Kgaolo 16

1 Modimo Yahweh a raya Samuele a re, ''O tla hutsafalela Saulo lebaka le le kae, gonne ke mo ganne go nna kgosi ya Iseraele? Tlatsa lonaka lwa gago ka leokwane o tsamae. Ke tla go romela kwa go Jese wa kwa Bethelehema, gonne ke itlhophetse kgosi mo gare ga barwa ba gagwe.'' 2 Samuele a re, ''Ke ka tsamaya jang? Fa Saulo a utlwa ka se, o tsile go mpolaya.'' Modimo Yahweh a re, ''Tsaya kgomo ya moroba mme o re, 'Ke tsile go ntshetsa Modimo Yahweh setlhabelo.' 3 Biletsa Jese kwa setlhabelong, mme ke tla go bontsha gore o tle o dire eng. O tla ntloletsa yo ke tla mo go bolelelang.'' 4 Samuele a dira jaaka Modimo Yahweh a buile, mme a ya kwa Bethelehema. Bagolwane ba toropokgolo ba ne ba roroma fa ba tla go kopana le ene mme ba re, ''A o tla ka kagiso?'' 5 A re, ''Ka kagiso; ke tsile go ntshetsa Modimo Yahweh setlhabelo. Ipaakanyetseng go itlhaola mme le tle le nna kwa setlhabelong.'' Mme a tlhaolela kwa thoko Jese le barwae a bo a ba laletsa kwa setlhabelong. 6 Fa ba tla, a leba Eliabe, mme a ithaya a re e le ruri motlodiwa wa Modimo Yahwh o eme fa pele ga gagwe. 7 Mme Modimo Yahweh a raya Samuele a re, ''O se ka wa leba tebego ya gagwe ya ka kwa ntle, kgotsa go golela godimo ga gagwe; gonne ke mo ganne. Gonne Modimo Yahweh ga a lebe jaaka motho a leba; motho o leba tebego ya ka kwa ntle, mme Modimo Yahweh o leba pelo.'' 8 Foo Jese a bitsa Abinatabe mme a mo fetisa fa pele ga ga Samuele. Mme Samuele a re, ''Le yo Modimo Yahweh ga a a mo tlhopha.'' 9 Foo Jese a dira gore Shama a fete gaufi. Mme Samuele a re, ''Le yo Modimo Yahweh ga a a mo tlhopha.'' 10 Jese a dira gore bangwe barwa ba gagwe ba ba supa ba fete fa pele ga ga Samuele. Mme Samuele a raya Jese a re, ''Modimo Yahweh ga a a tlhopha ope wa ba.'' 11 Foo Samuele a raya Jese a re, ''A barwao botlhe ba teng fa?'' A fetola, ''Go setse yo o mmotlana, mme o tlhokometse dinku.'' Samuele a raya Jese a re, ''Roma mongwe a tle le ene; gonne ga re na go nna fa fatshe go fitlhela a tla fa.'' 12 Jese a roma mongwe a tla nae. Jaanong morwa yo o ne a le mohibidu, a na le matlho a mantle, ebile a le montle mo tebegong. Modimo Yahweh a re, ''Emelela, mo tlotse; gonne ke ene.'' 13 Foo Samuele a tsaya lonaka lwa leokwane mme a mo tlotsa fa gare ga brwarraagwe. Mowa wa Modimo Yahweh wa goromela mo go ene go tloga letsatsi leo go ya kwa pele. Foo Samuele a ema ka dinao a ya kwa Rama. 14 Jaanong Mowa wa Modimo Yahweh wa tlogela Saulo, mme boemong jwa moo mowa o o bolayang o o tswang kwa go Modimo Yahweh wa mo tshwenya. 15 Batlhanka ba ga Saulo ba mo raya ba re, ''Bona, mowa o o bolayang o o tswang kwa go Modimo Yahweh o a go tshwenya. 16 A mong wa rona a laole batlhanka ba gagwe ba ba fa pele ga gago go batla monna wa moletsi yo o manontlhotlho wa harepa. Foo e tla re fa mowa o o bolayang o o tswang kwa go Modimo Yahweh o le mo go wena, o tla e letsa mme o tla itekanela.'' 17 Saulo a raya batlhanka ba gagwe a re, ''Mpatleleng monna yo o letsang ka bonokopila le mo tsise kwa go nna.'' 18 Foo mongwe wa bannana a araba, mme a re, ''Ke bone morwa Jese wa Mobethelehema, yo o manontlhotlho mo go letseng, monna yo o maatla, yo o pelokgale, monna wa ntwa, monna yo o kelotlhoko mo puong, monna yo montle; mme Modimo Yahweh o na le ene.'' 19 Jalo Saulo a romela barongwa kwa go Jese, mme a re, ''Nthomelele morwao Tafita, yo o kwa dinkung.'' 20 Jese a tsaya tonki e rwele borotho, le sejana se na le mofine, le podi e e potlana, mme a di romela le Tafita morwawe kwa go Saulo. 21 Foo Tafita a tla kwa go Saulo, mme a simolola go mo direla. Saulo a mo rata thata, mme a nna motsholathebe wa gagwe. 22 Saulo a romela molaetsa kwa Jese, a re, ''Letlelela Tafita go mpereka, gonne o bone botsalano mo ponong ya me.'' 23 E ne e re fa mowa o o bolayang o o tswang kwa go Modimo Yahweh o tla mo go Saulo, Tafita o ne a tsaya harepa mme a e letse. Jalo Saulo o ne a rarabologelwa a bo a itekanela, mme mowa o o bolayang o bo o tswa mo go ene.