Kgaolo 8

1 Fa Samuele a tsofetse, a dira barwa ba gagwe baatlhodi mo Iseraele. 2 Leina la morwa wa motsalwapele e ne e le Joele, mme leina la wa bobedi e ne e le Abija. Ba ne ba le baatlhodi kwa Beeresheba. 3 Barwae ba se ka ba tsamaya mo ditseleng tsa gagwe, mme ba ne ba alolana le go ikhumisa ka botsotsi. Ba ne ba tsaya pipamolomo mme ba soka dikatlholo. 4 Foo bagolwane botlhe ba Iseraele ba kopana mme ba tla kwa go Samuele kwa Rama. 5 Ba mo raya ba re, ''Bona, o tsofetse, mme barwao ga ba tsamae mo ditseleng tsa gago. Re tlhomele kgosi gore e re atlhole jaaka ditshaba tsotlhe.'' 6 Mme go ne ga se ka ga itumedisa Samuele fa a utlwa ba re, ''Re neele kgosi go re a re atlhole.'' Jalo Samuele a rapela Modimo Yahweh. 7 Modimo Yahweh a raya Samuele a re, ''Utlwa lentswe la batho mo sengwe le sengweng se ba se go rayang; gonne ga ba a gana wena, mme ba ganne nna gore ke nne kgosi ya bone. 8 Ba dira fela jaaka ba dirile fa ke sale ke ba ntsha mo Egepeto, ba ntlogela, ba direla medimo e sele, jaanong le wena ba go dira jalo. 9 Jaanong ba reetse; mme ba tlhagise ka tlhwaafalo mme o dire gore ba itse ka tsela e kgosi e tsileng go ba busa ka yone.'' 10 Jalo Samuele a bolelela batho ba ba neng ba kopa kgosi mafoko otlhe a Modimo Yahweh. 11 A re, ''Se se tla dirwa ka nako yotlhe ke kgosi yo o tla le busang. O tla tsaya barwa ba lona a ba roma go dira ka dikolotsana tsa gagwe tsa ntwa le go nna bapalami ba gagwe ba dipitse, le go taboga fa pele ga dikolotsana tsa ntwa tsa gagwe. 12 O tla itlhomela balaodi ba masole a a sekete, le balaodi ba masole a a masome a matlhano. O tla dira gore bangwe ba leme mmu wa gagwe, bangwe ba robe thobo ya gagwe, mme bangwe ba dire dibetsa tsa gagwe tsa ntwa le didirisiwa tsa dikolotsana tsa gagwe tsa ntwa. 13 Gape o tla tsaya barwadia lona go nna badiri ba ditlolo tse di nkgang monate, baapei ba dijo, le baapei ba borotho. 14 O tla tsaya masimo a lona a a gaisang, a mofine, le a diolifi, a bo a a neela batlhanka ba gagwe. 15 O tla tsaya bolesome jwa mabele a lona, jwa thobo ya masimo a mofine a bo a neela badiredi ba gagwe le batlhanka ba gagwe. 16 O tla tsaya batlhanka ba lona ba banna le batlhanka ba lona ba basadi le bannana ba lona ba ba gaisang le ditonki tsa lona; o tla dira gore botlhe ba mmerekele. 17 O tla tsaya bolesome jwa matsomane a lona, mme le tla nna makgoba a gagwe. 18 Foo mo letsatsing leo le tla lela ka ntata ya kgosi ya lona yo le mo itlhophetseng; mme Modimo Yahweh ga a na go le araba mo letsatsing leo.'' 19 Mme batho ba gana go reetsa Samuele; ba re, ''Nnyaa! Go tshwanetse ga nna le kgosi yo o tla re busang 20 gore re tle re nne jaaka ditshaba tse dingwe, gape le gore kgosi ya rona e tle e re atlhole le gore a tle a re etelele pele a bo a lwe dintwa tsa rona.'' 21 Fa Samuele a utlwa mafoko otlhe a batho a a boeletsa mo ditsebeng tsa Modimo Yahweh. 22 Modimo Yahweh a raya Samuele a re, ''Utlwa lentswe la bone mme o dire gore mongwe a nne kgosi ya bone.'' Jalo Samuele a raya banna ba Iseraele a re, ''Monna mongwee le mongwe a a ye kwa toropokgolong ya gagabo.''