Kgaolo 18

1 Fa a sena go fetsa go bua le Saulo, mowa wa ga Jonathane wa bofagana le mowa wa ga Tafita, mme Jonathane a mo rata jaaka a rata mowa o e leng wa gagwe. 2 Saulo a tsaya Tafita gore a mo mmerekele letsatsi leo; a se ka a mo letla go boela kwa ntlong ya ga rraagwe. 3 Foo Jonathane le Tafita ba dira kgolagano ya botsala gonne Jonathane o ne a rata Tafita jaaka a rata mowa o e leng wa gagwe. 4 Jonathane a apola purapura e a neng a e apere a e neela Tafita le diaparo tsa phemelo, ga mmogo le tshaka ya gagwe, le bora, le lebante. 5 Tafita o ne a ya gongwe le gongwe kwa Saulo a neng a mo roma teng, mme o ne a atlega. Saulo a mo tlhoma godimo ga banna ba ntwa. Se se ne se itumedisa mo matlhong a batho botlhe le mo ponong ya batlhanka ba ga Saulo. 6 Jaaka ba ne ba tla gae go tswa kwa go fenyeng Bafilisitia, basadi ba tla go tswa kwa ditoropokgolong tsotlhe tsa Iseraele, ba opela e bile ba bina, go kopantsha kgosi Saulo, ka meropana, ka boitumelo, le ka diletswa tsa moopelo. 7 Basadi ba opelelana jaaka ba ne ba tshameka; ba opela: ''Saulo o bolaile dikete tsa gagwe, mme Tafita o bolaile masome a dikete a gagwe.'' 8 Saulo o ne a tenegile mo go golo, mme pina e e ne ya se ka ya mo itumedisa. A re, ''Ba neetse Tafita masome a dikete mme nna ba nneetse dikete fela. O ka nna le eng se se fetang se fa e se bogosi?'' 9 Mme Saulo a leba Tafita ka pelaelo go tloga ka letsatsi leo go ya kwa pele. 10 Mo letsatsing le le latelang mowa o o bolayang go tswa kwa Modimong wa goromela mo go Saulo. Mme a bua ga botsenwa mo ntlong. Jalo Tafita a letsa seletswa sa gagwe, jaaka a ne a dira letsatsi lengwe le lengwe. Saulo o ne a na le segai sa gagwe mo seatleng sa gagwe. 11 Saulo a kolopa segai, gonne o ne a akanya, ''Ke tla tlhabela Tafita mo leboteng.'' Mme Tafita a tshaba a tswa mo bolengteng jwa ga Saulo gabedi ka tsela e e ntseng jaana. 12 Saulo o ne a boifa Tafita gonne, Modimo Yahaweh o ne a na le ene, mme o ne a sa tlhole a na le Saulo. 13 Jalo Saulo a mo ntsha mo bolengteng jwa gagwe mme a mo tlhoma go nna molaodi wa ba ba sekete. Ka tsela e Tafita o ne a tswela kwa ntle a bo a boela mo teng fa pele ga batho. 14 Tafita o ne a tswelela pele mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, gonne Modimo Yahweh o ne a na le ene. 15 Fa Saulo a bona gore o ne a atlega, a mmoifa ka tlotlo. 16 Mme Iseraele yotlhe le Juta ba ne ba rata Tafita gonne o ne a tswela kwa ntle a bo a boela mo teng fa pele ga bone. 17 Foo Saulo a raya Tafita a re, ''Morwadiake yo mogolo, Merabe, ke yo. Ke tla mo go neela go nna mosadi wa gago. Fela nna pelokgale ka ntata ya me, mme o lwe dintwa tsa Modimo Yahweh.'' Gonne Saulo o ne a akanya, ''A seatla sa me se se ka sa nna mo go ene, mme a seatla sa Bafilisitia se nne mo go ene.'' 18 Tafita a raya Saulo a re, ''Ke mang, mme ba masika a me ke bomang, kgotsa ba lelwapaa la ga rre ke bomang mo Iseraele, mo ke ka nnang mokgwenyana wa kgosi?'' 19 Mme ka nako e Merabe, morwadia Saulo, a ka bong a neetswe Tafita, a neelwa Atiriele wa Momeholati go nna mosadi wa gagwe. 20 Mme Mikale, morwadie Saulo, o ne a rata Tafita. Ba bolelela Saulo, mme se sa mo itumedisa. 21 Foo Saulo a akanya, ''Ke tla mo mo neela, gore a tle a nne selaga mo go ene, le gore seatla sa Bafilisitia se tle se nne kgatlhanong le ene.'' Jalo Saulo a raya Tafita lekgetho la bobedi, ''O tla nna mokgwenyana wa me.'' 22 Saulo a laola batlhanka ba gagwe, ''Buang le Tafita mo sephiring, mme le re, ''Bona, kgosi o a go itumelela, le batlhanka ba gagwe botlhe ba a go rata. Jaanong, nna mokgwenyana wa kgosi.''' 23 Jalo batlhanka ba ga Saulo ba bua mafoko a le Tafita. Mme Tafita a re, ''A ke selo se se nnye mo go lona go nna mokgwenyana wa kgosi, ke le monna wa mohumanegi, e bile ke sa tlotlege?'' 24 Batlhanka ba ga Saulo ba mmegelela mafoko a Tafita a a buileng. 25 Mme Saulo a re, ''Le tla bua le Tafita jaana, 'Kgosi ga a batle bogadi bope, o batla fela matlalo a bonna jwa Bafilisitia a le lekgolo, e le go busolosediwa ga kgosi mo babeng ba gagwe.''' Jaanong Saulo o ne a akantse go dira gore Tafita a swe ka seatla sa Bafilisitia. 26 Fa batlhanka ba gagwe ba bolelela Tafita mafoko a, go ne ga itumedisa Tafita go nna mokgwenyana wa kgosi. 27 Pele matsatsi ao a fela, Tafita a tswa le banna ba gagwe ba bolaya Bafilisitia ba le makgolo a mabedi. Tafita a tsisa matlalo a bonna jwa bone, mme ba a neela kgosi ka palo ya one e feletse, gore a tle a nne mokgwenyana wa kgosi. Jalo Saulo a mo neela Mikale, morwadie go nna mosadi wa gagwe. 28 Mme Saulo a bona a bo a itse gore Modimo Yahweh o na le Tafita. Mikale, morwadia Saulo, o ne a mo rata. 29 Saulo a boifa Tafita go feta. Saulo a tswelela go nna mmaba wa ga Tafita. 30 Foo magosana a Bafilisitia ba tla go lwa, mme nako le nako fa ba tla, Tafita o ne a atlega go feta batlhanka ba ga Saulo botlhe , mo leina la gagwe le neng la lemogwa thata.