Kgaolo 3

1 Ngwana Samuele a direla Modimo Yahweh ka fa tlase ga ga Eli. Lefoko la Modimo Yahweh le ne le sa tlwaelesega go utlwiwa mo matsatsing ao; go ne go sena ponatshegelo ya seporofito e e neng e bonala gantsi. 2 Ka nako eo, fa Eli, yo matlho a gagwe a neng a setse a simolotse go fifala mo a neng a sa bone sentle, o ne a rapame mo bolaong jwa gagwe. 3 Lebone la Modimo le ne le ise le time, mme Samuele o ne a rapametse go robala mo tempeleng ya Modimo Yahweh, fa letlole la Modimo le neng le beilwe teng. 4 Modimo Yahweh a bitsa Samuele, yo o neng a re, ''Ke fano.'' 5 Samuele a tabogela kwa go Eli mme a re, ''Ke fano, gonne o mpiditse.'' Eli a re, ''Ga ke a go bitsa; rapama fa fatshe gape.'' Jalo Samuele a ya go rapama. 6 Modimo Yahweh a bitsa gape, ''Samuele.'' Gape Samuele a ema ka dinao a ya kwa go Eli mme a re, ''Ke fano, gonne o mpiditse.'' Eli a araba, ''Ga ke a go bitsa, morwaaka;rapama gape.'' 7 Jaanong Samuele o ne a ise a nne le maitemogelo a go dirisanya le Modimo Yahweh, le fa e le molaetsa ope go tswa kwa go Modimo Yahweh a ise a o senolelwe. 8 Gape Modimo Yahweh a bitsa Samuele la boraro. Gape Samuele a ema ka dinao a ya kwa go Eli mme a re, ''Ke fano, gonne o mpiditse.'' Foo Eli a lemoga gore Modimo Yahweh o biditse mosimane. 9 Foo Eli a raya Samuele a re, ''Tsamaya o rapame gape; fa a ka go bitsa gape, o re, 'Bua, Modimo Yahweh, gonne motlhanka wa gago o reeditse.''' Jalo Samuele a tsamaya a ya go rapama fa a neng a ntse teng gape. 10 Modimo Yahweh a tla a ema; a bitsa gape jaaka ka dinako tse dingwe, ''Samuele, Samuele.'' Foo Samuele a re, ''Bua, gonne motlhanka wa gago o reeditse.'' 11 Modimo Yahweh a raya Samuele a re, ''Bona , ke gaufi la go dira sengwe mo Iseraele se se tla dirang gore ditsebe tsa mongwe le mongwe yo o tla utlwang ka sone di lele ditshipi. 12 Mo letsatsing leo ke tla diragatsa sengwe le sengwe kgatlhanong le Eli se ke se buileng ka ntlo ya ga Eli, go tloga kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong. 13 Ke mmoleletse gore ke gaufi la go atlhola ntlo ya gagwe go fetsa ka ntata ya boleo jo a neng a itse ka ga jone, gonne barwae ba tsisitse phutso mo go bone mme ga a a ka a ba emisa. 14 Ka ntata ya se ke ikanetse ntlo ya ga Eli gore maleo a ntlo ya gagwe ga a kitla a tlhapisiwa ka setlhabelo kgotsa moneelo.'' 15 Samuele a rapama go fithlelela mo mosong; foo a bula mabati a ntlo ya Modimo Yahweh. Mme Samuele o ne a boifa go bolelela Eli ka ponatshegelo. 16 Foo Eli a bitsa Samuele mme a mo raya a re, ''Samuele, morwaaka.'' Samuele a re, ''Ke fano.'' 17 A re, ''Lefoko le a le buileng le wena la reng? Tsweetswee o se ka wa le mphitlhela. A Modimo a go dire jalo, a go dire go le gontsi, fa o ka mphitlhela sepe sa mafoko otlhe a a a buileng le wena.'' 18 Samuele a mmolelela sengwe le sengwe; a se ka a mo fitlhela sepe. Eli a re, ''Ke Modimo Yahweh. A a dire se se lebegang se le molemo mo go ene.'' 19 Samuele a gola, mme Modimo Yahweh o ne a na le ene, mme a se ka a lesa lefoko lepe la seporofito la gagwe go pala go nna boammaaruri. 20 Iseraele otlhe go tswa kwa Tene go fitlha kwa Beeresheba ba itse gore Samuele o tlhomilwe go nna moporofiti wa Modimo Yahweh. 21 Modimo Yahweh a iponatsa gape kwa Shilo, gonne o ne a iponaletsa Samuele ka lefoko la gagwe kwa Shilo.