Kgaolo 14

1 Letsatsi lengwe, Jonathane morwa Saulo, a raya motsholathebe wa gagwe yo o mmotlana yo a neng a na nae a re, ''Tla, a re ye kwa setlhopheng sa masole a Bafilisitia se se ka kwa ntlheng e nngwe.'' Mme a se ka a bolelela rraagwe. 2 Saulo o ne a nna kwa bofelelong jwa Gibea ka fa tlase ga setlhare sa garenate se se mo Migirone. O ne a na le banna ba ka nna makgolo a marataro, 3 ba akaretsa Ahija morwa Ahitubu(morwarraa Ikabote) morwa Finehase morwa Eli, moperesiti wa Modimo Yahweh kwa Shilo, yo o neng a apara sekhutlana. Batho ba ne ba sa itse gore Jonathane o tsamaile. 4 Mo matlhakoreng a mabedi a phatana e Jonathane a neng a batla go tsamaya ka yone gore a fitlhe kwa setlhopheng sa masole a Bafilisitia, go ne go na le mokgokolosa o o matlapa mo letlhakoreng le lengwe gape go na le mokgokolosa o o matlapa mo letlhakoreng le lengwe. Mokgolosa o o matlapa o mongwe o ne o bidiwa Bosese fa o mongwe o bidiwa Sene. 5 Mokgokolosa o o matlapa o mongwe o ne o le mo bokone o lebaganye le Mikimashe, mme o mongwe o le kwa borwa o lebaganye le Geba. 6 Jonathane a raya motsholathebe wa gagwe yo o mmotlana a re, ''Tla, a re kgabaganyetse ka kwa setlhopheng sa masole a batho ba ba sa rupang ba. Gongwe Modimo Yahweh o ka dira mo boemong jwa rona, gonne ga go na se se thibelang Modimo Yahweh go boloka ka batho ba ba palo ntsi kgotsa ka ba ba palo e potlana.'' 7 Motsholathebe wa gagwe a fetola, ''Dira sengwe le sengwe se se mo pelong ya gago. Tswelela pele, bona, ke na le wena, go utlwa ditaolo tsotlhe tsa gago.'' 8 Foo Jonathane a re, ''Re tla kgabaganyetsa kwa banneng, mme re tla ba ipontsha. 9 Fa ba ka re raya ba re, 'Emang koo, go fitlhelela re tla kwa go lona' - foo re tla ema fela, ga re na go kgabaganyetsa kwa go bone. 10 Mme fa ba fetola ba re, 'Tlang kwano kwa go rona,' foo re tla kgabaganya; gonne Modimo Yahweh o tla bo a ba neetse mo seatleng sa rona. Se e tla nna sesupo mo go rona.'' 11 Jalo bobedi jwa bone jwa itshupetsa setlhopha sa masole a Bafilisitia. Bafilisitia ba re, ''Bonang, Bahebera ba tswa mo mesimeng e ba ntseng ba iphitlhile mo go yone.'' 12 Foo banna ba setlhopha sa masole ba bitsa Jonathane le motsholathebe wa gagwe, ba re, ''Tlang kwa godimo kwa go rona, mme re tla le bontsha sengwe.'' Jonathane a raya motsholathebe wa gagwe a re, ''Ntshale morago, gonne Modimo Yahweh o ba neetse mo seatleng sa Iseraele.'' 13 Jonathane a palama ka matsogo le maoto, mme motsholathebe wa gagwe a tla fa moragoga gagwe. Bafilisitia ba bolawa fa pele ga ga Jonathane, mme motsholathebe wa gagwe a bolaya ba bangwe fa morago ga gagwe. 14 Tlhaselo ya ntlha e Jonathane le motsholathebe wa gagwe ba e dirileng, e ne ya bolaya banna ba le masome a mabedi mo sekgaleng sa sephatlo sa ekere. 15 Go ne ga nna le tlalelo mo kampeng, mo patlelong, le mo gare ga batho. Setlhopha sa masole le batlhasedi le bone ba tlalelwa. Lefatshe la roroma, mme ga nna tlalelo e kgolo. 16 Foo balebeledi ba ga Saulo kwa Gibea wa Benjamene ba leba; segopa sa masole a Bafilisitia se ne se phatlalala, mme ba ne ba ya fa le kwa. 17 Foo Saulo a raya batho ba a neng a na le bone a re, ''Balang le bone gore ke mang yo o seyong gare ga rona.'' Fa ba sena go bala, ba fitlhela Jonathane le motsholathebe wa gagwe ba seyo. 18 Saulo a raya Ahija a re, ''Tsisa letlole la Modimo fa,'' gonne ka nako eo le ne le le mo bathong ba Iseraele. 19 Fa Saulo a santse a bua le moperesiti, pheretlhego e e mo kampeng ya Bafilisitia e ne e tsweletse e bile e oketsega. Foo Saulo a raya moperesiti a re, ''Busetsa seatla sa gago kwa morago.'' 20 Saulo le batho botlhe ba ba neng ba na le ene ba phuthega ba tsena mo ntweng. Tshaka ya Mofilisitia mongwe le mongwe ya bo e le kgatlhanong le bagagabo, mme ga nna le tlhakatlhakano e kgolo. 21 Jaanong Bahebera ba pele ba neng ba na le Bafilisitia, ba ba bileng ba tsena mo kampeng le bone, le bone ba itshwaraganya le Baiseraele ba ba neng ba na le Saulo le Jonathane. 22 Fa banna botlhe ba Iseraele ba ba neng ba iphitlhile mo dithabeng gaufi le Iforeimi ba utlwa gore Bafilisitia ba a tshaba, le bone ba ba alola mo ntweng. 23 Jalo Modimo Yahweh a boloka Iseraele mo letsatsing leo, mme ntwa ya feta fa Bethe Abene. 24 Mo letsatsing leo banna ba Iseraele ba ne ba patikesegile gonne Saulo o ne a tsentse batho ka fa tlase ga maikano mme a rile, ''Go hutsegile monna yo o jang sejo sepe go fitlha maitseboa ke ise ke ipusolosetse mo babeng ba me.'' Jalo ga se ka ga nna ope wa masole yo o tsenyang sejo mo ganong. 25 Foo batho botlhe ba tsena mo sekgweng, mme ga bo go na le tswine fa fatshe. 26 Fa batho ba tsena mo sekgweng, tswine ya elela, mme ga se ka ga nna ope yo o isang seatla sa gagwe kwa ganong gonne batho ba ne ba boifa maikano. 27 Mme Jonathane o ne a sa utlwa gore rraagwe o tlamile batho ka maikano. A otlolola thobane e e neng e le mo seatleng sa gagwe, mme a ina ntlha ya yone mo lemepeng la tswine. A tsholeletsa seatla sa gagwe kwa ganong, mme matlho a gagwe a galalela. 28 Foo mongwe wa batho a araba, ''Rraago o tsentse batho mo maikanong a a tlhwaafetseng ka go re, 'Go hutsegile monna yo o jang dijo letsatsi leno,' le ntswa batho ba le bokoa ka ntata ya tlala.'' 29 Foo Jonathane a re, ''Rre o diretse lefatshe mathata. Bona ka fa matlho a me a phatsimang ka teng ka gore ke utlwile tswine go le go nnye. 30 Go ka bo go nnile botoka thata jang gompieno fa batho ba ka bo ba lesitswe go ja tse ba di gapileng mo babeng ba bone ba ba ba boneng? Gonne polao ga e a nna ntsi thata mo Bafilisitieng.'' 31 Ba tlhasela Bfilisitia letsatsi leo go tswa Mikimashe go ya Aijalone. Batho ba ne ba lapile thata. 32 Batho ba goromela ka bohatlha mo digapiweng mme ba tsaya dinku, dipholo le dinamane, mme ba di bolaela fa fatshe. Batho ba di ja di ntse di tswa madi. 33 Foo ba bolelela Saulo, ''Bona, batho ba leofela Modimo Yahweh ka go ja go ntse go elela madi.'' Saulo a re, ''Le dirile mo go sa ikanyegeng. Jaanong, pitikololelang letlapa le le tona fa go nna fa.'' 34 Saulo a re, ''Tsamaya fa gare ga batho, mme o ba reye o re, 'A monna mongwe le mongwe a tsise pholo ya gagwe le nku ya gagwe, a di bolaele fa, mme a je. Le se ka la leofela Modimo Yahweh ka go ja go elela madi.''' Jalo mongwe le mongwe wa batho a tsisa pholo ya gagwe bosigo joo mme a e bolaela foo. 35 Saulo a agela Modimo Yahweh aletara, e e neng e le aletara ya ntlha a e agela Modimo Yahweh. 36 Foo Saulo a re, ''A re aloleng Bafilisitia mo bosigong mme re ba gapele go fitlha mo mosong; a re se ka ra tlogela ope wa bone a tshela.'' Ba fetola, ''Dira se se lebegang se le molemo mo go wena.'' Mme moperesiti a re, ''A re atameleng Modimo fa.'' 37 Saulo a botsa Modimo, ''A ke alole Bafilisitia? A o tla ba neela mo seatleng sa Iseraele?'' Mme Modimo a se ka a mo araba letsatsi leo. 38 Foo Saulo a re, ''Tlang fa, lotlhe baeteledipele ba batho; ithuteng le bo le bone ka fa boleo jo bo diragetseng ka teng letsatsi leno. 39 Gonne, jaaka Modimo Yahweh a tshela, yo o bolokang Iseraele, le fa bo ka tswa bo le mo go Jonathane morwaake, e le ruri o tla swa.'' Mme ga se ka ga nna ope wa banna ba ba mo gare ga batho yo o neng a mo araba. 40 Foo a raya Iseraele yotlhe a re, ''Le tshwanetse la ema ntlheng e le nngwe, fa nna le morwaake Jonathane re tla ema ntlheng e nngwe.'' Batho ba raya Saulo ba re, ''Dira se se lebegang se le molemo mo go wena.'' 41 Jalo he, Saulo a raya Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, a re, ''Supa thumimi.'' Jonathane le Saulo ba tshwarwa ke khupelekhupele, mme batho ba falola go tlhophiwa. 42 Foo Saulo a re, ''Latlhelang khupelekhupele fa gare ga me le Jonathane morwaake.'' Foo Jonathane a tshwarwa ke khupelekhupele. 43 Foo Saulo a raya Jonathane a re, ''Mpolelele gore o dirile eng.'' Jonathane a mmolelela, ''Ke jele tswine e nnye ka ntlha ya thobane e e neng e le mo seatleng sa me. Ke fano; ke tla swa.'' 44 Saulo a re, ''Modimo a ntire jalo, a ntire go le gontsi, fa o sa swe, Jonathane.'' 45 Foo batho ba raya Saulo ba re, ''A Jonathane yo o tsisitseng phenyo e kgolo mo Iseraele o tshwanetse a swe? A go nne kgakala! Jaaka Modimo Yahweh a tshela, ga go na moriri o mongwe wa gagwe o o tla welang fa fatshe, gonne o berekile le Modimo letsatsi leno.'' Jalo batho ba namola Jonathane gore a se ka a swa. 46 Foo Saulo a emisa go alola Bafilisitia, mme Bafilisitia ba ya kwa ba nnang teng. 47 Fa Saulo a simolola go busa mo Iseraele, o ne a lwa le baba botlhe ba gagwe mo matlhakoreng otlhe. O ne a lwa le Moabe, Baamone, Etome, dikgosi tsa Soba, le Bafilisitia. E ne e re fa a retologa, a bo a ba tlhokofatsa ka kotlhao. 48 O ne a dira ka bopelokgale jo bogolo, mme a fenya Baamaleka. O ne a namola Iseraele mo diatleng tsa ba ba neng ba ba gapela. 49 Barwa Saulo e ne e le Jonathane, Ishibi, le Malekhishua. Maina a barwadie ba babedi e ne e le Merabe, wa ntlha, le Mikale, yo o mmotlana. 50 Leina la mosadi wa ga Saulo e ne e le Ahinoame; o ne a le morwadie Ahimaase. Leina la moetelela sesole sa gagwe e ne e le Abonere morwa Nere, malomaagwe Saulo. 51 Khishi e ne e le rraagwe Saulo; mme Nere, rraagwe Abonere, e ne e le morwa Abiele. 52 Go ne go na le ntwa e e thata kgatlhanong le Bafilisitia mo matsatsing otlhe a ga Saulo. Fa Saulo a ne a bona monna ope wa senatla kgotsa monna ope o o pelokgale, o ne a mo ikatametsa.