Kgaolo 11

1 Foo Nahashe wa Moamone a ya a dikaganyetsa Jabeshe Giliate. Banna botlhe ba Jabeshe ba raya Nahashe ba re, ''Dira kgolagano le rona, mme re tla go direla.'' 2 Nahashe wa Moamone a fetola, ''Ka lebaka le ke tla dira tumelano ya kagiso le lona, gore ke gonye matlho a lona otlhe a moja, mme ka go dira jalo ke tlhabise Iseraele otlhe ditlhong.'' 3 Foo bagolwane ba Jabeshe ba mo fetola, ''Re tlogele lebaka la matsatsi a supa, gore re romele barongwa kwa dikgaolong tsotlhe tsa Iseraele. Foo, fa go sena ope yo o ka re bolokang re tla ineela mo go wena.'' 4 Barongwa ba tla kwa Gibea, kwa Saulo a nnang teng, mme ba bolelela batho se se diragetseng. Batho botlhe ba lelela kwa godimo. 5 Jaanong Saulo o ne a setse dipholo morago go tswa mo tshimong. Saulo a re, ''Molato ke eng ka batho fa ba lela jaana?'' Ba bolelela Saulo gore banna ba Jabeshe ba reng. 6 Fa Saulo a utlwa gore ba reng, Mowa wa Modimo wa goromela mo go ene, mme a tenega mo go golo. 7 A tsaya dipholo tse pedi, a di kgaoganya ditokitoki mme a di romela go ralala dikgaolo tsotlhe tsa Iseraele ka barongwa. A re, ''Ope yo o sa tsweleng kwa ntle fa morago ga ga Saulo le fa morago ga ga Samuele, se ke se se tla dirwang ka dipholo tsa gagwe.'' Foo poifo ya Modimo Yahweh ya wela mo bathong, mme ba kgobokana mmogo jaaka motho a le mongwe. 8 Fa a ba kgobokanya mmogo kwa Beseke, batho ba Iseraele ba ne ba le makgolo a mararo a dikete, mme banna ba Juta ba le dikete tse di masome a mararo. 9 Ba raya barongwa ba ba tsileng ba re, ''Le tla raya banna ba Jabeshe Gileate, 'Kamoso ka nako e letsatsi le tla bong le fisa, le tla bo le namotswe.''' Jalo barongwa ba tsamaya ba bolelela banna ba Jabeshe, mme ba itumela. 10 Foo banna ba Jabeshe ba raya Nahashe ba re, ''Kamoso re tla ineeela mo go wena, mme o tla dira se o bonang se le molemo mo go wena.'' 11 Letsatsi le le latelang Saulo a baya batho mo ditlhopheng tse tharo. Ba tla mo gare ga kampa ka nako ya go disa ga mo mosong, mme ba tlhasela ba bo ba fenya Baamone go fitlha motshegare. Ba ba neng ba falola ba ne ba phatlaladitswe, mo go neng go sena ba babedi ba ba neng ba bonwa ba tsamaya mmogo. 12 Foo batho ba raya Samuele ba re, ''Ke bomang ba ba neng ba re, 'A Saulo o ka re busa?' Tsisang banna bao, re tle re ba bolae.'' 13 Mme Saulo a re, ''Ga go ope yo o tshwanetseng go bolawa letsatsi leno, gonne letsatsi leno Modimo Yahweh o namotse Iseraele.'' 14 Foo Samuele a raya batho a re, ''Tlang, a re yeng kwa Giligala mme re shafatse bogosi koo.'' 15 Jalo batho botlhe ba ya kwa Giligala mme ba dira Saulo kgosi fa pele ga Modimo Yahweh kwa Giligala. Koo ba ntsha ditlhabelo tsa meneelo ya kagiso fa pele ga Modimo Yahweh, mme Saulo le banna botlhe ba Iseraele ba itumela mo go golo.