Kgaolo 7

1 Banna ba Kiriathe Jearimi ba tla, ba tsaya letlole la Modimo Yahweh, mme ba le tsisa mo ntlong ya ga Abinatabe kwa thabeng. Ba tlhalolela fa thoko morwawe Eleasare go tlhokomela letlole la Modimo Yahweh. 2 Letlole le ne la nna kwa Kiriathe Jearimi lebaka la dingwaga tse 20. Ntlo yotlhe ya Iseraele ya hutsafala, ba bo ba eletsa go retologela kwa go Modimo Yahweh. 3 Samuele a raya ntlo yotlhe ya Iseraele a re, ''Fa le boela kwa go Modimo Yahweh ka pelo ya lona yotlhe, tlosang medimo e sele le Ashetarothe mo gare ga lona, retololelang dipelo tsa lona kwa go Modimo Yahweh, mme le obamele ene fela, foo o tla le namola mo seatleng sa Bafilisitia.'' 4 Foo batho ba Iseraele ba ntsha Dibale le Ashetarothe, mme ba obamela Modimo Yahweh fela. 5 Foo Samuele a re, ''Tsisang Iseraele yotlhe kwa Misepha, mme ke tla le rapelela Modimo Yahweh.'' 6 Ba kgobokanela kwa Misepha, ba gelela metsi mme ba a tshololela fa pele ga Modimo Yahweh. Ba ikitsa dijo letsatsi leo mme ba re, ''Re leofetse Modimo Yahweh.'' Ke gone koo kwa Samuele a neng a rarabolola dikgang tsa batho ba Iseraele, mme a etelela batho. 7 Jaanong fa Bafilisitia ba utlwa gore batho ba Iseraele ba kgobokanye kwa Misepha, babusi ba Bafilisitia ba tlhasela Iseraele. Fa batho ba Iseraele ba utlwalela se, ba boifa Bafilisitia. 8 Foo batho ba Iseraele ba raya Samuele ba re, ''O se ka wa emisa go re biletsa Modimo Yahweh, Modimo wa rona, gore a re boloke mo seatleng sa Bafilisitia.'' 9 Samuele a tsaya konyana e e santseng e anya mme a e ntshetsa Modimo Yahweh e le moneelo o o fisiwang o o feletseng. Foo Samuele a lelela kwa go Modimo Yahweh mo boemong jwa Iseraele, mme Modimo Yahweh a mo araba. 10 Jaaka Samuele a santse a ntsha moneelo o o fisiwang, Bafilisitia ba atamela go tlhasela Iseraele. Mme Modimo Yahweh a duma ga maru mo go kwa godimo letsatsi leo kgatlhanong le Bafilisitia mme a ba tsenya mo tsietsegong, mme ba fenngwa fa pele ga Iseraele. 11 Banna ba Iseraele ba tswa mo Misepha, mme ba alola Bafilisitia mme ba ba bolaya go ya bokgakaleng jwa botlase jwa Bethekara. 12 Foo Samuele a tsaya letlapa mme a le baya fa gare ga Misepha le Shene. A le fa leina, Ebenesa, a re, ''Modimo Yahweh o re thusitse go fitlha fa.'' 13 Jalo Bafilisitia ba ne ba fenngwa mme ba se ka ba tsena ka molelwane wa Iseraele. Seatla sa Modimo Yahweh se ne se le kgatlhanong le Bafilisitia matsatsi otlhe a ga Samuele. 14 Ditoropo tse Bafilisitia ba neng ba di tsere mo Iseraele tsa busediwa Iseraele, go tswa Ekerone go fitlha kwa Gathe; Iseraele a busetsa kgaolo ya bone morago go tswa mo Bafilisitieng. Foo ga nna le kagiso gare ga Iseraele le Baamori. 15 Samuele o ne a atlhola Iseraele matsatsi otlhe a botshelo jwa gagwe. 16 Ngwaga le ngwaga o ne a dikologa go ya kwa Bethele, go ya kwa Giligala, le go ya kwa Misepha. O ne a atlholela Iseraele dikgang mo mafelong otlhe a. 17 Foo a bo a itse go boela morago kwa Rama, gonne ntlo ya gagwe e ne e le koo; mme koo gape o ne a atlholela Iseraele dikgang. Gape o ne a agela Modimo Yahweh aletara koo.