Kgaolo 4

1 Lefoko la ga Samuele la tla kwa go Iseraele otlhe. Jaanong Iseraele a bolola go ya ntweng kgatlhanong le Bafilisitia. Ba kampa kwa Ebenesa, fa Bafilisitia ba ne ba kampa kwa Afeke. 2 Bafilisitia ba ipaya mo meleng ya ntwa kgatlhanong le Iseraele. Fa ntwa e anama, Iseraele a fenngwa ke Bafilisitia, ba ba neng ba bolaya banna ba ka nna dikete tse nne mo patlelong ya ntwa. 3 Fa batho ba tsena mo kampeng, bagolwane ba Iseraele ba re, ''Ke eng Modimo Yahweh a re fentse fa pele ga Bafilisitia letsatsi leno? A re tsiseng letlole la kgolagano ya Modimo Yahweh fa go tswa kwa Shilo, gore le tle le nne fa le rona, gore le tle le re boloke mo diatleng tsa baba ba rona.'' 4 Jalo batho ba romela banna kwa Shilo; go tswa koo ba rwala letlole la Modimo Yahweh wa masomosomo, yo o nnang godimo ga dicheruba. Barwa Eli ba babedi, Hofoni le Finehase, ba ne ba le koo le letlole la kgolagano ya Modimo. 5 Fa letlole la kgolagano ya Modimo Yahweh le tla mo kampeng, batho botlhe ba Iseraele ba goa mo go golo, mme lefatshe la roroma. 6 Fa Bafilisitia ba utlwa modumo wa go goa, ba re, ''Go goa mo go kwa godimo mo kampeng ya Bahebera go raya eng?'' Foo ba lemoga gore letlole la Modimo Yahweh le tsile mo kampeng. 7 Bafilisitia ba tshoga; ba re, ''Modimo o tsile mo kampeng.'' Ba re, ''Go hutsegile rona! Ga go ise go diragale jaana mo dinakong tsa pele! 8 Go hutsegile rona! Ke mang yo o tla re sireletsang mo maatleng a badimo ba ba maatla ba? Ba ke badimo ba ba neng ba tlhasela Baegepeto ka maroborobo a mantsi a a farologanyeng mo sekakeng. 9 Nnang pelokgale, nnang banna, lona Bafilisitia, go seng jalo le tla nna makgoba a Bahebera, jaaka ba ne ba ntse ba le makgoba a lona. Nnang banna, mme le lwe.'' 10 Bafilisitia ba lwa, mme Iseraele a fenngwa. Monna mongwe le mongwe a siela kwa ntlong ya gagwe, mme polao ya nna kgolo thata; gonne masole a a tsamayang ka dinao a le dikete tse di masome a mararo a Iseraele a ne a bolawa. 11 Letlole la Modimo le ne la tsewa, mme barwa Eli ba babedi, Hofoni le Finehase, ba ne ba swa. 12 Monna wa Benjamene a tshaba go tswa mo moleng wa ntwa mme a tla kwa Shilo ka letsatsi leo, mme a goroga ka diaparo di gagotswe le mmu mo tlhogong. 13 Fa a goroga, Eli o ne a ntse mo setilong sa gagwe fa tseleng a lebile, gonne pelo ya gagwe e ne e roroma ka a ne a tshwenyega ka letlole la Modimo. Fa monna a tsena mo toropokgolong a bo a bolela dikgang, toropokgolo yotlhe ya lela. 14 Fa Eli a utlwa modumo wa go lela, a re, ''Selelo se se raya eng?'' Monna a tla ka bonako a tla a bolelela Eli. 15 Jaanong Eli o ne a le dingwaga di masome a a ferang bongwe le bofera bobedi; matlho a gagwe a ne a sa kgone go lebagana le sepe, mme o ne a sa go kgone bona. 16 Monna a raya Eli a re, ''Ke nna yo o tswang kwa moleng wa ntwa. Ke tshabile kwa ntweng letsatsi leno.'' Mme a re, ''E tsamaile jang, morwaaka?'' 17 Monna yo o tsisitseng dikgang a araba mme a re, ''Iseraele o tshabile fa pele ga Bafilisitia. Gape, go nnile le go fenngwa mo go golo mo gare ga batho. Gape, barwao ba babedi, Hofoni le Finehase, ba sule, mme letlole la Modimo le tserwe.'' 18 Fa a umaka letlole la Modimo, Eli a wela kwa morago go tswa mo setilong sa gagwe fa thoko ga heke. Molala wa gagwe o ne wa robega, mme a swa, gonne o ne a tsofetse mme a le bokete. O ne a atlhotse Iseraele dingwaga di le 40. 19 Jaanong ngwetsi ya gagwe, mosadi wa ga Finehase, o ne a le moimana ebile a le gaufi le go belega. Fa a utlwa dikgang tsa gore letlole la Modimo le gapilwe, le gore matsalaagwe le monna wa gagwe ba sule, a khubama a belega, mme ditlhabi tsa go belega tsa mo hekeetsa. 20 Ka nako ya go swa ga gagwe, basadi ba ba neng ba mo thusa ba mo raya ba re, ''O se ka wa boifa, gonne o belege morwa.'' Mme o ne a se ka a araba le fa e le go isa se ba se buang kwa pelong. 21 A neela ngwana leina, Ikabote, a re, ''Kgalalelo e tlogile mo Iseraele!'' Gonne letlole la Modimo le gapilwe, mme ka ntata ya ga matsalaagwe le monna wa gagwe. 22 Mme a re, ''Kgalalelo e tlogile mo Iseraele, gonne letlole la Modimo le gapilwe.''