Kgaolo 2

1 Hana a rapela mme a re, ''Pelo ya me e itumela mo go Modimo Yahweh. Lenaka la me le tsholediwa mo go Modimo Yahweh. Molomo wa me o ikgantshetsa baba ba me, gonne ke ipela mo polokong ya me. 2 Ga go na ope yo o boitshepo jaaka Modimo Yahweh, gonne ga go na ope ntleng le wena; ga go na lefika le le tshwanang le Modimo wa rona. 3 4 Se tlhole o ikgantsha gape ka go ikgodisa; a makgakga a se ka a tswa ka molomo wa gago. Gonne Modimo Yahweh ke Modimo wa kitso; ditiro di kalwa ke ene. Mara a banna ba ba maatla a robilwe, mme ba ba thetheekelang ba apara thata jaaka lebante. 5 Ba ba neng ba kgotshe ba iphirisa gore ba bone borotho; ba ba neng ba tshwerwe ke tlala ga ba sa tlhole ba tswerwe ke tlala. Le yo o moopa o tshola ba supa, mme mosadi yo nang le bana ba bantsi o a sotlega. 6 Modimo Yahweh o a bolaya gape o busetsa mo botshelong. O isa kwa Sheole gape o a rudisa. 7 Modimo Yahweh o humanegisa bangwe mme o humisa ba bangwe. O isa tlase, mme gape o a tsholetsa. 8 O tsholetsa mohumanegi go tswa mo leroleng. O tsholetsa batlhoki go tswa mo thotobolong ya molora a ba dire gore ba nne le magosana le go tsaya boswa jwa setilo sa tlotla. Gonne maotwana a lefatshe ke a Modimo Yahweh, mme o tlhomile lefatshe mo go one. 9 O tla disa dinao tsa batho ba gagwe ba ba boikanyego, mme baikepi ba tla didimadiwa mo lefifing, gonne ga go ope yo o tla fenyang ka thata. 10 Ba ba ganetsanyang le Modimo Yahweh ba tla thubiwa go nna ditokitoki; o tla ba thunyetsa jaaka maru go tswa legodimong. Modimo Yahweh o tla atlhola dikhutlo tsa lefatshe; o tla neela kgosi ya gagwe thata mme a tsholetse lonaka lwa motlodiwa wa gagwe.'' 11 Foo Elekana a ya kwa ntlong ya gagwe, kwa Rama. Ngwana a direla ModimoYahweh fa pele ga ga moperesiti Eli. 12 Jaanong barwa Eli e ne e le banna ba ba senang mosola. Ba ne ba sa itse Modimo Yahweh. 13 Baperesiti ba ne ba tlwaeditse batho gore fa monna ope a ntsha setlhabelo, motlhanka wa moperesiti o ne a tla ka sekgoge se se menwana e meraro mo seatleng sa gagwe, nama e santse e apeilwe. 14 O tla bo a se tsenya mo pitseng. Se sekgoge se tla tlang se se tshwere moperesiti o tla bo a se itseela. Ba ne ba dira se kwa Shilo mo Baiseraeleng ba ba neng ba tla koo. 15 Mo go maswe, pele ba besa mafura, motlhanka wa moperesiti a tla, mme a raya monna yo o neng a ntsha setlhabelo a re, ''Ntsha nama gore ke besetse moperesiti; gonne ga a na go amogela nama e e apeilweng mo go wena, fa e se e tala.'' 16 Fa monna a ka mo raya a re, ''Ba tshwanetse go besa mafura pele, foo o bo o tsaya ka fa o batlang ka teng.'' Foo o tla bo a re, ''Nnyaa, o tla e nneela jaanong; e seng jalo, ke tla e tsaya ka dikgoka.'' 17 Boleo jwa bannana ba bo ne bo le bogolo fa pele ga Modimo Yahweh, gonne ba nyaditse moneelo wa Modimo Yahweh. 18 Mme Samuele a direla Modimo Yahweh jaaka ngwana a apere sekhutlana sa letsela. 19 Mmaagwe o ne a mo direla purapura e nnye a bo a e tsisa ngwaga le ngwaga, fa a tla le monna wa gagwe go ntsha setlhabelo sa ngwaga le ngwaga. 20 Eli o tla bo a segofatsa Elekana le mosadi wa gagwe a re, ''A Modimo Yahweh a go neele bana gape ka mosadi yo ka lebaka la kopo e a e kopileng Modimo Yahweh.'' Foo ba tla bo ba boela kwa gabone. 21 Modimo Yahweh a thusa Hana gape, mme a nna moimana. A tshola barwa ba le bararo le barwadi ba le babedi. Ka nako eo, ngwana Samuele a gola fa pele ga Modimo Yahweh. 22 Jaanong Eli o ne a tsofetse thata; a utlwa tsotlhe tse barwae ba neng ba di dira Baiseraele botlhe, le ka fa ba neng ba robalana le basadi ba ba direlang fa kgorong ya tente ya bokopanelo. 23 A ba raya a re, ''Ke eng le dira dilo tse? Gonne ke utlwa ka ditiro tsa lona tse di bosula mo bathong botlhe ba. 24 Nnyaa, barwaaka; gonne pego e ke e utlwang ga e molemo. Le dira gore batho ba Modimo Yahweh ba tlhoke kutlo. 25 Fa motho a leofela yo mongwe, Modimo o tla mo atlhola; mme fa motho a leofela Modimo Yahweh, ke mang yo o tla mmuelelang?'' Mme ba ne ba se ka ba reetsa lentswe la ga rraabone, gonne Modimo Yahweh o ne a ikaelela go ba bolaya. 26 Ngwana, Samuele a gola, mme a oketsegelwa ke botsalano mo go Modimo Yahweh le mo bathong. 27 Jaanong monna wa Modimo a tla kwa go Eli mme a mo raya a re, ''Modimo Yahweh a re, 'A ga ke a itshenolela ntlo ya ga borraago, fa ba le kwa Egepeto mo bokgobeng jwa ntlo ya ga Faro? 28 Ke mo tlhophile mo merafeng yotlhe ya Iseraele go nna moperesiti wa me, go ya kwa aletareng ya me, le go tshuba maswalo, le go apara sekhutlana fa pele ga me. Ke neetse ntlo ya ga rraago meneelo yotlhe ya batho ba Iseraele e e fisitsweng. 29 Ke eng, jaanong, o sotla ditlhabelo le meneelo ya me tse ke di batlang mo lefelong le ke nnang mo go lone? Ke eng o tlotla barwao go mpheta ka go inontsha ka meneelo e e gaisang ya batho ba me ba Iseraele?' 30 Gonne Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele o bua a re, 'Ke solofeditse gore ntlo ya gago, le ntlo ya ga rraago, di tsamae fa pele ga me ka bosakhutleng.' Mme jaanong Modimo Yahweh a re, 'A go nne kgakala le nna gore ke dire se, gonne ke tla tlotla ba ba ntlotlang, mme ba ba nnyatsang ba tla nyadiwa. 31 Bona, matsatsi a etla fa ke tla kgaolang thata ya gago le thata ya ntlo ya ga rraago, gore go tle go se tlhole go nna le monna mogolo mo ntlong ya gago. 32 O tla bona patikesego mo lefelong le ke nnang mo go lone. Le ntswa bomolemo bo tla neelwa Iseraele, ga go tlhole go tla nna le monna mogolo mo ntlong ya gago. 33 Ope wa lona yo ke sa mo kgaoleng fa aletareng ya me, ke tla dira gore matlho a gago a fifale, mme ke tla tsisa bohutsana mo botshelong jwa gago. Banna botlhe ba ba tsholwang mo lelapeng la gago ba tla swa. 34 Se e tla nna sekai sa gago se se tla tlang mo barweng ba gago ba babedi, Hofoni le Finihase: Ba tla swa ka bobedi jwa bone mo letsatsing le le lengwe. 35 Ke tla ikgodisetsa moperesiti yo o boikanyego yo o tla dirang se se mo pelong ya me le se se mo moweng wa me. Ke tla mo agela ntlo e e tlhomameng; mme o tla tsamaya fa pele ga kgosi ya me e e tloditsweng ka bosakhutleng. 36 Mongwe le mongwe yo o setseng mo ntlong ya gago o tla tla go mo ikobela, a kopa phatlo ya selefera le borotho, mme o tla re, ''Tsweetswee nthome maemo mangwe a seperesiti gore ke je setoki sa borotho.'''