senoletse Samuele: 16 ''Kamoso mo nakong yone e ke tla go romelela monna go tswa kwa Benjamene, mme o tla mo tlotsa go nna kgosana ya batho ba me ba Iseraele. O tla boloka batho ba me mo seatleng sa Bafilisitia. Gonne ke ntse ke lebile batho ba me ka bopelotlhomogi ka gore go bitsa ga bone mo go kopang thuso go gorogile kwa go nna.'' 17 Fa Samuele a bona Saulo, Modimo Yahweh a mmolelela a re, ''Monna yo ke go boleletseng ka ene ke yo! Ke ene yo o tla busang batho ba me.'' 18 Foo Saulo a tla gaufi le Samuele fa kgorong mme a re, ''Mpolelele, ntlo ya mmonelapele e kae?'' 19 Samuele a araba Saulo a re, ''Ke nna mmonelapele. Tsamaelang kwa godimo kwa pele ga me le ye kwa lefelong le le kwa godimo, gonne letsatsi leno le tsile go ja le nna. Ke tla le letlelela go tsamaya mo mosong, mme ke tla go bolelela tsotlhe tse di leng mo tlhaloganyong ya gago. 20 Fa e le ka ga ditonki tsa lona tse di neng di timetse matsatsi a mararo a a fetileng, le se ka la tshwenyega ka tsone, gonne di bonwe. Mme ke mang yo dikeletso tsotlhe tsa Iseraele di beilweng mo go ene? A ga se mo go wena le ntlo yotlhe ya ga rraago?'' 21 Saulo a araba mme a re, ''A ga ke Mobenjamene, go tswa kwa morafeng o monnye wa Iseraele? A kgotlana ya gaetsho ga se yone e e potlana mo dikgotlaneng tsotlhe tsa morafe wa Benjamene? Ke eng o mpuisa ka tsela e e ntseng jaana?'' 22 Jalo Samuele a tsaya Saulo le motlhanka wa gagwe, a ba tsenya mo holong, mme a ba baya ka kwa tlhogong ya ba ba laleditsweng, ba ba neng ba ka nna masome mararo ka palo. 23 Samuele a raya moapei wa dijo a re, ''Tsisa serwe se ke se go neetseng, se ke se go laetseng ke re, 'Se beele kwa thoko.''' 24 Jalo moapei wa dijo a tsaya serope se se neng sa nsthiwa fa go ntshiwa setlhabelo le tse di neng di na le sone, a se baya fa pele ga ga Saulo. Foo Samuele a re, ''Bona se o neng o se beetswe. Se je, gonne se ne se beetswe wena ka nako e e tlhomilweng. Gonne jaanong o ka re, 'Ke laleditse batho.''' Jalo Saulo a ja le Samuele letsatsi leo. 25 Fa ba sena go fologa kwa lefelong le le kwa godimo ba tsena mo toropokgolong, Samuele a bua le Saulo ba le mo godimo ga borulelo jwa ntlo. 26 Foo ka moso o motona, Samuele a biletsa Saulo kwa borulelong jwa ntlo mme a re, ''Tsoga, ke tle ke le golole le tsamae.'' Jalo Saulo a tsoga, mme ene le Samuele ba tsamaela kwa ntle mo mmileng. 27 Jaaka ba ne ba tsamaela kwa bofelong jwa toropokgolo, Samuele a raya Saulo a re, ''Raya motlhanka a tsamaele kwa pele ga rona.'' Mme o ne a tsamaela kwa pele. ''Mme wena o tswanetse o eme fa lebakanyana, gore ke tle ke go bolelele molaetsa wa Modimo.''