Kgaolo 17

1 Jaanong Bafilisitia ba kgobokanyetsa masole a bone ntwa. Ba kgobokanela kwa Sokho, o e leng wa Juta. Ba ne ba kampile fa gare ga Sokho le Aseka, mo Efesetamimi. 2 Saulo le banna ba Iseraele ba kgobokana ba bo ba kampa mo mokgatsheng wa Ela, mme ba tsena mo meleng ya ntwa go kopana le Bafilisitia. 3 Bafilisitia ba ema mo godimo ga thaba mo ntlheng e nngwe, mme Iseraele a ema mo godimo ga thaba mo ntlheng e nngwe go na le mokgatsha fa gare ga bone. 4 Monna wa senatla a tswa mo kampeng ya Bafilisitia, monna a bidiwa Goliate wa Gathe, yo boleele jwa gagwe e neng e le dimithara tse tharo. 5 O ne a rwele lekarapa la kgotlho mo tlhogong, mme a tlhometse ka baki ya mologo wa dikeetane. Baki e e ne e le bokete jwa dikhilokereme di le masome a matlhano le botlhano. 6 O ne a na le dikapetla tsa kgotlho mo maotong, gape a rwele motswi o mogolo wa kgotlho fa gare ga magetla. 7 Matshwaro a segai sa gagwe a ne a le magolo, a na le thapo e e lehuto e e dirisiwang go kolopa jaaka thapo e e mo thobaneng e e logang. Tlhogo ya segai sa gagwe e ne e le bokete jwa dikhilokereme tse supa. Motsholathebe wa gagwe o ne a tsamaya fa pele ga gagwe. 8 A ema a goelela mela ya sesole sa Iseraele, ''Ke eng le tsile go ipaya mo meleng ya ntwa? A ga ke Mofilisitia, mme lona a ga le batlhanka ba ga Saulo? Itlhopheleng monna le mo lese a fologele kwano kwa go nna. 9 Fa a ka kgona go lwa le nna, mme a mpolaya re tla nna batlhanka ba lona. Mme fa ke ka mo fenya mme ka mmolaya, foo le tla nna batlhanka ba rona le bo le re direla.'' 10 Mofilisitia a bua gape a re, ''Ke gwetlha mela ya ntwa ya Iseraele letsatsi leno. Nneeleng monna ke lwe le ene.'' 11 Fa Saulo le Iseraele yotlhe ba utlwa se Mofilisitia a se buang, ba ne ba kgobega marapo mme ba tshoga mo go golo. 12 Jaanong Tafita e ne e le morwa Moeferatha wa Bethelehema kwa Juta, yo leina la gagwe e leng Jese. O ne a na le barwa ba le borobababedi. Jese o ne a le monnamogolo ka matsatsi a ga Saulo, a tsofetse thata gare ga banna. 13 Barwa ba bararo ba bagolo ba ga Jese ba ne ba setse Saulo morago go ya ntweng. Maina a barwa ba bararo ba ba neng ba ya ntweng e ne e le Eliabe wa motsalwapele, yo o mo salang morago, Abinatabe, le wa boraro e leng Shama. 14 Tafita e ne e le ene yo o mmotlana. Ba bararo ba bagolo ba ne ba sala Saulo morago. 15 Jaanong Tafita o ne a ya kwa le kwa gareng ga sesole sa ga Saulo le dinku tsa ga rraagwe kwa Bethelehema, gore a di otle. 16 Mo matsatsing a le masome a mane, monna wa senatla wa Mofilisitia o ne a itshupa moso le maitseboa a batla ntwa. 17 Foo Jese a raya morwawe Tafita a re, ''Tsaya o isetse barwarraago selekanyo sa mabele a a gadikilweng a, le marotho a a lesome a, mme o di ise ka bonako kwa go barwarraago kwa kampeng. 18 O isetse molaodi wa ba ba sekete wa bone ditshisi tse di lesome tse. O lebe gore bomogoloo ba tsogile jang mme o tsise bosupi jwa gore ba tsogile. 19 Bomogoloo ba na le Saulo le banna botlhe ba Iseraele mo mokgatsheng wa Ela, ba lwa le Bafilisitia.'' 20 Tafita a tsoga makuku mo mosong mme a tlogela letsomane mo tlhokomelong ya modisa. O ne a tsaya mohago mme a tsamaya, jaaka Jese a mo laotse. A goroga mo kampeng ka nako e sesole se neng se bolola go ya patlelong ya ntwa se goeletsa go goa ga ntwa. 21 Mme Iseraele le Bafilisitia ba tsena mo meleng ya ntwa, sesole se lebaganye le sesole. 22 Tafita a tlogela ditsagagwe le motlhokomedi wa dilwana, a tabogela kwa sesoleng, mme a dumedisa bomogolowe. 23 Fa a santse a bua le bomogolowe, monna wa senatla, Mofilisitia wa Gathe, wa leina la Goliate, a tswa mo meleng ya ntwa ya Bafilisitia, mme a bua mafoko a a tshwanang le a pele. Mme Tafita a a utlwa. 24 Fa banna botlhe ba Iseraele ba bona monna, ba tshaba fa pele ga gagwe mme ba boifa thata. 25 Banna ba Iseraele ba re, ''A o bone monna yo o sa tswang go atamela yo? O tletse go gwetlha Iseraele. Mme kgosi o tla neela monna yo o tla mmolayang dikhumo tse dikgolo, o tla mo neela morwadie gore a mo nyale, mme o tla golola ba ntlo ya ga rraagwe mo go ntsheng lekgetho mo Iseraele.'' 26 Tafita a raya banna ba ba neng ba bapile le ene a re, ''Go tla direlwa eng monna yo o tla bolayang Mofilisitia yo a bo a ntsha kgobo mo Iseraele? Ke mang Mofilisitia yo o sa rupang yo o nyatsang sesole sa Modimo yo o tshelang?'' 27 Foo batho ba boelela se ba ntseng ba se bua mme ba mmolelela ba re, ''O tla direlwa jaana monna yo o tla mmolayang.'' 28 Eliabe, mogolowe yo mogolo mo go botlhe, a utlwa fa a bua le banna. Eliabe a tenegela Tafita, mme a re, ''Ke eng o tsile fa? O tlogetse dinku tse di palo potlana tsele le mang mo sekgweng? Ke itse boikgodiso jwa gago, le bonokwane jo bo mo pelong ya gago; gonne o tsile kwano gore o tle o bone ntwa.'' 29 Tafita a re, ''Ke dirile eng jaanong? A e ne e se potso fela?'' 30 A retologa go mo hularela a leba yo mongwe, mme a bua jaaka a ne a buile. Batho ba araba fela jaaka pele. 31 Fa mafoko a Tafita a a buileng a utlwiwa, masole ba a boelela mo go Saulo, mme a roma mongwe go bitsa Tafita. 32 Foo Tafita a raya Saulo a re, ''A pelo ya monna ope e se ka ya tshoga ka Mofilisitia yole; motlhanka wa gago o tla ya go lwa le Mofilisitia yo.'' 33 Saulo a raya Tafita a re, ''Ga o ka ke wa kgona go lwa le Mofilisitia yo; gonne o monana fela, mme ene o ntse a le monna wa ntwa go tloga bonaneng jwa gagwe.'' 34 Mme Tafita a raya Saulo a re, ''Motlhanka wa gago o kile a bo a tlhokomela dinku tsa ga rraagwe. Fa tau kgotsa bera e tsere konyana go tswa mo letsomaneng, 35 ke ne ke e alola ke bo ke e tlhasela, mme ke namole konyana mo molomong wa yone. Mme fa e ntsogologela, ke e tshware ka ditedu, ke e itee, ke e bolae. 36 Motlhanka wa gago o bolaile tau le bera. Mofilisitia yo o sa rupang yo o tla tshwana le tsone, ka gore o gwetlhile sesole sa Modimo yo o tshelang.'' 37 Tafita a re, ''Modimo Yahweh o nnamotse mo leroong la tau le mo leroong la bera. O tla nnamola mo seatleng sa Mofilisitia yo.'' Foo Saulo a raya Tafita a re, ''Tsamaya, a Modimo Yahweh a nne le wena.'' 38 Saulo a apesa Tafita diaparo tsa gagwe tsa ntwa. A mo rwesa lekarapa la kgotlho, mme a mo apesa baki ya mologo wa dikeetane. 39 Tafita a bofelela tshaka ya gagwe mo diaparong tsa gagwe tsa phemelo. Mme o ne a sa kgone go tsamaya, gonne o ne a sa ikatisa ka tsone. Foo Tafita a raya Saulo a re, ''Ga ke ka ke ka tswa ka ya go lwa ka dilo tse, gonne ga ke a ikatisa ka tsone.'' Jalo Tafita a di apola. 40 A tsaya thobane ya gagwe mo seatleng sa gagwe, mme a tlhopha matlapa a a borethe a le matlhano mo mokgatsheng; a a tsenya mo sepatsheng sa modisa sa gagwe. Seragantswana sa gagwe se ne se le mo seatleng fa a atamela Mofilisitia. 41 Mofilisitia a tla a atamela Tafita, motsholathebe wa gagwe a le fa pele ga gagwe. 42 Fa Mofilisitia a leba go dikologa mme a bo a bona Tafita, a mo nyatsa, gonne o ne a le mosimane, a le mohibidu, ka bontle jwa tebego. 43 Foo Mofilisitia a raya Tafita a re, ''A ke ntsa, mo o tlang kwa go nna ka dithobane?'' Mme Mofilisitia a hutsa Tafita ka badimo ba gagwe. 44 Mofilisitia a raya Tafita a re, ''Tla kwa go nna, mme ke tla neela nama ya gago dinonyane tsa magodimo le dibatana tsa naga.'' 45 Tafita a fetola Mofilisitia a re, ''O tla kwa go nna ka tshaka, segai le segai se segolo se se kolopiwang. Mme ke tla kwa go wena mo leineng la Modimo Yahweh wa masomosomo, Modimo wa sesole sa Iseraele, yo o mo nyaditseng. 46 Letsatsi leno Modimo Yahweh o tla nneela phenyo godimo ga gago, mme ke tla go bolaya ke bo ke tlosa tlhogo ya gago mo mmeleng wa gago. Letsatsi leno ke tsile go neela dinonyane tsa magodimo le dibatana tsa lefatshe ditopo tsa sesole sa Bafilisitia, gore lefatshe lotlhe le itse gore go na le Modimo mo Iseraele, 47 le gone gore kokoano yotlhe e e itse gore Modimo Yahweh ga a neele phenyo ke tshaka kgotsa segai. Gonne ntwa ke ya Modimo Yahweh, mme o tsile go go neela mo seatleng sa rona.'' 48 Fa Mofilisitia a emelela go atamela Tafita, foo Tafita a taboga ka bonako go ya ntlheng ya sesole sa Bafilisitia go mo kopantsha. 49 Tafita a tsenya seatla sa gagwe mo sepatsheng, a ntsha letlapa, a le kolopa ka seragantswana, mme a itaya Mofilisitia mo phatleng. Letlapa la nwela mo phatleng ya Mofilisitia, mme a wela fa fatshe ka sefatlhego. 50 Tafita a fenya Mofilisitia ka seragantswana le ka letlapa. A itaya Mofilisitia mme a mmolaya. Go ne go sena tshaka mo seatleng sa ga Tafita. 51 Foo Tafita a taboga a ema a okame Mofilisitia mme a tsaya tshaka ya gagwe, a e ntsha mo kgatleng, a mmolaya, mme a kgaola tlhogo ya gagwe ka yone. Fa Bafilisitia ba bona gore monna wa bone wa senatla o sule, ba tshaba. 52 Foo banna ba Iseraele le banna ba Juta ba emelela ka go goa, mme ba alola Bfilisitia go ya bokgakala jwa mokgatsha le diheke tsa Ekerone. Mme Bafilisitia ba ba suleng ba anama le tsela go ya kwa Shaaraimi, le tsela yotlhe go ya Gathe le Ekerone. 53 Batho ba Iseraele ba boa kwa go aloleng Bafilisitia, mme ba thukutha kampa ya bone. 54 Tafita a tsaya tlhogo ya Mofilisitia a e tsisa kwa Jerusalema, mme a baya diaparo tsa gagwe tsa ntwa mo tenteng ya gagwe. 55 Fa Saulo a bona Tafita a ya go lwa le Mofilisitia, a raya Abonere, molaola sesole a re, ''Abonere, monana yo ke morwa mang?'' Abonere a re, ''Jaaka o tshela, kgosi, ga ke itse.'' 56 Kgosi a re, ''Botsa ba ba ka itseng gore mosimane yo ke morwa mang.'' 57 Fa Tafita a boa kwa go bolaeng Mofilisitia, Abonere a mo tsaya, mme a mo tsisa fa pele ga ga Saulo ka tlhogo ya Mofilisitia e le mo seatleng sa gagwe. 58 Saulo a mo raya a re, ''O morwa mang, monnana?'' Mme Tafita a raba, ''Ke morwa motlhanka wa gago Jese wa Mobethelehema.''