Kgaolo 6

1 Jaanong letlole la Modimo Yahweh le ne le le mo lefatsheng la Bafilisitia dikgwedi di supa. 2 Foo batho ba Filisitia ba bitsa baperesiti le badupa mewa; ba ba raya ba re, ''Re dire eng ka letlole la Modimo Yahweh? Re boleleleng gore re ka le busetsa jang kwa lefatsheng la lone.'' 3 Baperesiti le badupa mewa ba re, ''Fa le busetsa morago letlole la Modimo wa Iseraele, le se ka la le busa le sena mpho; dirang gotlhe go mo romelela moneelo wa go ipona molato. Foo le tla fodisiwa, mme le tla itse gore ke eng seatla sa gagwe se ne se sa tlosiwe mo go lona go fitlhelela jaanong.'' 4 Foo ba re, ''Re ntshe eng go nna moneelo wa go ipona molato o re o busetsang kwa go ene?'' Ba fetola, ''Dikaku tsa gauta di le tlhano le dipeba tsa gauta di le tlhano, palo ya botlhano e le palo e e lekanang le ya babusi ba Bafilisitia. Gonne leroborobo le le tshwanang, le tlhokofaditse lona le babusi ba lona. 5 Jalo le tshwanetse go dira ditshwantsho tsa dikaku tsa lona, le ditshwantsho tsa dipeba tsa lona tse di senyang lefatshe, mme le neele Modimo wa Iseraele kgalaletso. Gongwe o tla tlosa seatla sa gagwe mo go lona, le badimo ba lona le lefatshe la lona. 6 Ke eng le tshwanetse go imetsa dipelo tsa lona morwalo, jaaka Baegepeto le Faro ba ne ba thatafatsa dipelo tsa bone? Ke yone nako e Modimo wa Iseraele a neng a ba otlhaya mo go gagametseng; a batho ba Egepeto ga ba a ka ba koba batho, mme ba tsamaya? 7 Jaanong he, baakanyang kara e ntsha le dikgomo tse di amusang tse pedi tse di iseng di pegwe jokwe. Golegelelang dikgomo mo kareng, mme le ise dinamane tsa tsone gae, kgakala le tsone. 8 Foo le tsee letlole la Modimo Yahweh mme le le beye mo kareng. Bayang ditshwantsho tsa gauta tse le di busetsang kwa go ene e le moneelo wa go ipona molato mo lebokosong fa thoko ga letlole. Foo le le romele le ye kwa le yang teng. 9 Foo le lebe; fa le tlhatloga le ya mo tseleng ya kwa lefatsheng la lone le ya kwa Bethe Shemeshe, foo e tla bo e le Modimo Yahweh yo o dirileng sebetso se segolo se. Mme fa go sa nna jalo, foo re tla itse gore ga se seatla sa gagwe se se re tlhokofaditseng; boemong jwa moo, re tla itse gore go re diragaletse fela.'' 10 Banna ba dira jaaka ba boleleltswe; ba tsaya dikgomo tse pedi tse di amusang, ba di golegelela mo kareng, mme ba tswalela dinamane tsa tsone kwa gae. 11 Ba baya letlole la Modimo Yahweh mo kareng mmogo le lebokoso le na le dipeba tsa gauta le ditshwantsho tse di tshetsweng tsa dikaku tsa bone. 12 Dikgomo tsa tsamaela kwa ntlheng ya Bethe Shemeshe. Tsa tsamaela ntlheng e le nngwe fela, di lela di ntse di tsamaya, mme tsa se ka tsa fapogela ka kwa molemeng kgotsa kwa mojeng. Babusi ba Bafilisitia ba di sala morago go fitlha kwa molelwaneng wa Bethe Shemeshe. 13 Jaanong batho ba Bethe Shemeshe ba ne ba roba korong ya bone mo mokgatsheng. Fa ba tsholetsa matlho a bone kwa godimo ba bona letlole, ba itumela. 14 Kara ya tla mo tshimong ya ga Joshua wa toropo ya Bethe Shemeshe mme ya ema foo. Go ne go na le letlapa le le tona foo, mme ba phatlola dikgong tse di dirileng kara, ba bo ba ntsha dikgomo e le moneelo o o fisiwang wa Modimo Yahweh. 15 Balefi ba folosa letlole la Modimo Yahweh le lebokoso le le neng le na le lone, le le neng le na le ditshwantsho tsa gauta, ba di baya mo godimo ga letlapa le le tona. Banna ba Bethe Shemeshe ba ntshetsa Modimo Yahaweh meneelo e e fisiwang le ditlhabelo letsatsi lone leo. 16 Fa babusi ba batlhano ba Bafilisitia ba bona se, ba boela kwa Ekerone letsatsi leo. 17 Tse ke dikaku tsa gauta tse Bafilisitia ba di buseditseng kwa go Modimo Yahweh e le moneelo wa go ipona molato: mongwe e le wa Ashetote, mongwe e le wa Gasa, mongwe e le wa Ashekelone, mongwe e le wa Gathe, mme mongwe e le wa Ekerone. 18 Dipeba di ne di lekana ka palo le ditoropokgolo tsotlhe tsa Bafilisitia tse e leng tsa babusi ba batlhano, gotlhe, ditoropokgolo tse di thatafaditsweng le metse ya tsone. Letlapa le le tona, le ba beileng letlole la Modimo Yahweh fa thoko ga lone, le ntse le tsweletse go nna mosupi go fitlha letsatsi leno mo tshimong ya ga Joshua wa Mobetheshemeshe. 19 Modimo Yahweh a tlhasela bangwe ba banna ba Bethe Shemeshe ka gore ba ne ba okomela mo letloleng la Modimo Yahweh. A bolaya banna ba le masome a supa. Batho ba hutsafala, ka gore Modimo Yahweh o ne a fa batho petso e kgolo. 20 Banna ba Bethe Shemeshe ba re, ''Ke mang yo o kgonang go ema fa pele ga Modimo Yahweh, Modimo yo o boitshepo yo? Mme o tla tlhatlogela kwa go mang go tswa mo go rona?'' 21 Ba romela barongwa kwa banning ba Kiriathe Jiarimi, ba re, ''Bafilisitia ba busitse letlole la Modimo Yahweh; fologelang kwano le le tseye le boele morago ka lone.''