Kgaolo 13

1 Saulo o ne a le dingwaga tse 30 fa a simolola go busa; fa a sena go busa Iseraele dingwaga tse 40, 2 a tlhopha banna ba Iseraele ba le dikete tse tharo. Ba le dikete tse pedi ba ne ba na le ene kwa Mikimashe le kwa lefatsheng la dithaba la Bethele, fa ba ba sekete ba le kwa Gibea wa Benjamene ba na le Jonathane. Masole a mangwe a a setseng a a busetsa gae, monna mongwe le mongwe kwa tenteng ya gagwe. 3 Jonathane a fenya setlhopha sa masole a Bafiisitia a a neng a le kwa Geba, mme Bafilisitia a utlwalela se. Foo Saulo a letsa torompeta go ralala lefatshe lotlhe, a re, ''A Bahebera ba utlwe.'' 4 Iseraele yotlhe ya utlwa gore Saulo o fentse setlhopha sa masole sa Bafilisitia, le gore Iseraele o fetogile monko wa sebodu mo Bafilisitieng. Foo masole a bidiwa go tshwaragana le Saulo kwa Giligala. 5 Bafilisitia ba kgobokana go lwa le Iseraele: dikolotsana tsa ntwa di le dikete tse tharo, banna ba le dikete tse thataro go kgweetsa dikolotsana tsa ntwa, le masole a bontsi jo eketeng jwa motlhaba fa letshitshing la lewatle. Ba tla ba kampa kwa Mikimashe, kwa botlhabatsatsi jwa Betheabene. 6 Fa banna ba Iseraele ba bona gore ba mo mathateng - gonne batho ba ne ba patikesegile, batho ba iphitlha mo magageng, mo tshutlheng ya ditlhare, mo matlapeng a magolo, mo dipetseng, le mo mesimeng. 7 Bangwe ba Bahebera ba ne ba kgabaganya Jorotane ba ya kwa lefatsheng la Gate le Gileate. Mme Saulo o ne a ntse a le kwa Giligala, mme batho botlhe ba ne ba mo setse morago ba roroma. 8 A leta matsatsi a supa, nako e e tlhomilweng ke Samuele. Mme Samuele a se ka a tla kwa Giligala, mme batho ba ne ba phatlalalela Saulo. 9 Saulo a re, ''Ntsisetseng moneelo o o fisiwang le meneelo ya kagiso.'' Foo a ntsha moneelo o o fisiwang. 10 Fela fa a sena go fetsa go ntsha moneelo o o fisiwang, Samuele a goroga. Saulo a tswela kwa ntle go mo kopantsha le go mo dumedisa. 11 Foo Samuele a re, ''O dirile eng?'' Saulo a fetola, ''Fa ke bona gore batho ba a ntlogela, le gore ga o a tla ka nako e o e beileng, le gore Bafilisitia ba kgobokane kwa Mikimashe, 12 ke ne ka re, 'Jaanong Bafilisitia ba tla tla kgatlhanong le nna kwa Giligala, mme ga ke a batla botsalano jwa Modimo Yahweh.' Jalo ka ipatika go ntsha moneelo o o fisiwang.'' 13 Foo Samuele a raya Saulo a re, ''O dirile boeleele. Ga o a tshegetsa taelo ya Modimo Yahweh, Modimo wa gago e a e go neileng. Gonne foo Modimo Yahweh o ka bo a tlhomile puso ya gago mo Iseraele ka bosakhutleng. 14 Mme jaanong go busa ga gago ga go na go tswelela. Modimo Yahweh o batlile monna yo o latelang pelo ya gagwe, mme Modimo Yahweh o mo tlhomile go nna kgosana ya batho ba gagwe, gonne ga o a nna kutlo mo go se a se go laotseng.'' 15 Foo Samuele a ema ka dinao a tswa mo Giligala a ya kwa Gibea wa Benjamene. Foo Saulo a bala batho ba ba neng ba na le ene, banna ba ka nna makgolo a marataro. 16 Saulo, morwawe Jonathane, le batho ba ba neng ba na le bone, ba nna mo Geba wa Benjamene. Mme Bafilisitia ba kampa kwa Mikimashe. 17 Batlhasedi ba tswa kwa kampeng ya Bafilisitia ka ditlhopha tse tharo. Setlhopha sengwe sa leba ntlheng ya kwa Ofora, kwa lefatsheng la Shuale. 18 Setlhopha se sengwe sa leba kwa ntlheng ya Bethehorone, mme setlhopha se sengwe sa leba kwa ntlheng ya molelwane o o okameng mokgatsha wa Seboimi go ya kwa sekakeng. 19 Ga se ka ga bonwa mothudi wa tshipi go ralala Iseraele yotlhe, gonne Bafilisitia ba ne ba rile, ''Eseng jalo Bahebera ka tla ba itirela ditshaka le digai.'' 20 Mme banna botlhe ba Iseraele ba kile ba bo ba tlhola ba ya kwa tlase kwa Bafilisitieng, mongwe le mongwe a ya go lootsa dikara tsa mogoma, peke ya gagwe, selepe sa gagwe, le sekele ya gagwe. 21 Tuelo e ne e le bobedi mo borarong jwa shekele fa o lootsa dikara le dipeke, mme e nne bongwe mo borarong jwa shekele fa o lootsa dilepe le go tlhamalatsa tshitswana e e kgotlang dikgomo. 22 Jalo mo letsatsing la ntwa, go ne go sena ditshaka kgotsa digai mo diatleng tsa ope wa masole a a neng a na le Saulo le Jonathane; e ne e le Saulo le morwae Jonathane fela ba ba neng ba na le tsone. 23 Setlhopha sa masole a Bafilisitia sa tswela kwa ntle kwa phataneng ya Mikimashe.