Kgaolo 12

1 Samuele a raya Iseraele yotlhe a re, ''Ke reeditse sengwe le sengwe se le se mpoleletseng, mme ke le tlhometse kgosi. 2 Jaanong, kgosi ke yo o tsamaya fa pele ga lona; mme ke tsofetse ke tlhogo tshweu; mme, barwaake ba na le lona. Ke tsamaile fa pele ga lona go tloga bonaneng jwa me go fitlha gompieno. 3 Ke fano; ntshang bosupi kgatlhanong le nna fa pele ga Modimo Yahweh le fa pele ga motlodiwa wa gagwe. Ke tsere pholo ya ga mang? Ke tsere tonki ya ga mang? Ke tsieditse mang? Ke gateletse mang? Ke tsere pipamolomo mo seatleng sa ga mang go foufatsa matlho a me? Ntshang bosupi kgatlhanong le nna, ke tla buseletsa dilo kwa go lona.'' 4 Ba re, ''Ga o a re tsietsa, ga o a re gatelela, le fa e le go utswa sepe mo seatleng sa motho ope.'' 5 A ba raya a re, ''Modimo Yahweh ke mosupi kgatlhanong le lona, le motlodiwa wa gagwe ke mosupi letsatsi leno, gore ga le a fitlhela sepe mo seatleng sa me.'' Mme ba fetola, ''Modimo Yahweh ke mosupi.'' 6 Samuele a raya batho a re, ''Ke Modimo Yahweh yo o tlhomileng Moshe le Arone, ebile ke ene yo o ntshitseng borraalona kwa lefatsheng la Egepeto. 7 Jaanong, itshupeng, gore ke tle ke le kope fa pele ga Modimo Yahweh mabapi le ditiro tsotlhe tsa tshiamo tsa Modimo Yahweh, tse a di le diretseng le borraalona. 8 Fa Jakobe a tla mo Egepeto, mme borraalona ba lelela kwa go Modimo Yahweh. Modimo Yahweh a romela Moshe le Arone, ba ba neng ba etelela borraalona go tswa mo Egepeto mme ba tla ba nna mo lefelong le. 9 Mme ba ne ba lebala Modimo Yahweh, Modimo wa bone; a ba rekisetsa mo seatleng sa ga Sisera, moetelela sesole sa Hasore, le mo seatleng sa Bafilisitia, le mo seatleng sa kgosi ya Moabe; botlhe ba ba ne ba lwa le borraalona. 10 Ba lelela kwa go Modimo Yahweh ba re, 'Re leofile, gonne re tlogetse Modimo Yahweh mme re diretse boBale le diAshetorethe. Mme jaanong re namole mo seatleng sa baba ba rona, mme re tla go direla.' 11 Jalo Modimo Yahweh a romela Jeru Bale, Betane, Jefotha, le Samuele, mme a le neela phenyo godimo ga baba ba lona ba ba le dikologileng, gore le nne mo pabalesegong. 12 Fa le bona gore Nahashe kgosi ya batho ba Amone o a le tlhasela, le ne la nthaya la re, 'Nnyaa! Boemong jwa moo, kgosi e tshwanetse go re busa' - ntswa Modimo Yahweh, Modimo wa lona, e ne e le kgosi ya lona. 13 Jaanong kgosi yo le mo tlhophileng ke yo, yo le mo kopileng mme Modimo Yahweh a mo le tlhomela go nna kgosi ya lona. 14 Fa le boifa Modimo Yahweh, le mo direla, le utlwa lentswe la gagwe, mme le sa tsuolole taolo ya Modimo Yahweh, foo lona le kgosi e e le busang le tla nna basalamorago ba Modimo Yahweh, Modimo wa lona. 15 Fa le sa utlwe lentswe la Modimo Yahweh, mme le bo le tsuolola ditaelo tsa Modimo Yahweh, foo seatla sa Modimo Yahweh se tla nna kgatlhanong le lona, jaaka se ne se le kgatlhanong le borraalona. 16 Le jaanong itshupeng mme le tle le bone selo se segolo se Modimo Yahweh a tla se dirang fa pele ga matlho a lona. 17 A ga se nako ya thobo ya korong letsatsi leno? Ke tla bitsa Modimo Yahweh, gore a tle a romele tladi le pula. Foo le tla itse le bo le bona gore boikepo jwa lona bo bogolo, jo le bo dirileng mo ponong ya ga Modimo Yahweh, ka go ikopela kgosi.'' 18 Jalo Samuele a bitsa Modimo Yahweh; mme mo letsatsing lone leo Modimo Yahweh a romela tladi le pula. Foo batho botlhe ba boifa Modimo Yahweh le Samuele mo go golo. 19 Foo batho botlhe ba raya Samuele ba re, ''Rapelela batlhanka ba gago Modimo Yahweh, Modimo wa gago, gore re se ka ra swa. Gonne re okeditse mo godimo ga maleo a rona ka bosula jo jwa go ikopela kgosi.'' 20 Samuele a fetola, ''Le se ka la boifa. Le dirile bosula jotlhe jo, mme le se ka la hularela Modimo Yahweh, mme le direle Modimo Yahweh ka pelo ya lona yotlhe. 21 Le se ka la mo hularela la ya le dilo tse di senang mosola tse di ka sekang tsa le busetsa kgotsa tsa le namola, gonne ga di na mosola. 22 Ka ntata ya leina la gagwe le legolo, Modimo Yahweh ga a na go gana batho ba gagwe, gonne go itumedisitse Modimo Yahweh go le dira batho ba e leng ba gagwe. 23 Fa e le nna, a go nne kgakala le nna gore ke leofele Modimo Yahweh ka go emisa go le rapelela. Boemong jwa moo, ke tla le ruta tsela e e molemo e e siameng. 24 Fela boifang Modimo Yahweh le mo direle ka boammaaruri le ka pelo ya lona yotlhe. Akanyang ka dilo tse dikgolo tse a di le diretseng. 25 Mme fa le ka ganelela mo go direng bosula, lona le kgosi ya lona le tla senngwa.''