Kgaolo 15

1 Samuele a raya Saulo a re, ''Modimo Yahweh o nthomile go go tlotsa go nna kgosi ya batho ba gagwe ba Iseraele. Jaanong reetsa mafoko a Modimo Yahweh. 2 Se ke se Modimo Yahweh wa masomosomo a se buang, 'Ke etse tlhoko se Amaleka a se dirileng Iseraele fa a ba thibela mo tseleng, fa ba tswa kwa Egepeto. 3 Jaanong tsamaya o tlhasele Amaleka mme o senye mo go feletseng dilo tsotlhe tse ba nang le tsone. O se ka wa ba lesa, bolaya gotlhe monna le mosadi, ngwana le lesea, pholo le nku, kamela le tonki.''' 4 Saulo a bitsa batho mme a ba bala kwa toropokgolong ya Teleme: makgolo a mabedi a dikete a banna ba ba tsamayang ka dinao, le banna ba ba dikete tse di lesome ba Juta. 5 Foo Saulo a tla kwa toropokgolong ya Amaleka mme a leta a le mo mokgatsheng. 6 Foo Saulo a raya Bakeni a re, ''Tsamayang, tswayang fa gare ga Baamaleka, gore ke se ka ka le senya mmogo le bone. Gonne le supeditse batho botlhe ba Iseraele bopelotlhomogi, fa ba tswa kwa Egepeto.'' Jalo Bakeni ba itlhaola mo Baamalekeng. 7 Foo Saulo a tlhasela Baamaleka, go tswa kwa Habila bokgakala jwa Shure, yo o leng kwa botlhabatsatsi jwa Egepeto. 8 Foo a tsaya Agage kgosi ya Baamaleka a tshela; a nyeletsa gotlhelele batho botlhe ka bogale jwa tshaka. 9 Mme Saulo le batho ba boloka Agage, mmogo le dinku, dipholo, dinamane tse di nontshitsweng, le dikonyana tse di gaisang tse dingwe. Sengwe le sengwe se se molemo ba se ka ba se senya. Mme ba ne ba nyeletsa gotlhelele sengwe le sengwe se se neng se nyatsega e bile se sena mosola. 10 Foo lefoko la Modimo Yahweh la tla kwa go Samuele, le re, 11 ''Go a nkhutsafatsa go bo ke dirile Saulo kgosi, gonne o tlogetse go ntshala morago e bile ga a diragatsa ditaolo tsa me.'' Samuele o ne a tenega; a lelela kwa go Modimo Yahweh bosigo jotlhe. 12 Samuele a tsoga makuku gore a tle a bone Saulo go sale mo mosong. Samuele a bolelelwa, ''Saulo o tsile kwa Karamele mme a ikagela sefikantswe, foo a tloga a tsamaela kwa Giligala.'' 13 Foo Samuele a tla kwa go Saulo, mme Saulo a mo raya a re, ''O segofaditswe ke Modimo Yahweh! Ke diragaditse taolo ya Modimo Yahweh.'' 14 Samuele a re, ''Go lela ga nku mo ditsebeng tsa me mo ke eng, le go lela ga dipholo mo ke go utlwang mo?'' 15 Saulo a fetola, ''Ba di tsisitse go tswa Baamalekeng. Gonne batho ba ne ba lesa tse di gaisang tsa dinku le dipholo, go di ntshetsa Modimo wa gago setlhabelo. Tse dingwe re ne ra di nyeletsa gotlhelele.'' 16 Foo Samuele a raya Saulo a re, ''Ema pele, mme ke tla go bolelela se Modimo Yahweh a se mpoleletseng bosigong jo.'' Saulo a mo raya a re, ''Bua!'' 17 Samuele a re, ''Le fa o le monnye mo ponong ya gago, a ga o a diriwa tlhogo ya merafe ya Iseraele? Mme Modimo Yahweh a go tlotsa go nna kgosi ya Iseraele; 18 Modimo Yahweh o go rometse mo tseleng ya gago mme a re, 'Tsamaya o ye go nyeletsa baleofi gotlhelele, Baamaleka, mme o lwe le bone go fitlhelela ba nyelediwa.' 19 Ke eng o se kile wa utlwa lentswe la Modimo Yahweh, mme boemong jwa moo, o tsere digapiwa wa bo wa dira se se bosula mo ponong ya Modimo Yahweh?'' 20 Foo Saulo a raya Samuele a re, ''E le ruri ke diragaditse lentswe la Modimo Yahweh, mme ke tsamaile mo tseleng e Modimo Yahweh a nthomileng mo go yone. Ke gapile Agage, kgosi ya Amaleka, mme ke nyeleditse Baamaleka gotlhelele. 21 Mme batho ba tsere dingwe tsa digapiwa - dinku le dipholo, dilo tse di gaisang tse di tlhaoletsweng go senngwa, go ntshediwa Modimo wa gago setlhabelo kwa Giligala.'' 22 Samuele a fetola, ''A Modimo Yahweh o itumelela thata meneelo e e fisiwang le ditlhabelo, jaaka a ka itumelela go nna kutlo mo lentsweng la Modimo Yahaweh? Go nna kutlo go botoka go feta go ntsha setlhabelo, le go reetsa go botoka go feta go ntsha mafura a diphelefu. 23 Gonne tsuololo e tshwana le boleo jwa go dupa ka mewa, mme bodipa bo tshwana le boikepo le ditlolo. Ka gore o ganne lefoko la Modimo Yahweh, le ene o go ganne gore o nne kgosi.'' 24 Foo Saulo a raya Samuele a re, ''Ke leofile; gonne ke robile taolo ya Modimo Yahweh le mafoko a gago, gonne ke ne ka boifa batho mme ka utlwa lentswe la bone. 25 Jaanong, tsweetswee, itshwarele boleo jwa me, mme o boe le nna gore ke tle ke obamele Modimo Yahweh.'' 26 Samuele a raya Saulo a re, ''Ga ke na go boela morago le wena; gonne o ganne lefoko la Modimo Yahweh, mme Modimo Yahweh o go ganne gore o nne kgosi ya Iseraele.'' 27 Jaaka Samuele a ne a retologa gore a tsamae, Saulo a ngaparela momeno wa purapura ya gagwe, mme ya gagoga. 28 Samuele a mo raya a re, ''Modimo Yahweh o gagotse bogosi jwa Iseraele mo go wena letsatsi leno mme o bo neetse moagisanyi wa gago, yo o leng botoka mo go wena. 29 Gape, Thata Ya Iseraele ga a ka ke a aka le fa e le go fetola mogopolo; gonne ga se motho mo a ka fetolang mogopolo wa gagwe.'' 30 Foo Saulo a re, ''Ke leofile. Mme tsweetswee ntlotle jaanong fa pele ga bagolwane ba batho ba me le fa pele ga Iseraele. Boa le nna, gore ke tle ke obamele Modimo Yahweh, Modimo wa gago.'' 31 Jalo Samuele a boa gape fa morago ga ga Saulo, mme Saulo a obamela Modimo Yahweh. 32 Foo Samuele a re, ''Tsisang Agage kgosi ya Amaleka kwa go nna.'' Agage a tla kwa go ene a bofilwe ka dikeetane, mme a re, ''E le ruri botlhoko jwa loso bo fetile.'' 33 Samuele a fetola, ''Fela jaaka tshaka ya gago e dirile bommabana go tlhoka bana, mmaago le ene o tla tlhoka ngwana mo gare ga basadi.'' Foo Samuele a remelela Agage ditokitoki fa pele ga Modimo Yahweh kwa Giligala. 34 Samuelele a ya kwa Rama, mme Saulo a ya kwa ntlong ya gagwe kwa Gibea wa ga Saulo. 35 Samuele a se ka a tlhola a bona Saulo go fitlha letsatsi la loso lwa gagwe, gonne o ne a hutsafalela Saulo. Mme Modimo Yahweh a hutsafala ka gore o ne a dirile Saulo kgosi ya Iseraele.